Conservation (Maize)									Setswana
Tshomarelo ya mmu wa rona – re ka dira eng?
Instructions:
Folio strap: Tshomarelo ya mmu
Byline: Jenny Mathews, modulasetilo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA
Kgogolego ya mmu wa temothuo o o botlhokwa thata mo Aforikaborwa e ka rwesiwa botlhokakitso jwa batho le tiriso e e botlhaswa ya lefatshe. Go botlhokwa thata gore bantshakuno ba ithute go le gogolo ka kgogolego le taolo ya morwalela le go amogela maikarabelo a go ineela mo tirisong ya mekgwatiriso ya tshomarelo e e tlaa sireletsang lefatshe.
“Fa losika lwa motho lo ka se ke lwa tlhama le go pateletsa ditsela tsa go dira ka lefatshe, tse di ka bolokang motswedi o wa botshelo, re tlaa tlhoka go bonela pele – le e bile, e bonala e le kgakala thata , fela e bonala sentle, nako eo losika lwa rona, lo lo tlaa bong lo sentse boswa jo botona, lo tla nyelelang mo lefatsheng ka ntlha ya tshenyego e lo tlaa bong lo e fitlheletse,” go rialo moporofesara NS Shaler wa Harward Yunibesithi, 1896.
Mafoko ao a kwadilwe ka 1896; gompieno ga re ka ke ra tlhola re ganela bothata jo. Dalai Lama o lemoga le go amogela kgogolego ya mmu jaaka tlalelo e e tshosang fela e e sa ntseng e tla re nanabelela ka setu.
“Matshosetsi a ditlhabano tsa ntwa mmogo le kgono ya motho go nyeletsa tikologo di boifisa e le ruri. Fela gape go sa ntse go na le diphetogo tse dingwe tse di sa lemogesegeng. Ke gopola fela ka go felelela ga metswedi ya rona ya tlhago, mme bogolo segolo ya kgogolego ya mmu mme e bile tsona di kotsi go feta, ka gore fa re setse re utlwa manokonoko a ditlamorago tsa teng go tlaa bo go setse go le thari.” (Tsebe ya Bukana ya ga Dalai Lama ya Kagiso ya ka fa teng: 2002, Element Books, London.)
Tshomarelo ya mmu
Kgogolego ya mmu ke tirego ya tlholego, fela bothata ke gore gantsi ditiro tsa setho di bebofatsa go senyega ka lebelo go gaisa ka moo go neng go tlaa diragala ka tlholego. Fa mmu o gogolega go tswa tshimong nngwe le nngwe kgotsa mo polaseng, o tsamaya ka dikotla, menontsha, dibolayasenyi le dibodi tsa botlhokwa. Ga go ka moo bantshakuno ba ka kgonang go letla e ka nna tatlhegelo ya seikonomi kgotsa dikutlwalo tse di maswe tsa tikologo tsa go letla mmu go gogolega kgotsa go fokiwa ke phefo.
Dithuto di supa gore tatlhegelo ya mmu ka ngwaga mo Aforikaborwa e tsamaela ditono di le dimilione tse 300 - 400, e e balelang go ka nna ditono tse tharo ka heketara. Boleng jwa dikotla le menontsha tsa mmu tse di gogolelwang kwa lewatleng ke dinoka tsa Aforikaborwa ka ngwaga bo lekana le dimilione tsa diranta tse di se nang selekanyo. Go ya ka tono nngwe le nngwe e e ntshiwang ya temothuo jaaka mmidi, korong, mabele le sukiri, Aforikaborwa o latlhegelwa ke palogare ya ditono tse 20 tsa mmu. Mokgatlho wa Dijo le Temothuo wa USA, o fopholetsa gore tatlhegelo ya lefatshe ka bophara ya lefatshe la ntshokuno, e e tlang ka kgogolego le diheketara di le dimilione tse tlhano go ya supa ngwaga le ngwaga. (Enviro Facts, Yunibesithi ya Kapabophirima).
