Bio-ethanol				Tswana



Baeyoethanolo – go diragalang mo dipoletiking?



Instructions

Folio strap: Baeyoethanolo

Byline: Jenny Mathews, Modulasetilo wa Lenaneo la Tlhabololo ya Balemirui la Grain SA

 

Fa o ntse o etse dikganetsano tsa dibaeyofuele tlhoko mabapi le maikeimisetso a tlhabololo a teng, gona o tlaa itse gore go na le tshwenyego e tona, mabapi le tiriso ya mmidi, motswedi wa botlhokwa wa dijo, go dira leokwane (fuel). Go ntse go le jalo go na le batsayaditshwetso ba ba sedimoseditsweng ba ba dumelang gore mmidi o ka nna le tshusumetso e e siameng mo tshireletsegong ya dijo, mo madirelong a ethanolo.



Balemi ba mmidi ba tsenngwa mo maemong a a masisi thata mo ditlhotrhweng tse di duelelwang dikuno tsa tsona go ya fela ka gore a thobo ke ya pholô kgotsa nnyaya. E ne e le ka setlha sa thobô e kgolo thata fa ditlhotlhwa tsa mmidi di ne di wela kwa tlasetlase ditlha tse pedi tse di fetileng mme bantshadikuno ba mmidi ba simolola ka mafolofolo go batlela dithoro tsa bona mebaraka e mešwa.



Raikonomimogolo wa Grain SA, Wessel Lemmer, o rile Aforikaborwa o ntsha ditono tse 8,6 tsa dimilione tsa mmidi ka ngwaga, ntswa a na le kgono ya go ntsha ditono di le dimilione di le 12. Go feta diheketara di le dimilione tse di gona tsa masimo ga di dirisiwe ka ntlha ya mebaraka e e bokoa mo dingwa someng tse pedi tse di fetileng. Balemi ba ne ba tshwanela go lepalepana le ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tse di tlhatlogang ka bonako kgatlhanong ga ditlhotlhwa tsa mmidi le.tse di belaetsang le go fetofetoga, selo se se dirang gore ntshodikuno ya mmidi e se ke ya nna le poelo kgotsa yona tshireletsego. O rile: “Fa re ka nna le mmaraka wa ditono di dimilione tse tharo tse di ka kgonegalang, gona re tla bo re dira tshwaelo e kgolo thala mo kgolong ya ikonomi ya naga”.



Fela go na le bannaleseabe ba bangwe ba ba boifang gore dirisa mmidi jaaka motswedi o mongwe wa maatla go ka tlhatlosa ditlho tlhwa tsa sejosegolo le go tshosetsa tshireletsego ya dijo mo setšhabeng se se ikantseng mmidi go tlamela batho ba sona ka sejo sa motheo. Mo go Phukwi, 2007, Jona ya Saense le Thekenoloji Mosibudi Mangena, o rile batlhankedi ba simolotse go botsolotsa botlhale jwa go dirisa mmidi jaaka motswedi o mogolo wa maatla a a ntshwafadiwang. Dingwe tsa dipotso tse di bodiwang ke tse: “fa re tsena mo ntshodikunong ya ethanolo go tswa mo sukiring le mmiding, se se ya go kaya eng mo tshireletsegong ya ya dijo” o buile jalo.



Mo go Phatwe, 2007, Motsamaisi wa Bankabogare ya Aforikaborwa, Jito Mboweni, tsibositse gore moono wa lefatshe go dirisa mmidi jaaka motswedi wa ethanolo go tlhodile gore ditlhotlhwa di tlhallogile thata. O gakolotse mmuso gore le fa a amogela tlhokego ya go ntsha dibaeyofuele, o ne a tshwenyegile ka mmidi-go-ethanolo o ne a dumela gore tsela e e siameng ke ya sukiri-go-ethanolo.



Grain SA, mmogo le Agribusiness Champer, Khansele ya Boetšhaba ya Mmaraka wa tsa Jemothuo, le baemedi ba Mokgatlho wa Dibaeyofuele wa Aforikaborwa, ba ne ba kopana le rre Mboweni mme ba mo naya pegelo e e sedimositseng ditlhotlheletso tse di siameng tse ntshodikuno ya mmidi-go-ethanolo e ka di dirang mo ntshodikunong ya mmidi le mo tshireletsegong ya dijo.



Moperisitente wa Mokgatlho wa Dibaeyofuele wa Aforikaborwa, o dunela gore madirelo a dibaeyofuele a tlhagisa tšhona ka nttha ya mabaka a mantsi. A tlaa gogela dipeeletso kwa dikgaolong tsa magae, le go godisa tlhabololo ya temothuo e e eletsegang thata koo e e tlaa amang thata bontsintsi jwa balemi ba bantšhwa mo nageng eno. Mokgatlho wa Debaeyofuele wa Aforikaborwa o rata gore Aforikaborwa a itseele molebo wa “multi-feedstock” o tlaa akaretsang mmidi, fela gape le letlhakasukiri, “sugar beet”, mabele a monate le magelethoro, gareng ga tse dingwe.



Kemonokeng e nngwe ya madirelo a mmidi-go-ethanolo ka Mokaedimotsamaisi wa Monsanto mo sub Saharan Africa, Kobus Lindeque. O dumela gore porojeke ya ethanolo-go-mmidi efe le efe ka tlhokego e kgolo thata ya yona ya mmidi, e ka tlamela ka tšhono e e siameng tota mo pusong ya go tsenya balemiriu ba bantsho mo dipolaseng jaaka karolo ya maikemisetso a tlhabololo a lefatshe.



