Challenges (Maize)									Setswana 
Dikgwetlho tsa matlole tsa tsamaiso ya polase
Folio strap: Tsamaiso 
Byline: Tshedimosetso e rulagantswe go tswa Kaeding yaTsamaiso ya Polase ka Poelo ka Marius Greyling
Gore o bone poelo kgwebo ya temothuo e tshwanetse pele fela e tlamele ka dikuno tse badirisi ba di tlhokang. Morago ga moo go tsweletsa dipoelo tse di itshegeleditseng tsamaiso ya kgwebo ya temothuo e tlhoka go tswelela go tokafala mo tsamaong ya nako. 
Ditlhoko tsa batho 
Go tswa mo tlholegong ya motho, motho o ne a ntse a tlhoka sengwe gore a tshele. Dijo ka gale e ntse tlhoko ya motheo, mmogo le diaparo le bonno (ntlo). Kwa tshimologong motho o ne a tlamela ditlhoko tsa gagwe ka go tsoma, go roba dijalo go tswa dimeleng tsa naga, go itirela diaparo le go bona bonno mo dikgageng. 
Fa motho a ntse a tswelela pele ditlhoko le tsona di ne tsa tswelela pele go fitlhelela selekanyo se se kwa godimo sa ditlhoko tsa segompieno. Gape motho gajaana o tsweletse go tswa mo go direleng go iphepa fela go ya mo go rekeng ditlhoko tse dintsi tsa gagwe. Fa go buiwa ka kakaretso, mo lefatsheng le le tlhabologileng la segompieno, dikgwebo di tloga di tlamela ka sengwe le sengwe sa ditlhoko tsa motho ka kamanyo ya madi. 
Ka jalo, gompieno re tlhoka madi go a ananya ka ditlhoko tsotlhe tsa rona. Jaaka batho re ka bona madi fela ka go bereka go bona lotseno. O ka nna wa ipereka kgotsa wa berekela motho yo mongwe. Fa o tlhophile tsela ya go ipereka, jaaka mo go tsamaiseng kgwebo ya temothuo, kgwebo e tshwanetse go atlega sematlole. Mo temothuong ya motheo go kgonega fela fa kgwebo ya gago e tlamela ka dikuno tse batho ba di tlhokang gore mong a kgone go nna le lotseno. 
Ke fela fa kgwebo e dira poelo mong/beng ba ka boneng lotseno (tuelo). Fa go na le tatlhegelo, mong ga a ka ke a nna le lotseno. 
Lotseno le tshenyegelo 
“Ditlhoko” tse di tlamelwang ke kgwebo di “rekisediwa” badirisi. Madi a a amogelwang boemong jwa ditlhoko ke lotseno lwa kgwebo. 
Mo tiregong ya go ntsha kgotsa go romela ditlhoko, kgwebo e dira ditshenyegelo dingwe. Ditshenyegelo di arogantswe ka ditlhopha tse di farologaneng:
Ditshenyegelo tsa ntshokuno – peo, monontsha, furu, dibolayasenyi, melemo, thobo le thekiso.
Ditshenyegelo tse di sa tlhamalalang – dituediso tsa banka, ditshenyegelo tsa mo ofising, ditshenyegelo tsa palotlotlo le sepalamo.
Ditshenyegelo tse di tsepameng – dilaesense tsa dikoloi, dituelo tsa badiri ba leruri, ditshenyegelo tsa kwelotlase le inšorense.
Ditshenyegelo tsa lobaka losele – merokotso mo dikadimong, meputso ya motsamaisi le rente ya khiro ya lefatshe.
Ditshenyegelo gotlhe jaanong e nna palogotlhe ya ditshenyegelo tse. 
Poelo/Tatlhegelo 
Poelo e lekana le gore lotseno lo feta palogotlhe ya ditshenyegelo.
