Chemicals			 						Tswana



Akanya pele o tshela dikhemikale



Instructions:

Folio strap: Taolo ya khemikale

Byline: Corné Louw, Raikonomi wa Temothuo: Ntshodikuno/Ditsenngwateng, Grain SA.



Dikhemikale tsa temothuo di ka senya dijalo tsa gago, go na le go di sireletsa, fa di sa tshelwe go ya ka dikatlanegiso tse di rebotsweng le ka tlhokomelo e e tlhokegang. Ka go latela dikgopolotheo tsa motheo fa o reka le go tshela dikhemikale, montshadikuno o ka thibela tshenyo e e boitshegang mo dijalong tsa gagwe.



Fa o tshela dikhemikale tlhokomela tse di latelang:

A sediriso sa temothuo se kwadiseditswe sejalo se se kgethegileng (mo Aforikaborwa) le go bolaya mofero, boswa kgotsa leroborobo le le rileng?

A selekanyo se se atlanegisitsweng sa khemikale se tshetswe jaaka go rebotswe?

A maemo a loapi ka nako ya, le morago ga tshelo a dumelana le maemo a a rebotsweng?

A maemo a loapi ka nako ya, le morago ga tshelo a dumelana le maemo a a rebotsweng?

A nako ya tshelo e tshwanelana le e e rebotsweng, sekao phakela thata kgotsa thapama thata?

A maemo a tshimo mo dijalo di lemilweng a mo ditlhokegong tse di beilweng, sekao, bongola jwa mmu le mofuta wa mmu?

A dikgatotaolo kgatlhanong le tlhaselo di diragaditswe ka kgato ya kgolo jaaka di rebolwa ke dikaelo tsa tiriso?

Ditlamorago – a sediriso sa temothuo se ka nna le kotsi mo thulaganyong ya thefosanyo – ka mafoko a mangwe, mo dijalong tse di latelang?

A sediriso sa temothuo se ka tswakanngwa le didiriso tse dingwe – sekao, sebolayatlhatshana se se kgethegileng le dibolayatlhatshana tse dingwe le/kgotsa dibolayasenyi le dibolayaboswa tse dingwe?



Go fokotsa mathata go ya pele a a amanang le tshelo ya dikhemikale, ba Grain SA ba atlanegisa gore bantshadikuno ba netefatsa gore fa ba reka dikhemikale ba tsaya tsia tse di latelang:

Moemedi o tshwanetse go netefatsa gore setlamo se a se emetseng ke tokololo ya CropLife SA;

Setlamo se se phasalatsang se tshwanetse sa bo se le tokololo ya ACDASA;

Moemedi o tshwanetse go tlhomamisa gore o nonofile (gore o weditse ka katlego tlhatlhobo ya AVCASA); le

Dikatlanegiso di tshwanetse gore di bo di kwadilwe le go kanwa ke moemedi.



Bantshadikuno ba tshwanetse go tsaya tsia gore phokelelo e ka diragala ka nako ya tshelo ya dikhemikale, bogolosegolo ka kgatsho ya mo moweng, le go leka go fokotsa seno. Tshenyo e e boitshegang e ka tlhagelela fa dikhemikale di ka wela mo masimong a a mabapi a na le dijalo tse di masisi.



Tshireletsego ya dijo e botlhokwatlhokwa thata. Ka go tshela dikhemikale ka nepo le go tshola direketo tsa ditshelo tse, bantshadikuno ba setse ba falotse ditlhokego tsa tshireletso ya dijo tse di maswe thata.