Tshomarelo ya metsi 
Aforikaborwa ke naga ya sekakgwatata. Metsi a phepa (foreše) ke motswedithuso wa tlhago o o tlhaelang thata. Go nna teng ga metsi jaanong jaana le mo isagweng go ikaegile thata ka tlelaemete, tiriso le tsamaiso ya metsi e le kuno e e tlhaelang setlhogo, go botlhokwa thata gore bantshakuno ba dirise mekgwatiriso e e gaisang go a somarela ka fa go ka kgonegang ka teng. Pula e e bokete mo mokgokoloseng ofe kana ofe e baka mangope (manga a a boteng mo boalogodimong jwa lefatshe la polase) a o le ona a bakang kgogolego ya mmu le kelelo tse di boitshegang.
Temo ya dikonturu
Temo ya dikonturu e dirwa ka kakaretso mo masimong a a mo mokgokoloseng moo go jalwang dijwalo ngwaga le ngwaga. Ke mokgwa oo montshakuno a dirang mekoto le diforo ka nako ya tshugommu le jalo, go fetola tshelokelelo ya merwalela gore e kgokologe ka tlhamalalo le mokgokolosa mme ka fa go kgonegang ka teng go leka go kgabaganya mokgokolosa. Mekgwatiriso ya go lema ka dikonturu e thibela merwalela ya metsi e e bogale gonne diforo tsotlhe di tlaa tsamaya go kgabaganya mokgokolosa mme diforo di tlaa bo di gogoropega go tsamaya le lefatshe. Mela ya dikonturu e thusa go laola le go nyafatsa lebelo la metsi morago ga pula mme mmu o newa tšhono ya go monyela tlamelo ya metsi e e botlhokwa.
Se, ke thulaganyo ya tsamaiso ya tshomarelo e e tshwanetseng go:
Go fokotsa kgogolego ya bophadiphadi le melatswana
Go fokotsa selekanyo sa mmugodimo se se gogolelwang le merwalela; le 
Go oketsa nwelelo ya metsi.
Ditshenyegelo
Mekgwatiriso ya tshomarelo menngwe e ja madi a mantsi fela thobo e e oketsegileng, ka ntlha ya tiriso ya dikonturu tse di somarelang mmugodimo o o botlhokwa le metsi, e tlaa solegelwa go fokotsa ditatlhegelo tsa pakakhutshwane e ka nna bonnye mo dingwageng tse pedi kgotsa tse tharo. Dithuto di supile gore tirisodikonturu e ka oketsa thobo tharo. Dithuto di supile gore tirisodikonturu e ka oketsa thobo ka 5 - 10% mme ditshenyegelo tsa lookwane le metšhine di a fokotsega, fa go tshwantshanngwa le masimo a a lemiwang go tlhatloga le go fologa le mokgokolosa.
Dikonturu le go-sa-lemeng
Mekwatiriso ya temo ya dinkonturu e rotloediwa ke baitseanape ba tshomarelo yam mu jaaka mongwe wa mekgwa ya go rarabolola bothata jo bo golang jwa kgogolego. Bogolo jwa mmu o o latlhegileng bo ikaegile ka lenaeno la tshugommu la la latelwang ke montshakuno. Dipholo tse di gaisang di fitlheletswe foo go dirisitsweng mekgwa ya go sa lemeng gotlhelele mme ebile go lekantswe tatlhegelo ya mmu e e nnye thata le diphesente tse di kwa tlase tsa merwalela ya metsi. Ka tsela ya go sa lemeng mmu ga o tshwenngwe mme peo ya sejwalo se sentšhwa e jwalwa mo kobelong le diriteng tse di tlogetsweng ke dijalo tsa pele.
