Chemical (Maize)										Setswana 



Taolo ya sekhemikale ya mefero le disenyi 



Instructions:

Folio strap: Taolo ya mefero le disenyi

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa Kaeding ya Grain SA: Ntshodikuno le thekiso ya mmidi e e tsweletseng



Dibolayatlhatshana ke didiriswa tse di mosola mo mananeotsamaisong a mofero a mantsi. Di tshwanetse go dirisiwa go tlaleletsa mekgwa kgotsa didiriswa tse dingwe tse di leng teng.



Didiriswa tse dingwe tse di akaretsa mekgwatiriso ya setso e e siameng, jaaka nontsho e e maleba le go tshela llaeme go naya dijalo maragogo, thefosanyodijalo le tshugommu e e matshwanedi, tse di leng botlhokwa mo lenaneotsamaisong la mofero le le feleletseng, gammogo le tlhagolo ka metšhine. Se se latelang ke ditlhaloso tsa mareo a o tlaa kopanang le ona fa o dira ka dikhemikale:



Go sale gale pele ga jalo (Early pre-plant) 

Sebolayatlhatshana se tshelwa mo mmung morago ga tshugo ya semotšhine fela go sa le nako pele sejalo se jalwa. Gale se tlhakanngwa le dinoko di le mmalwa tse di fa godimo tsa mmu, go dirisiwa didiriso tsa tlhakanyo tse di farologaneng.



Tlhakanyo ya pele ga jalo (Pre-plant incorporated) 

Sebolayatlhatshana se tshelwa mo mmung morago ga tshugo ya semotšhine le paakanyo ya boalopeo fela pele go jalwa mme se tlhakanngwe le dinoko di le mmalwa tse di fa godimo tsa mmu go dirisiwa didiriso tsa tlhakanyo tse di farologaneng.



Pele ga tlhogo(Pre-emergence) 

Sebolayatlhatshana se tshelwa morago ga dijalo di se na go jalwa fela pele di tlhagelela fa godimo ga mmu. Bongola jwa mmu, pula e e botlhošwana kgotsa tshugokakadio di ka tlhokega go fitlhelela taolomofero e e siameng ka dibolayatlhatshana tsa pele ga tlhogo tse dintsi.



Morago ga tlhogo (Post-emergence) 

Sebolayatlhatshana se tshelwa mo matlhareng a mofero morago ga tlhogo ya dijalo.



Sekolobetsi (Surfactant)

Se ke setlhotlheletsi se se matlhagatlhaga sa boalogodimo se se fokotsang kgwatalalo ya boalogodimo, ka go dira jalo se letlelele tshilo le kgaso e e matshwanatshwana thata ya motswako wa sebolayatlhatshana ka go lekalekana mo matlhareng a dimela kgotsa mo mmung. Mareo a mantsi a supa ditiro tsa boalogodimo tse di kgethegileng jaaka “adjuvant”, setlhwekisi, setswako, segasi, sekgomaretsi le setlhotlheletsi sa kolobetso.



Bontsi jwa dibolayatlhatshana tse di atlanegisitsweng tse di dirisiwang mo temothuong, di a tlhopha. Ka kelo ya tshelo e e atlanegisitsweng, go tlaa laola ka go tlhopha kgotsa go utlwisa mofero botlhoko, fela ga di ne di utlwisa dijalo tse mefero e tlhogileng mo gare ga tsona botlhoko, go le kalo. Ka go dirisa dibolayatlhatshana tse di tlhophang thata, o tshwanetse go latela kelotshelo e e atlanegisitsweng ka kelotlhoko ka gore dikelo tse di kwa godimo di ka utlwisa botlhoko thata kgotsa tsa bolaya dijalo. O tshwanetse go amogela maikarabelo fa o ka dirisa sebolayatlhatshana ka mokgwa o o farologaneng le o o kailweng mo setshwaokaelong se se mo sekupung mme o latele ditaelo.



Nepo e e tlhokegang mo tshelong ya sebolayatlhatshana e kgolo go gaisa ya mo ditirong tse dingwe tse dintsi tsa mo polaseng. Dintlha di le tharo di laola kelo ya tshelo: kgatelelo, bogolo jwa nosele le lebelo.



Dikelotiriso tse di atlanegisitsweng tsa sebolayatlhatshana gantsi di farologana go ya ka phopholego ya mmu (magelejwa, bogareng le boleta) le diteng tsa dibodi. Dikelo tsa sebolayatlhatshana tse di kwa tlase gantsi di dirisiwa mo mmung o o magelejwa o o nang le dibodi tse di kwa tlase, fa e le gore dikelo tse di kwa godimo di dirisiwa mo mmung o o boleta wa dibodi tse di kwa godimo. Lebelela setshwaokaelo go bona kelo e e maleba ya sebolayatlhatshana sa mebu ya gago.





Tlhagelelo ya mefero ya Kemelano le sebolayatlhatshana

Dipalopalo tsa mefero e e emelanang le dibolayatlhatshana di ka tlhagelela ka ntlha ya poeletso ya tiriso ya sebolayatlhatshana sa mekgwatiriso e tshwanang. Thefosanyodijalo, thefosanyo ya dibolayatlhatshana kgotsa dibolayatlhatshana tse di tswakanyediwang mo tankeng ka mekgwatiragatso e e farologaneng, di ka thusa go fokotsa ikago ya mefero e e emelanang le dibolayatlhatshana.



