Beef (Maize) 										Setswana
Go rulaganyetsa le go baakanyetsa motlhape wa gago wa nama
Folio strap: Tsamaiso ya loruo
Byline: Jenny Mathews, modulasetilo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA
Go baakanyetsa motlhape wa nama wa gago setlha sa mariga se se omileng, go tlhoka thulaganyetso e e rulaganeng. Bantshakuno ba tlhoka go rulaganyetsa le go baakanyetsa setlha se ka kelotlhoko gore go netefadiwe gore go fitlhelelwa dipholo tse di siameng thata tse di tlaa bonang togamaano ya kgwebo e e itekanetseng le e e itshegeleditseng mo tiragatsong. 
Mafatshe a phulo ya tlhago ke motswedi wa phepo o mogolo mo loruong lwa fa gae mo Aforikaborwa. Fa mariga a itelekela, mafatshe a a majang a tlhago a simolola go omelela, mme lwa bofelo mothamo wa phepo o o leng teng o wele tlase ka bonako, mme fela jalo le boleng jwa dikotla tse di gona, bo a fokotsega. 
Mo marigeng, diteng tsa poroteine ya bojang di kwa tlase, fa diteng tsa “lignin” tsona di le kwa godimo. Fa mafulo a tlhago a se a boleng jo bo siameng dikgomo di latlhegelwa ke nama ka bonako, mme ga a tlhole a kgona go tlamela dikgomo ka dikotla tse di tshwanetseng mo sebopegong sa dilekanyo tsa poroteine tse di ka di fulang mme go sa le jalo gape dilekanyo tse di kwa godimo tsa “lignin” di tlhola gore dikgomo di je bojang bosenene ka di fitlhela gore e bosula mo go maswe. Moruakgomo o ka itlhophela go latela ditogamaano di le mmalwa. 
Go rekisa diphologolo
Akanya go rekisa diphologolo tse di sa tsamaisaneng le togamaano ya kgwebo ya pakatelele ka botlalo. Diphologolo tse di tlaa ja dijo tse di ka bong di jewa ke ditokololo tsa motlhape tse di tsalang. Togamaano e e tlaa tlhoka gore montshakuno a bo a baletse gore o tlaa tlhoka setoko se se kana kang sa phepo ya mariga ya tlaleletso go rekwa, le gore o ka kgona go reka ka bokae. Kitso e e kgontsha montshakuno go swetsa gore ke diphologolo di le kae tse a ka kgonang go tswelela go di tshola sentle mo marigeng. Jalo go tlaa tlhokega gore o tlhophe loruo lo lo tsalang lo lo nang le madi a a tlhololo lo lo ka tlaleletsang boleng jwa motlhape mo isagong. Go botoka thata go rekisa diphologolo tse di tlhaoletsweng go rekiswa go sale gale thata pele di simolola go bopama ka ntlha ya tlhaelo ya phepo e bile di sa ntse di nonne sentle le go kgatlha leitlho la moreki go duela tlhotlhwa e e bonalang. Diphologolo tse gape ga di ne di tlhola di direla morui ditshenyegelo dipe mme gape ga di ne di tsenya kgatelelo mo mafulong a a leng teng fa setlha se fetoga. Ela mmaraka tlhoko gonne ditlhotlhwa di ganelela go wela tlase fa go rekisiwa palo e ntsi ya diphologolo fela pele ga mariga. Lotseno lo lo bonweng go tswa mo dingweng tsa motlhape lo ntse lo ka nna le seabe se segolo mo go kgontsheng morui go kgona go bona furu ya mariga e e tlhokegang go tlholela pelo ya motlhape e e setseng maemo a a kgonegang a a siameng thata go kgonwa go tsamaisiwa sentle mo dikgweding tsa mariga.
Phokotsoloruo e ka boloka nako, madi, mafulo le metswedi ya mmu, mme e tota e le botlhokwa go tsewa tsia jaaka sediriso sa tsamaiso mme e bile gape, diphologolo di ka nna tsa emisediwa ka tse dingwe kwa bokhutlong jwa paka ya komelelo fa tekanyetsokabo e tsamaisitswe sentle. 
Phepo ya tlaleletso 
Phepo ya tlaleletso ke karolo ya motheo ya tsamaiso ya loruo mo pakeng ya go kgabaganya mariga. 
Mo dipakeng tsa komelelo tse di atologileng fa mafatshe a phulo a na le dikotla tse di sa lekaneng tsa loruo, diphologolo di tlaa dirisa mafura a di a ipeetseng, se se ka bakang tatlhegelo ya boima le maemo. Miakatlapelo, poroteine le faeba ke dikarolwana tsa botlhokwa tsa phepo ya diphologolo mo ngwageng otlhe mme phepo ya tlaleletso e ka fitlhelela ditlhokego tse fa morui a a tlamela ka metswedi ya phepo jaaka setoroi, dithoro, metswakophepo e e dirilweng le diboloko tsa dilatso tsa tlwaelo go tlaleletsa mafulo a a setseng. 
