Congress (Maize)									Setswana
Go tlaa tshwarwa dikhonkeresepotlana di le dintsinyana monongwaga
Instructions:
Folio strap: Khonkerese
Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Bantshakuno la Grain SA
Ngwaga mongwe le mongwe Grain SA e tshwara Khonkerese ya ngwaga le ngwaga ka Mopitlwe kwa Bothaville. Monongwaga matlha a Khonkerese e tlaa nna 9 le 10 Mopitlwe, 2011.
Go ipaakanyetsa Khonkerese, re tlaa tshwara dikhonkeresepotlana di le supa tsa ditokololo tsa ditlhophathutano tsa Grain SA – ditokololo tsa bagwebi tsa Grain SA di tshwarelwa dipitso tsa kgaolo. Mo nakong e e fetileng re ne ra tshwarela bantshakuno ba ba tlhabologang dipitso di ka nna nne fela, fela re lemogile gore ka dinako dingwe go bokete mo bantshakunong go tsamaya dikgala tse ditelele go ya dipitsong.
Jaaka tokololo e e tletseng ya Grain SA, o lalediwa ke gona go tsena pitso e e mo kgaolong ya gaeno, e e rulagantsweng ke mogokaganyi wa porofense yo o direlang setlhophathutano sa gago.
Dipitso di rulagantswe jaana (lefelo le tlaa itsisiwe moragonyana)
Table 1:
Porofense 
Lefelo
Letlha 
Kapabotlhaba – Ian Househam
Kokstad
1 Tlhakole 2011
Kapabotlhaba – Lawrence Luthango
Mthatha
2 Tlhakole 2011
Foreisetata – Johan Kriel
Senekal
11 Tlhakole 2011
Gauteng/Mpumalanga – Daan Bosman 
Bronkhorstspruit
16 Tlhakole 2011
Bokonebophirima – Tonie Loots
Zeerust
24 Tlhakole 2011
Kwazulu - Natala – Jurie Mentz
Vryheid
24 Tlhakole 2011
Re dira boikuelo gore lo tsenele dipitso tse mme lo akanye ka dipotso tse di latelang: 
Mokgatlho wa thoto wa gago wa Grain SA, o tshwanetse o bo o go direlang jaaka montshakuno?
A Grain SA e iketleeleditse isagwe?
Kwa Khonkeresepotlaneng bantshakuno ba baakanyediwa Khonkerese mme ditokololo tsa ditlhophathutano di newa tšhono ya go tlhopha baemedi go ya Khonkereseng. Mo nakong e e fetileng re lekile go aroganya ditokololo tsa ditlhophathutano ka Bokone, Borwa, Botlhaba le Bophirima fela se se ntse kgwetlho e tona ka melelwane e sa tlhapa. Go nolofatsa dilo, re sweditse go tshwara pitso mo kgaolong ya mogokaganyi wa porofense mongwe le mongwe. Go tlaa dumelelwa baemedi ba le 32 kwa Khonkereseng (go ya ka molaotheo wa Grain SA), go tsenela Khonkerese kwa Bothaville ka 9 le 10 Mopitlwe, 2011. Go tswa mo baemeding ba ba 32 ba Khonkerese, baemedi ba le bane (4) ba ka tlhophiwa go nna mo Komiting ya Khuduthamaga ya Grain SA. Mo kgannyaneng e e mo tsebeng ya botlhano, o tlaa buisa ka dimametlelelo tse di tshikintsweng tsa molaotheo.
Maitemogelo a a re lemositse gore ga se ka dinako tsotlhe gore bao ba tlhophilweng go nna mo khuduthamageng ya botsamaisi ke bantshakuno ba mmatota, e bile ga ba kgone go dira ditshwaelo tse di batlegang mo dipitsong. Re solofela fa bantshakuno ba tla mametlelela molaotheo jaaka go tshikintswe, gore go netefadiwe fa bantshakuno ba ba tlhabologang ba tlhopha baemedi ba ba tshwanetseng go dira mo Komiting ya Khuduthamaga. Ditokololo tse tsa komiti di tshwanetse tsa bo di tlhaloganya lephata la dithoro la bogwebi gore di kgone go tshwaela mo dipuisanong le ditlhamo tsa pholisi.