LOTSENO - DITSHENYEGELO = POELO/TATLHEGELO (L - D = P/T)
Kgotsa mo mabakeng a temothuo:
LOTSENO (BOLENG JWA PALOGOTLHE YA NTSHOKUNO) – DITSHENYEGELO TSA NTSHOKUNO = PALOGOTLHE YA MADI A A FETILENG – DITSHENYEGELO TSA TLHAMALALO & DITSHENYEGELO TSE DI TSEPAMENG = LOTSENO LWA POLASE LO LO SEATLENG – DITSHENYEGELO TSA LOBAKA LOSELE = POELO YA POLASE 
Banewatlhotlhwa le kgwetlho 
Mo tiregong ya ntshokuno ya poraemari bantshakuno ke banewatlhotlhwa mo mabakeng ka bobedi a lotseno (tlhotlhwa) le ditshenyegelo. Lotseno le ditshenyegelo tsoopedi di oketsega le nako, fela le gale mo dikemong tse di farologaneng. Go boammaaruri jaaka J. Willemse a bega mo Landbouweekblad ya 26 Mopitlwe 2010, gore mo 2009, fa go lejwa palogotlhe ya madirelo a temothuo, lotseno lo oketsegile ka 2,6% mo ngwageng oo, fa ditshenyegelo tsona di oketsegile ka 8%. Diphesentheiji tse di farologana go ya ka ngwaga le ngwaga fela di tlhola se se bidiwang tamoso ya tlhotlhwatshenyegelo (cost-price squeeze). Fa e lejwa mo dingwageng tamoso ya tlhotlhwatshenyegelo e ka tshwantshiwa jaaka go supiwa mo Setshwantsho 1 (Motswedi wa lenaneo: Willemse J. 2010 Resesie sweepslag knyp Landbou, Landbouweekblad: 26 Mopitlwe 2010). 
Setshwantsho 1: Poelo, Tatlhegelo le ntlha ya “breakdown”
 0+											 Ditshenyegelo
									 Tatlhegelo
								 			Lotseno
R								 
 	Poelo 
Ntlha ya breakeven
 0 
Dingwaga (Nako)
Fa mokgwa o dilo di dirwang ka ona mo polaseng o ka se fetoge mo dingwageng, phatlha e e fa gare ga lotseno le ditshenyegelo e tlaa tswalega mme jaanong go nne bokete le go feta go dira poelo. Go ya ka molebo wa sematlole, go tlaa tlhokega ka jalo gore tsamaiso ya kgwebo ya temothuo e tshwanetse ya tswelela go tokafala go kgona go tshegetsa katlego ya sematlole.
Se se ka dirwa ka kelotlhoko e e masisi le e e tswelelang go tokafatsa tsamaiso ya dikgaolo tsotlhe bongwe ka bongwe tsa tsamaiso ya kgwebo ya temothuo. Maikaelelo e tshwanetse go nna go tshegetsa lotseno le le kwa godimo ga ditshenyegelo mo nakong yotlhe, jaaka go supiwa mo setshwantshi 2:
Setshwantsho 2: Kgwetlho
 0+ 
											 Lotseno 
R								 
 Poelo 	Ditshenyegelo
 0 
 Dingwaga (Nako)
Ga se tiro e e bonolo mo motsamaising wa polase fa o tsaya tsia ditlha tse di seng mo taolong ya gagwe, tse di tlhotlheletsang kgwebo ya gagwe. Ka jalo se ke kgwetlho e e boitshegang mo go mong/motsamaisi wa kgwebo ya temothuo. Mo tiragatsong motho o tshwanetse ka gale go tsaya tsia tshwaetso ya matlole mabapi le lotseno le ditshenyegelo mo go sengwe le sengwe se se dirilweng kgotsa se sa dirwang go ya ka mabaka a kgwebo ya rona. 
Bokhutlo 
Kwa bokhutlong gore kgwebo ya temothuo e dire poelo e tshwanetse sa ntlha e tlamele ka dikuno tse badirisi ba di tlhokang. Morago ga moo, go tshegetsa dipoelo tse di itshegeleditseng, tsamaiso ya kgwebo ya temothuo e tlhoka go tswelela e tokafala mo tsamaong ya nako.
