Congress (Maize)									Setswana
Ditshwenyego tse di tlhagisitsweng kwa Khonkereseng 
Folio strap: Khonkerese 
Byline: Ilana Koegelenberg, motshwaedi wa Grain SA 
Rre Jan Botha go tswa Thaba’Patchoa o tlhagisitse ditshwenyego di le mmalwa mo boemong jwa bantshakuno ba ba tlhabologang ka nako ya Khonkerese ya Grain SA ya ngwaga le ngwaga ka 9 Mopitlwe 2011. O ne a tlhomile mogopolo thata mo dikgwetlhong tse di lebaneng bantshakuno ba ba tlhabologang le go palelwa ga puso ke go ba thusa. 
“Jaaka bantshakuno ba bantsho re lebane le dikgwetlho tse di tshwanang le tsa bantshakuno ba bagwebi mme go le gantsi dikgwetlho tse di re betsa segampana gonne re se na dipolokelo (reserves)” go rialo Jan, pele a tswelela go fa dikao tsa mathata a ba kopaneng nao le ka moo puso o ba phuagantseng ka teng.
Tshwenyego ya ntlha e a e tlhagisitseng ke selekanyo se se kwa tlase sa pH. O ne a supa ka moo Lefapha la Temothuo, Dikgwa le Thuotlhapi mo Foreisetata le solofeditseng bantshakuno ba bona llaeme ka teng. Mebepe ya GP e ne ya dirwa, dikaommu tsa tsewa, dikatlanegiso tsa dirwa, methamo ya llaeme ya tlhomamisiwa e bile le madi a le teng mo tekanyetsokabong. Tsotlhe tse di ne di setse di dirilwe ka Motsheganong 2010, fela le gajaana llaeme ga ise e tshelwe mo masimong. “Se se amile dijalo tsa selemo ngogola mme se sa ntse gape se tlaa ama dijalo tsa korong monongwaga”, go rialo Jan. 
Tshwenyego ya gagwe ya bobedi e ntse seemo se se bokoa sa metšhine le diterekere. O buile ka moo Grain SA e dirileng tshekatsheko e e tseneletseng ya diterekere le metšhine ya bantshakuno ba le 42 mo Foreisetata le go kopa LTDT go thusa bantshakuno ka R2,5 milione ka teng go di baakanya. Se se ne se setse se dirilwe ka 12 Mopitlwe, 2010 fela le go fitlha gajaana ga go nko e tswang lamina.
Tshwenyego e e latelang ya gagwe e ntse dikonturu le mesele ya metsi e e senyegileng. “Lefapha la LTDT le na le lenaneo la Tshomarelo ya Lefatshe le le dirang tiro e e manontlhotlho, fela tekanyetsokabo e nnye thata mme lefatshe lona le gogolega ka bonako jo bo sitisang go itepatepanya le yona”. 
O ne a ama gape maemo a a maswe a ditsela mo nageng ya rona le ka moo a amang ikonomi bosula ka teng pele a fetela kwa bothateng jwa phulophetiso. “Phulophetiso e tshwanetse go laolwa ke LTDT ka lenaneo le le kileng la bo le itsege ka “tshireletso ya boalommu” go tshikintse Jan jalo.
Go palelwa ga bommasepala go laola mafatshe a merafe le gona go tlhageletse mo lenaneong la gagwe gammogo le mathata a go bona dikadimo tsa ntshokuno. Jan o tlhalositse gore ke fela 25% ya masimo a bantshakuno ba bantsho e e neng e jetswe ngogola gonne bantshakuno ba sa kgona go fitlhelela dikadimo tsa ntshokuno. Dipoelo di dinnye thata go ka kgontsha go bona kadimo. Grain SA e diretse bantshakuno ba le 152 ditogamaano tsa kgwebo mo lenaneong la yona ba ba neng ba batla go jala dijalo tsa selemo. Bantshakuno ba ne ba tlhoka dikabo tsa nakwana gore seno se kgonege fela puso ga e a ka ya tsaya tshwetso ka ntlha e. “Diheketara di le 27 000 tsa masimo di ka bo di jetswe ke bantshakuno ba bantsho – puso ga e a tsaya matsapa ape, fela ya re e tshwenyegile ka tshireletsego ya dijo”. 
Jan gape o tlhagisitse tshwenyego ya gore balemisi ga ba kgone go thusa bantshakuno. “Ga ba na maitemogelo a temothuo a tiragatso ape fela e bile le mo dipolaseng ga ba tle.”
Sekao sa bofelo sa go palelwa ga puso go rarabolola ditshwenyego tsa balemirui ba ba tlhabologang e ntse ntlha ya Lefapha la Merero ya mafatshe ya go abela batho ba e seng bantshakuno lefatshe, “Bantshakuno ba ba nonofileng ba tsweletse go kgaratlha ka go tlhoka lefatshe le e leng ba bona, fa lefatshe le newa ba bangwe ba ba sa kgoneng go le dirisa.”
Rre Jan Botha o digetse puo ya gagwe ka go ikuela mo go Modulasetilo wa Khonkerese go fetisetsa molaetsa wa bona kwa maemong a a kwa godimodimo a puso. “Ba paledisa bantshakuno ba bantsho go tswelela, mme ga re kitla re fetola lephata le kwa ntle ga gore ba simolole go direla batho” a digela jalo.
