Challenges (Maize) 									Setswana 

		

Dikgwetlho tse bantshakuno ba ba tlhabologang ba kopanang natso



Instructions: 

Folio strap: Tlhabololo ya balemirui 

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Temothuo ka gale e raya go dira ka natla. Go buiwa ka bantshakuno gore ga ba tshabe go dira ka natla. Malatsing ano le gale, temothoro e tlhoka go gogolo go feta go dira ka natla fela.



Re lemogile dintlha dingwe tse di dirang gore tswelelopele ya tlhabololo e nyafale. Di eme jaana:



Go tlhoka poelo ga ntshokunothoro

Fa o simolola sengwe se sešwa go na le paka e mo go yona o sa diragatseng ka botlalo – go fela jalo ka bantshakuno. Diphoso di tlaa nna teng. Gajaana ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa ditsenngwateng, di pataganngwa le ditlhotlhwa tse di kwa tlase tse di bonwang mo dithorong, ga go tlhokege phoso le e nnye tota. Bantshakuno fa e le tota ba atlega, ba dira poelo e nnye thata ka jalo ga ba kgone go beeletsa mo diterekereng le didirisong. Ba tswelela go dira ka madi a a adimilweng. Se, se borai le go tura thata. Go bona kadimo, bantshakuno ba tshwanetse go tsaya inšorense ya kakaretsomathata e e etegetsang phokotsego ya dipoelo.



Tlhaelo ya kitso, bokgoni le maitemogelo

Temothuo ke lephata le le anameng thata mme o tlhoka go tlhaloganya mabaka a a farologaneng a mantsi. Kitso ya dikwalo e le esi ga e a lekana – bantshakuno ba ithuta mo maitemogelong a dingwagangwaga. Mo ntlheng ya Aforikaborwa, bantshakuno ba ba tlhabologang ke bosetlabošweng thata mo motshamekong o, mme melawana ya motshameko o, e matswakabele – tiragatso e e maatlametlo e tlhoka go kwena go go boitshegang. Ka molapoelo o o mo kgatelelong e e boitshegang, ga go batlege le e seng phosonyana. O bona jang maitemogelo, le gona ke mang a tlaa go “atlarelang” fa o wa?



Tlhaelo ya tseisomolato ya ntshokuno

Bantshakuno ba ba tlhabologang ba iphitlhela ba le mo mathateng a a oketsegang a go fitlhelela dikadimo tsa ntshokuno. Se ke ditlamorago tsa dintlha tse pedi tse di setseng di umakilwe, molapoelo o monnye mme mathata ona a a boitshega. Go tshwanetse go tlhaloganngwe gore batlamelakamatlole ga ba batle go latlhegelwa ke madi – ba tlhoka go beeletsa madi a badirelwa sentle ka botlhale. Ka nako e, re ikaegile thata ka Land Bank go bona tseisomolato ya ntshokuno – ke thomotaelo ya bona go adima bantshakuno ba ba tlhabologang madi. Le fa go ntse jalo, Land Bank e tlhoka go fokotsa mathata a yona – ke sona se go nang le semphato se se siameng magareng ga Land Bank le lenaneo la rona.



Tlhaelo ya diterekere le didiriso

Dingwaga tse dintsi tsa dipoelo tse dinnye, di tlhodile go wela tlase ga maemo a segopa sa diterekere le didiriso – o tlhoka go dira madi gore o kgone go beeletsa mo tirisometšhineng. 



Dikgoreletsi tsa lefatshe le phitlhelelo ya lefatshe

Go na le bantshakuno ba ba nang le lefatshe la ntshokuno ya dijalo le mo go lona gompieno go jala dijalo mo go lona go se nang poelo (ka ntlha ya ditshenyegelo tsa ditsenngwateng/tlhotlhwa ya kuno/kgonontsho ya lefatshe). Go na le bangwe ba ba nang le lefatshe le le siameng le le ka se thekelediweng (agelelweng) ka jalo le sa kgone go lengwa ka katlego. Go na le bangwe ba ba tlhokang dilekanyo tse di boitshegang tsa llaeme le fosefeite go baakanya mmu. Go na le bantshakuno bangwe ba ba kgonang le ba ba sa kgoneng go fitlhelela lefatshe ka ba Merero ya Lefatshe (kganetsanyo e e tlaa tshwarwang ka nako nngwe). Go na le metswako e le mmalwa ya mathata a a amanang le lefatshe – a otlhe a ona a thatafatsang tlhabololo ya montshakuno go sekae.



Go ya ka dikgoreletsi tse di fa godimo, ke gona re sekasekang tlhabololo ya montshakuno go ya ka diporojeke le mananeo a a farologaneng. Re direla bantshakuno ka ditsela tse di latelang:



Ka kamano e e tlhamaletseng ya sebele – ditlhophathutano, ditekotshupetso, malatsi a bantshakuno, kgaisano ya montshakuno wa ngwaga le lenaneo la montshakuno le le tsweleletseng;

Dikhosokatiso;

Bobegakgang jwa dikuranta; le

Radio.