Fa bantshakuno ya nama ba sa rulaganye ditogammano tsa phepo tsa bona go sa le gale, go ka itemogelwa ditatlhegelo tse di boitshegang tsa ditšhelete fa e le gore furu ka tshwanela go rekwa go setse go le thari, fa ditlhotlhwa tsa furu di le kwa godimodimo. Balela ditshenyegelo go sale gale mme o akaretse ditshenyegelo tsa dipalangwa mo palong eo. Swetsa gore a o ka dira botoka fa o reka ka mokoa kgotsa ka kgetsi. Ditshenyegelo tsa lookwane di ka ama tekanyetso ya gago. 
Tatlhegelo e nngwe e e sa bonaleng ke tatlhegelo e e sa tlhokegeng e e diragalang ka ntlha ya kelo ya go dusa e e bokoa ya dikgomo tsa motlhape le kwa bofelong tatlhegelo ya lotseno go tswa mo dinamaneng tse di ka bong di tsetswe go sa le gale mo selemong se se latelang. Boammaaruri ke gore go netefaditswe gore le fa dikgomo di bopama ka nako ya go tsala kelo ya go dusa e tlaa fokotsega mo malatsing a le 60 go ya 90 morago mo nakong ya go palangwa; ka jalo le tlhotlheletse ka tsela e e sa siamang modiko wa go palangwa (gwelwa) otlhe o o latelang. 
Fa diphologolo tse di fulang di tsenngwa la ntlha mo direšeneng tse dintšhwa go di baakanyetsa setlha se e omileng, go tshwanetse go dirwe ka iketlo ka jaana paka ya kgabaganyo ya dibeke di ka nna nne e tlhokega. Simolola ka phepotlaleletso go sa ntse go na le kobo ya bojang e e bonalang mo nageng le pele diphologolo di latlhegelwa thata ke maemo. Tlhagisa furu e ntšhwa ka iketlo ka gore diphetogo tsa phepo ka tshoganyetso di ka tlhola bolwetse. Setoko sa dithoro ke sona bogolosegolo se tshwanetsweng go tlhagisiwa ka kelotlhoko e tona ka gonne diphologolo di ka ja ka bogagaru mme tsa bipelwa. Sebako se segolo sa pipelo ke setatšhe se sentsi le faeba e e silegang e le nnye mo rešeneng. Setoroi le digwata ke dielemente tsa botlhokwa mo motswakong gonne di lekalekanya njo le go thusa go thibela bolwetse. Direšene tse di tswakilweng sekgwebo di siame thata e bile di lekalekana sesaense, fela di a tura. Morui yo o rulaganeng sentle o tshwanetse go kgona go itirela motswako a dirisa sena nang le sona kgotsa se a ka se fitlhelelang mo tikologong. Go botlhale ka gale go bona kgakololo mo baitseanapeng ba kotlo ya diphologolo ba selegae ka tswako e e siameng gonne setlhopha sengwe le sengwe sa loruo se tlaa nna le ditlhokego tsa kotlo tse di farologaneng. 
Dikakanyo tse dingwe 
Tota le mo pakeng ya komelelo, morui o tshwanetse a bo a ntse a tsamaisa naga. Ga e a tshwanela ka gope go letlwa go fulwa phetelela mo pakeng e, gonne mmu o o sa aparang o oketsa riseke ya gore mmu o o boleng o fokiwe ke phefo kgotsa go gogolwa ka nako ya dipula tsa matsubutsubu mme bontsi jwa dikotla tsa boleng di mo mmugodimong. Fa paka ya komelelo e leelefala, barui ba tshwanetse ba akanye go tshola loruo mo dikgaolong tse dinnye le go lekanyetsa tshenyo e di e tlholang mo dimeding tsa tlhago.
Pholo ya diphologolo e tshwanetse go bewa leitlho ka kelotlhoko e kgolo gonne tlhaselo ya dinwamadi le malwetse mo loruong e oketsega gantsi mo dikgweding tsa komelelo gonne diphologolo gantsi di nna bokoa mo maemong a komelelo. 
Bokhutlo 
Ntlha e e turang thata ya tsamaiso ya motlhape wa nama ke paka ya phepo ya mariga; ka jalo e tshwanetse go tsamaisiwa ka kelotlhoko go netefatsa gore melapoelo e itekanetse. Morui mongwe le mongwe o tlaa swetsa gore ke leano la tiragatso lefe le le tlaa tshwanelang maemo a a tlhaolegileng a gagwe, e ka nna mo polaseng le mo kgetseng ya gagwe. Ka dinako dingwe o tlaa dirisa phepo ya tlaleletso fela go tshegetsa diphologolo tsa gagwe mo dikgweding tsa mariga fa ka dinako dingwe tshalelo e e utlwalang ya matlole kwa bankeng e ka mo kgontsha go netefatsa gore mafusediwa a gagwe a tswelela go oketsa boima letsatsi le letsatsi. Montshakuno ya nama yo o atlegileng o tlhoka go laola phulo ya gagwe ka nepo, a dirise kelothuo e e nepagetseng le go dira gore selemo se nne seleele ka fa go ka kgonegang ka teng. 
