Constitution (Maize)									Setswana
Dimametlelelo tsa molaotheo tse di tshikintsweng
Instructions:
Folio strap: Kgatlhego e e kgethegileng
Byline: Tshedimosetso e tla ka Grain SA
Dimametlelelo tse di akanngwang mo molaotheong (kemedi mo ditlhopheng tsa tiro, Khuduthamaga le Khonkerese ka bantshakuno ba ba tlhabologang) di tlaa tlhagisiwa kwa Khonkereseng ya Mopitlwe, 2011.
Go tlaa atlanegisiwa dimametlelelo tse di latelang mo molaotheong: 
Ditlhophathutano (bantshakuno ba e seng ba bogwebi) di tlaa tlhopha baemedi ba Setlhopha sa Tiro sa Tlhabololo ya Molemirui, mme e seng ka Khonkerese.
250 Ton Club (bantshakuno ba bantsho ba bogwebi) ba tlaa tlhopha baemedi go ya Khonkereseng koo ditokololo tsa bantsho tsa Khuduthamaga di le nne di tlaa supiwang go tswa mo go bona. 
Maitlhomo a go tlhopha ditokololo tsa 250 Ton Club go ya Khonkereseng le go tlhopa ditokololo tsa Khuduthamaga go tswa mo go bona, go tlaa netefatsa gore bantshakuno ba dithoro ba bantsho ba tsenela Khonkerese le go dira mo Khuduthamageng mme e seng batho ba e seng bantshakunothoro ba motheo. Dintlhatlhaolo (qualification) tsa go dira mo Setlhopheng sa Tiro, Khonkerese le Khuduthamaga di tlaa tswelela go nna tsa ntshokuno ya dithoro.
Gore go diragadiwe dikatlanegiso tse di umakilweng fa godimo, go tlaa atlanegisiwa gore molaotheo wa gajaana o mametlelelwe jaana: 
Dimametlelelo tsa molaotheo tse di tshikintsweng 
Go tlhaolegela botokololo – dikatlanegiso tsa ditlaleletso tse dintšhwa mo molaotheong.
Mametlelelo e e tshikinngwang
Ditokololo tsa setlhophathutano 
Go tlaa tlhophiwa baemedi ba le babedi ba setlhophathutano go ya ka kgaolotirelo ya ofisi ya kgaolo mo dipitsong tsa kgaolo tsa ngwaga le ngwaga tse di tshwarwang pele ga Khonkerese, go dira mo setlhopheng sa tiro sa tlhabololo ya balemirui. Pakatiro ya baemedi ba Setlhophathutano mo Setlhopheng sa Tiro ba tlaa tlhopihiwa ngwaga o le mongwe, mme batho ba ba ka tlhopiwa gape go dira mo pakeng e e latelang morago ga paka ya ngwaga.
Tlhamo: Dikgaolo tsa ditlhophathutano
Khuduthamaga e arogantse kgaolo ya ntshothoro mo Repaboleking ka dikgaolo tsa botlhaba le bophirima, ka N1 bokone/borwa go nna molelwane mo gareng ga dikgaolo tse pedi tse, mme se se amogetswe mo Khonkerenseng. Fela fa e le gore karoganyo ya kgaolo e ka mametlelelwa ke Khonkerese gangwe le gape, ka katlanegiso ya Khuduthamaga, e le go netefatsa gore karoganyo ya kgaolo e diragatsa ka fa go ka kgonegang go ya ka go direla dikgatlhego tsa bantshakuno ba dithoro ba ba tlhabologang, bosetšhaba.
Ditlhophathutano di tlhamiwa ka mo gare ga kgaolo ya botlhaba le bophirima jaaka go tlhagisiwa mo athikeleng 7.7. Setlhophathutano sengwe le sengwe se se jalo se na le bonnye ditokololo di le lesome (10) tsa Setlhophathutano, tse di ntshang dithoro mo kgaolong e e amegang. Tokololo ya Setlhophathutano e tlaa nna tokololo ya setlhophathutano se le sosi fela.
