Commercial 2 (Maize)							Tswana



Ke bagwebi go ya ka kemo efe kana efe!



Instructions: 

Folio Strap : lenaneotlhabololo la balemirui

Byline: Jane McPherson, Motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA

Photos : Bogwebi 055

Caption: Kopana le dialogane tsa rona tsa bantshadikuno ba bagwebi:

Nico Vermaak (Grain SA) Dr Kobus Laubscher, (Grain SA), Moss Malo, Lepati Macaphasa, Jenny Matthews (Modulasetilo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui: Setlhopha sa Tiro)

Exploding Qoute: “Ga go ope wa rona yo o itseng bokamoso… Selo sa botlhokwa ke go dirisa gompieno ka botlhale le thokgamo, le go kampana le kamoso ka matlhagatlhaga le boitumelo le ka netefaletso ya gore re tlaa mekamekana sentle le se bo tlang ka sona”. Pollock



Ka 25 Lwetse, 2008, kwa moletlong o o neng o tswaretswe kwa NAMPO Park, gaufi le Bothaville, Lenaneotlhabololo la Balemirui la rona le ketikile phitlhelelokgolo ya lona – bantshadikuno ba le 9, ba alogile go tswa mo lenaneong le la rona.



Go ya ka tlwaelo ya Aforikaborwa, re na ka tlhago le bantshadikuno ba bagwebi ba “basweu” mme bantshadikuno ba bantsho bona ba itsege jaaka bantshadikuno ba ba tlhogang, ba ba jelang ganong, ba babotlana kgotsa ba ba tlhabologang. Re bone gore jaanong ke nako ya go tlotlomatsa bantshadikuno bao ba ba fetogileng go nna bantshadikuno ba bagwebi ba ba feleletseng le mororo ba kopane le mathata a mantsi mo tseleng ya bona.



Ga twe: “mathata ke ona a tlhaolang banna mo basimaneng”, mme bantshadikuno ba re ba tlotlomaditseng ka 25 Lwetse, 2008 ba tota ba re bontshitse gore ke banna tia. Ga reng ga a mangwe ba kopane le mathata a a latelang: 



Dipoelo tse di kwa tlase tsa ntshodikunothoro.

Mabaka a a amanang le lefatshe.

Dithulaganyo tsa thuolefatshe tse di farologaneng kwa ntle ga tshireletsego.

Kabosešwa le ditopo tsa poelo lefatshe.

Thulaganyo ya thuolefatshe ya mafatshe a semorafe ka diketsaetsego le mathata a yona mo bantshadikunong ba bagwebi.

Kemo e e bokoa ya mmu mabapi le ditlhokego tsa fosefeite le llaeme.

Ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa metšhine le tlamelo ya yona.

Thulaganyo ya mebaraka e e marara le e e bokete e e gololesegileng ya thekiso.

Tlhaelo ya go fitlhelela matlole le tseisomolato ya ntshodikuno.

Tlhaelo ya tshedimosetso, kitso le kemonokeng e e lekaneng.



Bantshadikuno ba, ba tlaa go bolelela gore ga ba a tsamaya tsela e ba le bosi – ba thusitswe le go engwa nokeng ke bannaleseabe ba ba farologaneng mo mhameng wa temothuo:



Badiredi ba Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA;

Dibanka; le

Dikgwebo tsa temothuo – bogolo MGK, NWK, VKB le OVK.

Fa re re bantshadikuno ba ba fitlheletse kemo ya “Montshadikuno wa Mogwebi” tota ra reng? Ba kgonne eng totatota? Tse di latelang:



Thuolefatshe ya lefatshe e e tswelelang.

Tirisolefatshe e e tswelelang. 

Diterekere, didiriso, ditlamelo le metšhine. 

Mebaraka. 

Dikadimo le matlole. 

Tsamaiso ya polase le kgwebo ka kakaretso.



Re rolela balemirui ba bagwebi ba ba latelang kola ya tshephe:



Karabo Peele, Thando Lolwane, Paul Morule, Job Metswamere, Labious Manoto, Boy Mokoena, Lepati Macaphasa, Basie Ntsimane le Moss Malo. Ba fitlheletse se ka neo, go dira ka natla, kitso, boineelo le boitlamo – ga go tlhabanyediwe, mme fa o batla go fitlhelela se ba setseng ba se dirile,”le ka motlhaope, se itlhoboge”!





