Business (Maize)									Setswana

Go tlhokegang go tsamaisa kgwebo



Instructions: 

Folio strap: Tsamaiso

Byline: Tshedimosetso e kgobokantswe go tswa Kaeding ya Tsamaiso ya Polase ka Poelo ka Marius Greyling



Go kologanya lenaneo la se se tlhokegang go tsamaisa kgwebo go ka nna lenaneo le le tsolotaneng le go farologana. Ditlhokego le ditlamelwana di tlhotlhelediwa ke mabaka jaaka mofuta wa kgwebo, bogolo, nako, jj.



Fa e le kgwebo ya temothuo se se tlaa tsenyeletsa ditlhokego tse di jaaka lefatshe, metsi, phulo, tlamelo ka matlo bodirelo, bogamelo, didiriso tsa nosetso, dipalangwa, metšhine, diterekere, dithulusu, bodiri kgotsa bothapiwa, madi le batsamaisi. Ka kakaretso ditlamelwana tse di tlhokegang tseo di arogantshitswe jaaka botsamaisi, lefatshe, khepitale le badiri.



Ditlamelwana tse di tlhagisiwang ke (di itsege gape jaaka mabaka a ntshodikuno).

Lefatshe – le le akaretsang lefatshe la tota, naga, mafulo, dikago le dibopego tse di tlhomameng tse dingwe jaaka masaka, ditoro, matlo a loruo le go teratelela.

Khepethale – e e raya madi tota le dithoto tse dingwe jaaka dirori, diterekere, dinku le dikgomo.

Bodiri – go go rayang batho ba ba dirang mo polaseng ka fa tlase ga mong/motsamaisi

Botsamaisi – motho kgotsa batho ba ba tsayang ditshwetso mabapi le tsamaiso ya kgwebo.



Kwa ntle ga badiri, ba ba ka se keng ba nna thoto ya kgwebo, mabaka a ntshodikuno a mangwe le tsotlhe tse di akaretsang a ka nna thoto ya kgwebo, kgotsa a adimiwa kgotsa a hiriwa go tswa setheong se sengwe. Fa lefatshe, khepetlele le botsamaisi di adimilwe kgotsa di hirilwe, mabaka a ntshodikuno a itsege jaaka mabaka a kwa ntle. Lebaka ke la setheo se sengwe. Setheo se sengwe kgotsa mong o tshwanelwa jaanong go lefelwa tiriso ya lebaka le – ka mafoko a mangwe go na le theko kgotsa ditshenyegelo tse di amegang. Ditshenyegelo di bidiwa ditshenyegelo tsa lebaka la kwa ntle mme ka totobalo di bidiwa.



Rente – tefelo ya tiriso ya lefatshe la kwa ntle gammogo le dithoto tse dingwe;

Morokotso – tefelo ya tiriso ya khepetlele ya kwa ntle kgotsa ya kadimo;

Tuelo – tefelo ya tiriso ya botsamaisi jwa kwa ntle.


Tlhokomela gore bodiri, le mororo bo ka se ke jwa nna thoto ya kgwebo, ga bo tsewe jaaka lebaka la kwa ntle. Ka jalo, tshenyegelo e e tlhagelelang ka ntlha ya tefelo ya bodiri – ditefo le tsotlhe tse di di akaretsang, ga se tshenyegelo ya lebaka la kwa ntle. Bodiri bo tsewa jaaka tshenyegelo ya ntshodikuno ya gale le/kgotsa e e sa tlhomamang. Mothapiwa o tlamela ka kgono ya tota ya gagwe le/kgotsa bokgoni le/kgotsa kitso mo kgwebong, tse di duelelwang.

		 



