CALIBRATION (MAIZE)  							SETSWANA 



O KHALIBOREITA POLANTERE JANG?



Instructions:

 Folio Strap:  Tirisometšhine 

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa Khosong ya Bokonteraka jwa Temothuo



Go tshwanetse go tsewe dikgato tse di latelang go khaliboreita polantere.



Tlhaola dikarolo tsotlhe tse di nyalanngwang tsa polantere tse di dirisiwang go khaliboreita (diseporokete, dikere le dipolata).

Tlhomamisa se polantere e se ntshang mabapi le peo le monontsha go ya ka ditshêtêlô tsa gajaana.

Lekanyetsa sekgala magareng ga diyunite tsa polantere gore o tle o itse gore bopharamola ke bokae – se se tlaa kgontsha go balela palo ya mela ka heketara (Sekao, fa sebaka sa mela e le 0,9 m, go na le 100 m mo bophareng jwa heketara e le nngwe. 100 m/0,9 m= mela e 111 ka heketara).

Tshwaya sekgala sa 10 m.

Netefatsa gore go na le peo le monontsha mo dikgamelong tsa polantere (netefatsa gore bogolo jwa peo e o e dirisetsang khaliboreišene ke bogolo jo bo nepagetseng jwa dipolata tse o di tlhopileng – ke fela peo e le nngwe e e tshwanetseng go tswa ka phatlhana ya polata ka nako e le nngwe).

Bofelela kgetsana ya polasetiki mo peiping e e ntshang monontsha gore o tshware monontsha o o tlaa o kalang moragonyana.

Tsamaisa terekere le polantere sekgala sa 10 m jaaka e kete o a jala (ka mafoko a mangwe leotwana la kgweetso la polantere le tshwanetse go dikologa le mororo diyunite tse di tsenang mo mmung di tlaa bo di kokoretse mo boalogodimong).

Peo:

Bala palo ya dipeo tse di ntshitsweng mo 10 m.

Di ntsifatse ka 10 go balela se o ka bong o se ntshitse mo 100 m (o gakologelwa gore heketara ke 100 m x 100 m).

Jaanong ntsifatsa palo eo ka palo ya mela mo go 100 m (mo sekaong sa rona mela e ne e le bophara jwa 0,9 se se rayang gore go na le mela e le 111 mo go 100 m).

Sekao: go na le ditlhaka di le 30 mo 10 m.  Se se lekana le ditlhaka tse 300 mo go 100 m.  Go na le mela e le 111 mo heketareng, x 300 = dimela tse 33 300 ka heketara).

Fa karabo e o e boneng e feta se o se batlang, setela diseporokete mo polantereng gore šafote e e dikolosang polata e dikologe ka bonya.   (kgotsa fa o batla dimela tse dintsi oketsa lebelo la modikologo).

Boeletsa kgato e go fitlhelela o bona dipholo tse o di batlang.

Monontsha 

Kala monontsha o o o tshotseng mo kgetsaneng mo go 10 m.

O ntsifatse ka 10 go bona se o ka bong o se bone mo go 100 m (gakologelwa gore heketara ke 100 m x 100 m).

Jaanong ntsifatsa palo eo ka palo ya mela mo go 100 m (mo sekaong sa rona mela e ne e le bophara jwa 0,9 m se se rayang gore go ne go na le mela e le 111 mo 100 m).

Sekao, go na le 100 g (0,1 kg) mo go 10 m.  Se se lekana 1 000 gr (1 kg) mo go 100 m.  Go na le mela e le 111 mo heketareng x 1 000 = 1110 g ka heketara / 111 kg ka ha.

Fa karabo e o e boneng e le kwa godimo ga se o se batlang, setela diseporokete mo polantereng gore šafote e dikologe ka bonya. (Kgotsa o dire se se kgatlhanong fa o batla dikhilogeramo tse dintsi).

Boeletsa kgato e go fitlhelela o bona dipholo tse o di eletsang 