Tlhamo ya Khonkerese 
Go ya ka Athikele 25.3 mabapi le baemedi go tswa bantshakunong ba dithoro ba bantsho ba bogwebi go ya Khonkereseng, go tlaa abiwa kemedi ya batho ba le masometharopedi (32). Baemedi ba ga ba ne ba tsewa go ya ka ntshokuno tsa bona. 250 Ton Club e tlaa tlhopha ngwaga le ngwaga baemedi ba le masometharopedi (32) go ya Khonkereseng, mo kopanong ya ngwaga le ngwaga pele ga Khonkerese. Baemedi ba le lesomethataro (16) ba tlaa tlhopiwa go tswa kgaolong ya tirelo ya botlhaba le baemedi ba le lesomethataro (16) go tswa kgaolong ya tirelo ya bophirima (jaaka go umakiwa mo athikeleng 7.7). Baemedi ba ba supilweng go ya Khonkereseng ba tshwanetse go kgotsofatsa dintlhatlhaolo tsa botokololo jaaka go totobadiwa mo athikeleng 5.1.4.
2. Tlhamo ya Khuduthamaga
Athikele 11.3 Baemedi ba le bane (4) bao mongwe le mongwe a emelang dikgatlhego tsa bantshakunothoro ba bogwebi ba bantsho le ditlhophathutano mo dikgaolong tsa tirelo tsa botlhaba le bophirima (jaaka go umakiwa mo athikeleng ya 7.7). Ditokololo di le pedi (2) tsa botlhaba le ditokololo di le pedi (2) tsa kgaolo ya tirelo ya bophirima di tlaa supiwa mo Khonkereseng ke baemedi ba dikgaolotirelo tse di amegang tse mme ke bona ba tlaa tlhophiwang ka tsela ya boutu le balote. Tokololo e le nngwe (1) ya kgaolotirelo ya botlhaba le tokololo e le nngwe (1) ya kgaolo ya bophirima e tlaa tlhopiwa ngwaga le ngwaga. Ditokololo tse nne (4) tse tsa Khuduthamaga, di tlaa dira mo setlhopheng sa tiro sa tlhabololo ya balemirui jaaka ex officio.
 Dintlhatlhaolo tsa ditokololo tsa Khuduthamaga
13.3 Mo lobakeng lwa ditokololo tse di umakilweng mo athikele 11.2 le 11.3 go ya ka maipolelo a a kwadilweng a tsona, di tlaa amogela karolo e tona ya lotseno lwa temothuo lwa tsona go tswa mo ntshokunong le thekisong ya dithoro. 
Ela tlhoko: Ka jalo go atlanegisiwa gore tlhokego e e mo 13.3, e tlaa ama bantshakuno ba bogwebi le bantshakuno ba bogwebi ba bantsho mo Khuduthamageng boobedi ka go tshwana. Dipeelo tsa dintlhatlhaolo tsa ditokololo tsa Khuduthamaga tse di setseng di tlaa tlogelwa di ntse jalo.
6. Katoloso ya botokololo jwa ditlhopha 
5.1.4 Ditokololo tsa 250 Ton Club (bantshakuno ba bogwebi ba bantsho)
Ditokololo tsa 250 Ton Club tse di: 
5.1.4.1 Ntshang dithoro go rekisa;
5.1.4.2 Duelang tuelo ya botokololo e e totobaditsweng le lekgetho la thoto go Grain SA; le 
5.1.4.3 Tlatsang maikaelelo a Grain SA, di tlaa tlhaolegela botokololo jwa Grain SA.
Botokololo bo tlaa bonwa ka tsela e e tlhalositsweng mo Melawaneng. Baemedi ba 250 Ton Club kwa Khonkereseng ba tlaa nna le tshwanelo ya go bouta.
5.2 Tokololo e e umakilweng mo athikele 5.1.1, 5.1.2, 5.1.3 le 5.1.4, e tlaa nna le botokololo jwa Grain SA mo botokololong jwa setlhopha se le sengwe fela jaaka go umakiwa mo athikele 5.1.
