Celebrate (Maize 									Setswana 

Ketekomeletlo ya 250 Ton Club



Instructions: 

Folio strap: Lenaneotlhabololo la Balemirui 

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA

Photos: 67,71,80,83,87, if there is space 27,32,35,37

Captions:

Photo 027.jpg

Batataisi Eduard Foord le Fanie Pienaar ba ne ba tseelwa tsia tshwaelo e ba e dirileng.

Photo 032.jpg

Balemisi ba ba latelang ba ne ba tseelwa tsia tshwaelo e ba e dirileng: 

SM Mpahleni, M Sobuza, M.S Nyoni (e amogetswe ke Solomon Mabila) le Lucas Nhlane.

Photo 035.jpg

Batlamela ka ditsenngwateng ba ba latelang ba ne ba tseelwa tsia tshwaelo ya bona: 

Mola o o kwa morago: Luvo Qongqo, Jan du Preez, Div Bosman, Victor Thabethe, Charles Matlou,

Lawrence Watch le Jarius Metswamere.

Mola o o fa pele: Dudu Mashile, Muzi Hlongwane le Salome Modise.

Photo 037.jpg

Bakatisi ba na le seabe sa botlhokwa thata mo tlhabololong ya Bantshadikuno ba ba Tlhabologang. Bakatisi ba ba ne ba tseelwa tsia tshwaelo e ba e dirileng:

Danie van den Berg (Moitseanape: Field Services) le Israel Mokoto go tswa Wolmaranstad. 

Photo 067.jpg

Bafitlhelelamakgaolakgang ba Balemipotlana ba ngwaga ba Mpumalanga ke ba ba latelang:

N.R. Mhlanga, E.R. Serahe, F.J. Mhlanga (mofenyi), M.G. Nkosi, Jerry Mthombothi (mogokaganyi 

wa porofense) le A.P. Masina.

Photo 071.jpg

Bafitlhelelamakgaolakgang ba Balemipotlana ba ngwaga ba Kapabotlhaba ke ba ba latelang: 

Nothando Mzini, S.H. Walaza, Simphiwe Elliot Shabhu (mofenyi), Ntombizanele Mtshulana,

le Themba Mkiva.

Photo 080.jpg

Bantshadikuno ba bagwebi le ditokololo tse di latelang tsa 250 Ton Club ba abetswe betšhe ya boronse: 

I. Abdool, P. Nolundi Msengana le S. Jonas Mokoka.

Mme S. Motswenyane, J. Mokoto, R.E. Pholo le George Letlojane ba ne ba se teng.

Photo 083.jpg

Go latela bantshadikuno ba bagwebi le ditokololo tsa 500 Ton Club ba ba abetsweng betšhe ya selefera Mola o o kwa morago: 

J. Metswamere, R.M. Ramoholi, William Matasane le Malefane Makubo.

Mola o o fa pele: Philip Xaba le Mme Mponeng Lentoro.

Ba ba seyong: M.A. Bantseke le M.J. Komako.

Photo 087.jpg 

Bantshadikuno ba bagwebi le ditokololo tsa 1000 Ton Club ba ba abetsweng betšhe ya gouta ke:

Karabo Peele le Moss Malo mme 

Thando Lolwane o ne a seyo.



Ka 29 Lwetse, 2009, Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA le ne le tshwere letsatsi la ketekomeletlo – ketekomeletlo ya 250 Ton Club.



Maikaelelotheo a Lenaneotlhabololo la Balemirui ke go tlhagisa Bantshadikuno ba bagwebi ba Bantsho ba ba nonotshitsweng mme ketekomoletlo mo ntlolehalahaleng ya Fanie Ferriera kwa Nampo e ne e le go tsaya tsia bantshadikuno ba ba ka tlhagisiwang mo madirelong a temothuo ka bophara jaaka bantshadikuno ba bantsho ba bagwebi – bao ba ba ntshang go feta ditono tse 250 tsa dithoro.

Tsela ya go fitlhelela temothoro ya bogwebi ga e bonolo jalo mme e bile ga go tlhabanyediwe. Temo e tletse kgwetlho mme le dielo tsa poelo di dinnye. Bantshadikuno ba ba ntse ba engwe nokeng ke Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA, gammogo le bannaleseabe ba bangwe ba bantsi mo madirelong jaaka dibanka, dikgwebotemo, ditlamo tse di tlamelang ka ditsenngwateng, balemisi go tswa Mafapheng a Temothuo a a farologaneng le bantshadikuno ba bangwe ba bagwebi.

Ngogola re tlhomile 250 Ton Club go amogela katlego ya bao ba setseng ba ntsha ditono tse 250 tsa dithoro ka ngwaga mme e bile ba le gaufi thata go bidiwa “bantshadikuno ba bagwebi”. Bontsi jwa bantshadikuno ba bo tlaa nna fela karolo ya lenaneo la rona ngwaga kgotsa tse pedi mme tswelelopele ya bona e tlhoka go tsewa tsia.

Ditokololo tsa 250 Ton Club di ntse di oketsega ka bonya. Re na le ditokololo tsa 1000 Ton di le supa, ditokololo tsa 500 Ton di le lesometharo le ditokololo tsa 250 Ton di le masomepedinngwe. Monongwaga bantshadikuno ba bašwa ba le robedi ba ntse ditokololo tsa tlelapa e.

Kwa moletlong wa monongwaga, re tsenyeleditse legoro le lengwe – Molemipotlana wa ngwaga. Kwa Mpumalanga le Kapabotlhaba, go na le bantshadikuno ba bantsi bao ba nang fela le masimo a heketara e le nngwe kgotsa tse pedi mo lefatsheng la morafe. Bantshadikuno ba ba na le seabe sa botlhokwa thata mo tshireletsegong ya dijo mo dikgaolomagaeng. Jaaka karolo ya lenaneotlhabololo, re katisa le go ema nokeng bantshadikunopotlana ba go tokafatsa matswakabele a ntshodikuno a bona. Re sweditse go tlhoma kgaisano ya bantshadikuno ba ka maikaelelo a go tsaya bonontlhotlho tsia mo legorong le. Monongwaga bafenyi e nnile Rre F.J Mhlanga wa Mpumalanga le Rre S.E Shabhu wa Kapabotlhaba. Le mororo bantshadikuno ba ba sa leme dikaboabo tsa lefatshe, ba dirisa ka botlalo lefatshenyana le ba nang nalo le go dira tshwaelo e e mosola mo merafeng ya selegae ya bona.