Go tlhokega gore go nne lobakanyana pula e sa ne go latela tshelo ya dibolayatlhatshana tsa morago ga jalo. A go nne mo tlhaloganyong ya gago gore go kgonege morago ga kgatsho ya sebolayatlhatshana sengwe le sengwe gore go tlhokega paka e e rileng pula e sa ne. Fa pula e ka na mo pakeng e, go ka nna botoka go boeletsa kgatsho go netefatsa tiragatso e e nonofileng ya khemikale mo bothateng jwa mofero jo bo kobilweng. Dikao ke tse: 2,4 – D amine, diura tse 6-8; 2,4 – D ester, diura tse 1-2; Atrazine, diura tse 4; Basagran, diura tse 8.



Paka e e masisi ya taolomofero

Paka e e masisi ya taolomofero ke kakanyo ya botlhokwa ya thulaganyo ya tsamaiso e e gokaganeng ya Mofero. Paka e e tlhaloswa jaaka pakasebakeng mo modikotshelong wa sejalo, mo se tshwanetseng go tsholwa se se na mofero go thibela tatlhegelo ya thobo.



Kakanyotheo e thusa mo go tlhomeng nako e e nonofileng thata ya ditshelo tsa dibolayatlhatshana tsa morago ga tlhogo tse di sa saleleng, mme e fokotsa mokgwatiriso wa setlha se seleele sa masaledi a dibolayatlhatshana le ditshelo tse di sa tlhokegeng tse di thari tsa dibolayatlhatshana. Dipaka tse di masisi di tlhalosiwa go tsamaelana le kgatokgolo ya sejalo go ikarabela mo dipharologanong tsa mmu, maemo a loapi le setlha. Paka e e masisi e thaetswe mo tatlhegelong ya thobo ya bokwatlase jwa 5% ka ntlha ya mathata a mofero. Sejalo se tshwanela gore se se ka sa nna le mofero mo nakong ya dikgato tse go thibela tatlhegelo ya thobo ya go feta 5%. Fa mefero e ne e laotswe mo nakong ya paka e e masisi, mefero e e tlaa tlhogang morago ga e kitla e ama thobo.



Paka e e masisi e ka farologana go ya ka maemo a loapi le kgolo. Dipatlisiso dingwe ka mmidi le dinawa tsa soya di supile gore paka e e masisi e ka farologana go ya ka mofuta wa mmu le thulaganyo ya tshugommu le koo bokhutlo jwa paka e e masisi bo ka atolosiwang go nna moragonyana mo mebung ya mmopa kgotsa fa go dirisiwa thulaganyo ya tshugommu ya go-sa-lemeng.



Mmidi

Paka e e masisi e simologa go tswa kgatong ya matlhare 3 - 8 (Kgatokgolo ya matlhare 4 -10 fa nko ya lefetlho e bonalang mo kutung, kgotsa V2-V6 ya dikgato tsa botshelosemela). Taolomofero e e gaisang e tshwanetse go tswelediwa mo pakeng e e masisi e. Mmidi o o neng o tlhagoletswe mofero malatsi a a ka nnang 34 morago ga jalo kgotsa go fitlha kgatong ya matlhare a 6 - 8 (8 - 10 ya dintlhana tsa matlhare) o ntse le tatlhegelo ya thobo ya 0-5% mo maemong a kgatelelo e e bokete ya mofero.



Dipakatseno tsa seikonomi

Dipakatseno tsa seikonomi tsa mofero di thusa go tlhomamisa gore a tlhaselo le tshwenyo ya mofero di lekane go tlhoka gore di dirwe dikgato tsa taolo, ke go re fa e le gore tatlhegelo ya thobo e e efogiwang e feta ditshenyegelo tsa taolomofero. Nako e ka yona mefero e tlhogang go tsamaelana le dijalo ke yona ntlhakgolo e e supang tatlhegelo ya thobo. Mefero e e tlhogang go sale gale ka nako e le nngwe le dijalo e tlhola tatlhegelo ya thobo e kgolo go na le mefero e e tlhogang morago fa dijalo di setse di tlhomame. Sekao, dithuto tsa pakatseno ya seikonomi tse di dirilweng ka kgelegetlwa, “ragweed” le “barnyard-grass” di fitlheletse gore nako ya tlhogo ya mofero go tsamaelana le kgato ya dijalo, e botlhokwa thata go gaisa tlhaselo ya mofero, fa go lekanyediwa diitlhophelo tsa taolomofero. Tatlhegelo ya thobo ya dijalo e ikaegile ka nako e e tsamaelanang ya tlhogo ya matlhogelanyana a mofero. Fopholetsa methamo ya tatlhegelo ya thobo e e amanang le mefero mengwe e e tlhogang mo mmiding le dinaweng tsa soya.



Phesente ya tatlhegelo ya thobo mo mmiding ka ntlha ya dipalopalo tse itsegeng tsa mefero ya matlharephaphathi ya sengwaga e e tlhogileng ka nako e le nngwe le dijalo le go tlogelwa e sa laolwa. (Patlisiso ya kwa Amerika, fela e ka dirisiwa mo Aforikaborwa jaaka tshupo ya kgonego ya ditatlhegelo. Tlhaola mefero ya matlharephaphathi ya sengwaga mo polaseng ya gago go tswa mo lenaneong la mefero e e tlwaelegileng mo Aforikaborwa).

