Calculate										Tswana 



Balela ditshenyegelo pele o jala 



Instructions:

Folio Strap: Botsamaisi

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa Kaeding ya Grain SA: Tlhagiso mo Ntshodikunong ya Sonobolomo



Go tshwanetse go gakologelwe gore ka kakaretso temothuo e dirwa ka maikaelelo a go dira dipoelo. Go batlega madi a a boitshegang go jala disonobolomo mme peotshenyegelo mabapi le ntshodikuno ya peo ya sonobolomo ke nngwe ya dintlha tsa botlhokwa thata mo tsamaisong ya temo ya dithoro.



Pele o jala sejalo go tlhokega gore o balele gore go tlaa go ja bokae go jala sejalo seo le gore lotseno lo lo ka bonwang e tlaa nna bokae. Monongwaga go ntse le tlhatlogo e e boitshegang ya ditsenngwateng mo ntshodikunong ya dithoro mme go botlhokwa gore balemi ba dire dipalelo tsa bona ka kelotlhoko e kgolo.



Ditshenyegelo di ka kgaoganngwa ka ditlhopha tse di farologaneng di le pedi – ditshenyegelo tsa tlhamalalo le ditshenyegelo tse di tlhomameng.



Ditshenyegelo tse di tlhomameng 

Tse ke ditshenyegelo tse di ka amanang le tsamaiso ya tiro ya polase yotlhe – ke ditshenyegelo tse di ka se keng tsa amanngwa ka tlhamalalo le go jalwa ga sejalo se se rileng seo. Ditshenyegelo tse di tswelela go nna teng go sa kgathalesege nako ya ngwaga kgotsa setlha. Ditshenyegelo tse di akaretsa dituelelo tsa tsholomatlotlo, dituelo tsa banka, dituelo le meputso, dikgogo, motlakase, dilaesense le makgethwana, dipaakanyo le tlamelo, merokotso mo dikadimong, ditshenyegelo tsa dirori le dikwalelo. Ditshenyegelo tse di ka farologana thata go ya ka molemi le molemi, go ya fela ka bogolo jwa polase, mokgweleo wa molato le setaele le ditshenyegelo tsa tsamaiso.



Ditshenyegelo tsa tlhamalalo 

Tse ke ditsheyegelo tse di ka amanngwang ka tlhamalalo le sejalo se se jadilweng. Ditshenyegelo di tsenyeletsa dintlha tse di jaaka disele, menontsha, peo, dikhemikale, thobo, thekiso le badiri ba nakwana. Go le gantsi ditshenyegelo tse di a tshwana go ya ka heketara go sa kgathalesege go ya ka mofuta wa temo le kgono ya thobo ya sejalo se se jetsweng.



Go botlhokwa thata gore togamaano ya ditšhelete e e nepagetseng e dirwe pele go ka jalwa sejalo sefe kampo sefe. Go botoka thata go baakanya le go jala kgaolo e potlana sentle gore o tle o nne le tšhono e e gaisang ya go nna le dijalo. Mathata a temo ya mmidi a kwa godimo thata mo e leng gore ga go botlhale go tsaya ditšhanse dipe fela - maemo a loapi ga a ikanyege mo ebileng go ka se ke ga nna le go tlhabanyetsa. Gantsi go na le ditshenyegelo tse di sa akanngweng fa go rulaganngwa jalo ya dijalo – fa tlase go latela sekao sa mefuta ya tshugommu e e ka tlhokegang mo nakong ya tirego ya ntshodikuno ya dijalo:

Ditiro tse di tlhokegang

Kgaso ya llaeme;

Go dêsa masimo;

Go repa masimo;

Go ngapa masimo;

Go lema;

Paakanyo ya boalopeo;

Go jala;

Go kgatsha dibolayatlhatsana le dibolayasenyi;

Go tshelwa ga nontshogodimo;

Go tlhagola; 

Kgatshotlaleletso ya dibolayatlhatsana kgotsa dibolayasenyi;

Thobo; le 

Thoro ya dithoro.

Lenaneo 1: Sekao sa ditshenyegelo tsa tlhamalalo tse di amanang le jalo ya sonobolomo. (Dirisa ditlhotlhwa tsa sešweng fa o balela diponalo tsa gajaana.)



Ditshenyegelo tsa ntshodikuno tsa Foreisetatabogare tsa 2007/2008 le 2008/2009
 

 

 

 

 
Tekanyetso ka 
 
Diphalane 2007
 
4 Mopitlwe 2008
 
22 Moranang 2008
 

 

 
2007/2008
 
2008/2008
 
2008/2009
 

 
Thobophopholetso (ditono/ha)
 
1,50
 
1,50
 
1,50
 

 
Ditshenyegelo tsa tlhamalalo 

(Ranta/ha)
 

 

 

 

 

 

 

 

 

 
Peo

Monontsha 

Llaeme 

Leokwane 

Dipaakanyo

Dibolayatlhatsana

Dibolasenyi

Inšorense ya ditsenngwateng

Itshireletso (hedging)

Thobo

Inšorense ya dijalo 

Morokotso mo ditshenyegelong tsa ntshodikuno

Palogotlhe ya ditshenyegelo tsa tlhamalalo (R/ha)
 
 144,00

 744,50

 140,53

 439,31

 328,91

132,32

 51,72

 81,90

 96,96



159,60



129,99



2449,74
 
 165,60

1181,35

 140,53

 586,41

 328,91

 270,00

 54,90

 157,37

 145,00



 306,66



 233,66



3572,39
 
 165,60

1411,65

 140,53

 719,36

 328,91

 272,00

 54,90

 157,37

 162,78



 306,66



269.68



3989,84
 

 

 

 

 

 

 
Palogotlhe ya ditshenyegelo tse di tlhomameng (R/ha)
 


1106,83
 


1244,63
 


1244,63
 

 

 

 

 

 

 
Palogotlhe ya ditshenyegelo tsa ntshodikuno pele ga thekiso
 


3556,57
 


4817,02
 


5234,07
 

 


Lenaneo 2: Thobo e e kgonegang le lotseno/ha ka ditlhotlhwa/ditono tse di farologaneng.


 
R3 250/t
 
R3 500/t
 
R3 750/t
 
R4 000/t
 
R4 250/t
 
R4 500/t
 

 
1,00
 
R3 250
 
R3 500
 
R3 750
 
R4 000
 
R4 250
 
R4 500
 

 
1,50
 
R4 875
 
R5 250
 
R 5 625
 
R6 000
 
R6 375
 
R6 750
 

 
2,00
 
R6 500
 
R7 000
 
R7 500
 
R8 000
 
R8 500
 
R9 000
 

 


Ka se sebaka, ntshodikuno ya sonobolomo e kgatlha thata – sekaseka lebaka le mme o bone gore a o ka jala disonobolomo go na le dijalo tse dingwe tse di kgonegang tse di jalwang mo kgaolong ya gago.



















