Calibration (Maize)								Tswana



Khaliboreišene ya sekgatshi



Instructions:

Folio Strap: Tirisometšhine

Byline : E baakantswe go tswa Khosong ya Tlhabololo ya Bokgoni jwa Setegeniki ya Grain SA ke Jane McPherson

Photos: Khaliboreišene



Kgannyana e e fa pele e ne e bua ka dikarolwana tsa sekgatshi sa “boom” le gore se dira jang. Mo kgannyaneng e re tlaa sekaseka ka botlalo khaliboreišene ya sekgatshi.



Khaliboreišene ke eng?

Tirego ya khaliboreišene ya sekgatshi e diretswe go netefatsa gore o kgatsha mothamo o o lekaneng wa seedi (metsi le botlhole) mo kgaolong e e batlegang.



Dithulusu tse di batlegang mo khaliboreišeneng

Selepanako (timer);

Jeke e e metang (e tshwailwe ka ml); le

Theipe e e metang.



Go ka setelwa eng?

Nosele. Nosele ya phatlhana e nnye e tlaa ntsha seedi se sennye go na le nosele ya phatlhana e kgolo. Nosele e ka nna le pateronekgatsho e tshesane kgotsa sephara.

Kgatelelo ya kgatsho. Fa o pompa ka thata, kgatelelo e a oketsega mme go tswa seedi se sentsi. Fa kgatelelo e le kwa godimo thata gona marothodi a tlaa nna mannye.

Fa o kgatsha ka terekere, kgatelelo ya pompo e amiwa ke medikologo ka motsotso (rpm)

Dikere tsa terekere di ama lebelo la terekere 

Mokgweetsi wa terekere o tshwanela go swetsa ka rpm gammogo le kere e e tlaa dirisiwang le go tswelela ka yona fela fa khaliboreišene e setse e dirilwe.

Fetola selekanyo sa botlhole mo motswakong. Botlhole jo bontsi bo raya gore go tshelwa ditswaki tse di tshelang tse dintsi ka selekanyo se se tshwanang sa metsi.



Mokgwa wa khaliboreišene

 Tlatsa tanka ya sekgatshi.

Swetsa gore ke kere efe e e tlaa dirisiwang ka lebelo le le kana kang (rpm) (sekao kere ya 4 ka 2 500 rpm).

Lekanya (meta) sekgala sa 100 m.

O dirisa kere eo ka rpm e e nepagetseng, lekanya nako e terekere e e tsayang go digela 100m eo (sekao, metsotswana e 21).

Dumisa terekere e ntse e eme, ka 2 500 rpm e e dumelanweng, mme o tlhole sekgala se kgatsho e se akaratsang mo mmung.

 Setela kgatelelo mo sekgatshing go bona phitlhelelo e o e batlang (sekao, dibara tse 3).

O dirisa yona nako ele (metsotswana e 21) e e e tsereng terekere go digela 100m, gokela kgatsho mme o mete mothamo wa metsi o o ntshiwang ke nosele e le nngwe (sk. 1 200 ml / 1,2 lit).

Boeletsa tirego e ka dinosele tse pedi kgotsa tharo mme o tsee palo ya palogare.

Dirisa mothamo wa seedi o o ntshitsweng ke nosele e le nngwe (sk 1 200 m l/ 1,2 l) mme o ntsifatse ka palo ya dinosele (sk dinosele 12) gore o tle o itse gore o kgatsha dilitara tse kae mo go 100 m (ka dinosele tsotlhe 12 x 1,2 l = 14,4 l).

Meta bophara jwa “boom” (sk. 4,7 m).

Jaanong o itse bophara jo o bo kgatshang, e bile o itse mothama wa metsi o o kgatshang mo bophareng joo mo go 100 m.

Kgaolo e e akareditsweng ke sekgatshi mo go 100 m: 100 m x 4,7 m = 470 sq.m.

Re dirisitse 14,4 l ya metsi mo kgaolong e.

Kgaolo ya 1 ha = 10 000 sq.m (100 m x 100 m)

Mothamo o o tlaa dirisiwang mo heketareng e le 1 e tlaa nna 10 000 / 470 = 21,27 x 14,4 l = 306 l ka heketara. 

Setshwaokaedi se se mo modutwaneng wa khemikale se tlaa bontsha selekanyo sa metsi se se batlegang ka heketara gammogo le palo ya dilitara tsa botlhole tse di tlhokegang ka heketara.

Fa o setse o weditse tiro e mme o lemoga gore selekanyo sa seedi se se kgatshiwang ga se sa tlwaelo, boeletsa tiro e mme o setele kgatelelo ya sekgatshi kgotsa kere ya terekere kgotsa bogolo (size) jwa nosele.

Fela fa selekanyo sa metsi se nepagetse, jaanong o tlhoka go balela palo ya dilitara tsa botlhole tse di tshwanetseng go tshelwa mo tankeng ya kgatsho nngwe le nngwe.

Sekao, tanka e tshola 500 l ya metsi. Sekao re tlhoka go tshela dilitara tse 4 tsa botlhole ka heketara. E tlaa nna 500 l / 306 (dilitara tse di ntshiwang ka heketara) ntsifatsa ka 4 (dilitara tsa botlhole ka heketara).

Re tshwanela go tlhakanya dilitara tse 6,5 tsa botlhole mo tankeng ya dilitara tse 500 tsa metsi.