Morago ga tiego e telele, mmuso o ne wa bega Jogamaano ya Debaeyofuele ya yona go sale gale mo go Sedimonthole, 2007. Dinopolo dingwe tse di maleba ke tse:



“Phetogo e e bonalang mo togamaanotlhomong ke go tsaya tsepamisemaikutlo ya pakakhutshwane (tekelelo ya dingwaga tse 5) go fitlhelela selekano sa tsenelelo ya dibaeyofuele ya 2% mo tlamelong ya leokwane la seedi ya bosetšhaba, kgotsa dilitara di le dimilione tse 400 ka mgwaga: Ntlhaphopholetso e sekasekilwe sešwa le go fokodiwa go tswa go 4,5% e e neng e tshikintswe kwa tshimologong mo setlankaneng sa togamaanotlhomo, Go tshikinngwa dijalo tse di latelang go dirisiwa mo ntshodikinong ya dibaeyofuele mo nageng: mo go baeyoethanolo: belthakasukiri le “sugar beet”, mme mo baeyodiseleng, sonobolomo, “eanola” le dirawa tsa soya. Hogelo ya dijalo le dimel tse dingwe jaaka mmidi le le gatropha e ikaegile ka tshwenyego ya tshireletsego ya dijo. Dipatlisiso go ya pele di sa ntse di tlhokega go lekelela tirisego ya dilo tse mo nageng.



“Kgonego ya palo ya babeeletsi e supile kgatlhego mo tlhabololong ya dibaeyofuele Bagwebi bangwe la madirelo a sukiri, ba Petse ba ntsha baeyoethanolo ya mebaraka ya alekhoholo e e akgiwang le ya thomelontle e bile ba tsweletsa kgono ya leokwane la ethanolo mo dinageng tse di mabapi Balemi bangwe ba mmidi, ka tshwaragano le babeeletsi ba poraefete, ba begile maikaelelo a bona go aga difeketori tsa mmidi-go-ethanolo di le mmalwa. Se se gananye ka ntlha ya ketsetsego ka melawana le dithotloetso le ka ntlha ya tlhatlogo e e utlwalang ya ditlhotlhwa tsa mmidi tsa selegae le legatshe. Hhattogo ya ditthotlhwa tsa mmidi e diragetse bogolosegolo ka ntlha ya Amerika (USA) e e ntshang go ka nna 50% ya mmidi o o rekisiwang wa lefatshe, e sutisetsa 25% ya ntshodikuno ya dijalo tsa yona kwa ethanolong, gammogo le go phimola ka bonya tshegetso ya thomelontle ya tsa temothuo. Ditlhaltogo tsa tlhotlhwa ya mmidi ya lefatshe le tlhaelo ya dijo tsa motheo kwa Mexico, tse di golaganngwang ka tlhamalalo le pedetso mo dibaeyofueleng, di tthotlheleditse Aforikaborwa go se akaretse tiriso ya mmidi mo dikgatong tsa tshimologo tsa tswebetso ya dibae yo fuele.”



Go sebokanya, mmuso o tlhagisitse tshwenyego ya ona ka tshireletsego ya dijo fa ne bega tshwetso ya ona go tlosa mmidi mo lenaneong la dijalo mo dikgatong tsa tshimologo tsa togamaano ya dibaeyofuelo ya ona e e sa ntse e tshikinya ntshodikuno ya dibaeyofuele ya 2% ka 2013.



Jona Lulu Xingwana o ne a laleletsa Grain SA dipuisano tse morago ga tsona go golotsweng pegeto e e latelang:



Ntshodikuno ya baeyoethanolo go tswa mmidi ga e latlhiwa gotlhelele

Ka taletso ya Fona ya Temothuo le Merero ya Mafatshe Mhna Lulu Xingwana, go ne ga tshwarwa dipwsano ka Labone, Sedimonthole 13. 2007, magareng ga Lefapha la gagwe, Grain SA, Agri SA le NAFU. Puisano e ne e le ka ga tshwetso ya Kabinete ya go se akarese mmidi mo togamaanong ya madirelo a baeyofuele. O boletse gore tshwetso ya Kabinete e ne e thaetsiwe mo tshwengegong ya yona ya gore ga go ne go nna le mmidi o o lekaneng mo tlamelong e e tswelelang mo madirelong a baeyoetshanolo kwa ntle ga go kgoreletsa tshireletsego ya dijo. 



O tlaleleditse ka gore e ne e se maikaelelo a Kabinete go tlogela mmidi fa e le go ntshitswe legiso la ona le gore go sa ntse go tlaa kgonega go tshwara dipiusano go ya pele mabapi le se le Fona ya Dimenerale le Maatla Mhna Buyelwa Sonjica le kabinete. Dipatlisiso tsa tlaleletso ka setlhophatiro ya dibaeyofuele, di a tshwanela, fela fa Aforikaborwa e ka ntsha mmidi o montsi go na le o o ka dirisediwang tiriso ya selegae.



Go tsweletsa tirego pele ka se sebaka, ke maikarabelo a madirelo go ntsha mmidi o montsi go ka tlamela tona ka mabaka a a tlhokegang gore a kgone go kgwedisa kabinete go akaretsa mmidi mo togamaanong ya madirelo a dibaeyofuelo. Kgang ya botlhokwa thata e tshwanetseng go tlhagisiwa ke gore go tlhamiwa ga mebaraka e mešwa ya mothamo wa ntshodikuno ya lefetiso le le rebotsweng mo godimo ga patlego ya gajaana go tlaa tshwaela ka mokawa o o siameng mo tshireletsegong ya dijo.

 

