Competition (Maize) 									Setswana 

		

Kgaisano ya montshakuno wa ngwaga e sa ntse e tswelela sentle 



Instructions: 

Folio strap: Montshakuno wa ngwaga 

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA 



Mo dingwageng tse, ka bomadimabe temothuo e ntse se se sa rategeng mo bašweng ba Aforikaborwa jaaka tlhopho ya boitshediso. Go sa ntse gape go na le kgopolo e e reng ga go na bantshakuno ba bagwebi ba bantsho ba ba dirang sentle. Ka kgaisano e, re bontsha batho gore go na le bantshakuno ba bantsho ba ba atlegileng, le gore batho ba ba dirang ka natla ba ka atlega.



Tiragalo ya mabono e kwa go yona go begilweng Montshakuno wa Ngwaga e diragetse mo pakeng ya pego e, le mororo bafitlhamakgaolakgannye ba tlhaotswe mo pakeng e e fetileng. Borre Samuel Moloi go tswa Fouriesburg, Isak Khuto go tswa Ficksburg le Labious Manoto go tswa Mooifontein e ntse bona bafitlhamakgaolakgannye ba bararo. Mofenyi yo o matshwanedi e ntse rre Labious Manoto go tswa Mooifontein yo o ntseng a le tokololo ya lenaneotlhabololo le mo dingwageng tse dintsi. (Tota ke tokololo ya 1 000 Ton ya 250 Ton Club mme o alogile go tswa mo lenaneong le la rona). Monongwaga, fela jaaka mo dingwageng tse di fetileng, re tsweletse ka kgaisano. Go ntse le batlhophiwa ba Montshakuno yo o Tlhabologang wa Ngwaga ba le supa. Borre Phillip Xaba go tswa Bothaville, Lungile Malo, go tswa Delareyville, Simon Mazwi, go tswa Makouspan, Shimi Mokoka, go tswa Vanderbijlpark, mme Nolundi Msengana, go tswa Vanderbijlpark, Borre William Matasane go tswa Senekal le Samuel Moloi go tswa Fouriesburg.



Ditokololo tsa setlhophatlhatlhobo se se atlhotseng bafitlhelelamakgaolakgang mo go Seetibosigo monongwaga e ne e le Borre Karabo Peele, go tswa Maize Trust, Andre Smit, go tswa Land Bank, Dirk van Rensburg, (tokololo e e rotseng tiro ya Komitikhuduthamaga ya Grain SA), Jabulani Zitha le Mme Jenny Mathews (ditokololo tsa Komitikhuduthamaga ya Grain SA le setlhophatiro mo Tlhabololong ya Balemirui), le ditokololo tse tharo tsa badiri go tswa lenaneong (Jane McPherson, Willie Kotze le Danie van den Berg). Bontlhopheng go tswa Foreisetata ba ne ba kgatlhisa thata, mme bafitlhamakgaolakgang ba bararo ba tswa Foreisetata. Ke lwa ntlha mo hisetoring ya tiragalo e go se na mofitlhamakgaolakgang go tswa Bokonebophirima. Jaaka go begilwe mo kgatisong ya Sedimonthole ya Pula/Imvula, mofenyi wa Montshakuno yo o Tlhabologang wa Ngwaga wa Grain SA wa 2009 ke Samuel Moloi go tswa Fouriesburg.



Monongwaga re tshwere lwa ntlha kgaisano ya montshakunopotlana wa Ngwaga – se e le kwa Mpumalanga le Kapabotlhaba. Go ne go na le bontlhopheng ba le batlhano go tswa kgaolong e nngwe le e nngwe mme kgaisano e e atlhotswe mo bekeng e le nngwe jaaka e nngwe. Go lobaka re lemogile gore re tshwanetse go atswa bantshakuno ba ba dirang sentle le mororo ba lema lefatshe le lennye thata. Re solofela go rotloetsa batho ba bantsi go simolola ka go le gonnye mo lefatsheng lefe fela le ba ka le fitlhelelang, ba lootse bokgoni jwa bona, mme ba nne mo seemong sa go oketsa bogolo jwa tiro ya bona.

. 