Go itlhalosa sengtle gore mekgwa e e dirisitsweng e tshwanetse ya bo e tlhametse go tshwanela sentle tshimo e e rileng mo polaseng nngwe le nngwe mme leano la tshomarelo le tshwanetse le dumelane le maitlhomo a montshakuno ka sebele. Mekgwatiriso ya tshomarelo jaka go lema ka dikonturu e letla tloso e e babalesegileng ya lefetiso la metsi a a welang mo tshimong kgotsa e tlhagisa tshireletso kgatlhanong le diphefo tse di ka senyang. Fela le gale, leano la tshomarelo le le siameng le tshwanetse gape le tsenyeletse tiriso e e botlhale ya menontsha (e ka nna ya bogwebi kgotsa motshetelo wa lesaka), tshwaro e e tlhokomelesegileng ya dibolayasenyi, tokafatso ya bonno jwa diphologolo tse di tlhaga jwa tlhago le tlamelesego ya ditsopotla. Tshomarelo e tlaa sireletsa tshimo le go tokafatsa motheo wa ntshokuno wa bona. Gape e oketsa boleng jwa lefatshe.
Thulaganyo ya dikonturu 
Go totobetse gore go batlega selekany sengwe sa boitseanape tota le bokgoni jwa boenjenere jwa temothuo mo thulaganyong le tlhomong ya motheo ya dokonturu. Dintlha te di farologaneng di le mmalwa di tlaa tlhotlheletsa thulaganyo e:
Methale ya boalogodimo;
Boleele jwa mekgokolosa;
Go na ga pula le nwelelelo;
Methale ya mmu;
Sesireletso sa mmugodimo le gas a lekalekaneng ga lefatshe;
Bophara jo bo tlhokelwang konturu le sekgala magareng ga dikonturu; le 
Gore ke eng se se tlaa dirang molelwane magareng ga dikonturu, sekao, mebotwana, diforo kgotsa motšhetšhedima wa mafulo a bojang.
Re tlhoka go golagana le dithulaganyo tsa kemonokeng tsa rona go tswa mmusong, Lefapha la Temothuo le balemisi ba ba tlhokang go thusa bantshakuno ka kitso le bokgoni ka tlhokomelo ya lefatshe.
Tshomarelo le pabalelo 
Jaaka bantshakuno re tshwanetse go amogela seabe sa rona jaaka babaledi ba lefatshe le metswedithuso ya botlhokwa ya naga ya rona. Re tlhoka go akanya gore re tsaya eng mo mmung le tshwaetso e se se nang le yona mo metswedithusong ya tlhago. Mongwe wa bantshakuno ba ba kwa godimo ba rona go tswa kgaolong ya Rustenburg, Karabo Pele o tsibogetse tshwaelo e e dirilweng ka go nna Lesego la gagwe go kgona go ntsha thobo ya sonobolomo e e kwa godimo kwa ntle ga ditsenngwateng tsa menontsha mo mmung wa seloko se sentsho o o humileng o o fitlhetsweng foo. “Fa o ntsha sengwe mo mmung ngwaga le ngwaga, go sa kgathalege gore se siame go le kana kang mme fa o sa busetse sepe teng, o a se kgaritlha mme e ka nna wena kgotsa kokomana ya isagwe o tlaa lemoga gore lefatshe ga le tlhole le kgona go naya se le kileng la bo le se naya.”
Bokhutlo 
Masimo a jalodijalo a a seemo se se kwa godimo a latlhegelwa ke mmugodimo o o botlhokwa mme dipoelokgonego go tswa masimo a o di wela tlase mme lwa bofelo montshakuno o kgaratlhela go bona poelo e e siameng go tswa masimong ao. Kgogolego le tatlhegelo ya mononommu di tlhola loso lwa mmu! Ga se tlholego mme ke Motho yo o dirang sekaka. Tshomarelo ya mmu le metswedithuso ya metsi ya rona e masisi thata mo kgonong ya seikonomi ya rona le phalolo ya batho!
