Barley (Wheat)									Tswana
Thobo ya garase ya 2010 mo Sekemanosetsong sa Taung 
Folio strap: Thobo ya garase 
Byline: Johannes Kokome, Motsamaisi wa Ntshokuno ya Garase kwa Botitielong jwa Aforikaborwa (South African Breweries) mo Taung.
Ngwaga wa 2010 e ne le ngwaga o o tletseng dikgwetlho mo temong ya Garase mo Sekemnosetsong sa Taung. Go ne ga kopanwa le dikgwetlho tse di farologaneng tse gareng ga tse dingwe go leng go tsenngwa ga mohuta wa “cocktail,” go wa ga serame go go neng ga tswelela go fitlha ka kgwedi ya Lwetse, dipula tse di neleng, sefako le tshugommu e potlana (minimum tillage).
Thagiso ya Cocktail jaaka mohuta o mošwa mo sekemanosetsong sa Taung e ntse kgwetlho e e masisi e go kopanweng le yona. Cocktail e itshupile e le mohuta o o nang le bokgoni jwa go ntsha ditono tse di kwa godimo tota. Mo ditiragalong tsa temo ya garase mo Taung, cocktail ke mohuta wa ntlha go ntsha ditono tse di ntshitsweng mo ngwageng o o fetileng. Go na le masimo a a kgonneng go ntsha ditono di le 7,9 ka heketara. Fa e ne e se ka dikgwetlho tse di umakilweng fa godimo e ka bo e itshupile sentle. Seo se seng sa tshwenya e ntse ditshane le sokoro (naeterojene) tseo di neng di se mo seeming sa tekanyetso ya SABM. Seno se bontshitse tokafalo mo ditonong tsa garase fa e sale e simololwa mo sekemanosetsong sa Taung ka 1981.
Ngwaga wa 2010 e nnile ngwaga o o neng o aparetswe ke serame. Serame se ole go fitlhelela ka Diphalane. Se se raya gore serame se kgonne go wela garase mo dikgatokgolong di le dintsi tse di farologaneng go tswa fa e ne e le dimpa, fa e tsala, fa e le mo kemong ya tege, tota le fa e ne e butswa. Se se amile boleng jwa garase mo go maswe thata. Maemo a bosa a botlhokwa thata mo temong ya sejalo sa garase. Ke ditono di le 1129, tseo sokoro ya tsone e neng e le kwa tlase ga 1,35 tseo di leng mo maemong a a amogelesegang a SABM mo ngwageng o o fetileng. Ke ditono di le 33 tse di rekisitsweng jaaka ditshane. 
Pula e e feteletseng le yona e ka ama boleng jwa garase. Ka nako ya thobo ya garase ya 2010, ene gape e le tshimologo ya dipula tsa selemo. Garase e simolotswe go rojwa fa Ngwanaitseele a le robedi, mme fa Ngwanaitseele a le lesomepedi ke fa dipula tsa selemo di simolola. Ka nako eo go ne go robilwe go le gonnye fela ga garase. Masimo a a neng a sa rojwa a ne a tshwarwa ke pula mme a itemogela go mela ga dithoro kgotsa se se bidiwang “pre-germination” pele ga Garase e ka robiwa. Ke ditono tse di ka nnang 546 tse di amilweng ke bothara jo jwa go mela pele ga thobo, mme SABM e ne ya dira dipatlisiso gore e ka thusana jang le balemi, le gona gore e ka dirisa jang garase eno go ba tswela mosola gammogo le balemi.
Sefako se ka isa dikuno le thobo kwa tlase. Ke dihekara di ka nna 140 tse di amilweng ke sefako. Sefako seno se itemogetswe makgetho a ka nna mararo ka tatelano. Go ya ka inšorense tshenyo e ne e farologane magareng ga diphesente di le tlhano go ya masomenne supa (5 - 47%); se se supa ka tsela e thobo e e ileng kwa tlase ka yona. Tshimo e e neng e tlwaelegile ka go ntsha dikuno tse di magareng ga ditono di le thataro le supa, e ntshitse fela ditono tse 4,9 ka heketara. 
Go ne go le botlhokwa go batla mokgwa wa go fokotsa ditshenyegelo tsa didiriswa ka ledi la naga le ne le itemogela kwelotlase (recession). Go ne ga nna molemo go dirisa tshugommu e potlana. Mokgwa ono ke wa go fokotsa didiriswa – go dira ditiro di le mmalwa ka tsamao e le yosi. Ka mokgwa o, o ka repa, wa jala, wa tshela monontsha. Mo go diriseng mokgwa o, go kgonnwe go ntsha ditono di le fa gare ga 6,8 ka heketara mo diheketareng di le lekgolo le masomepedi. 
Ngwaga o e ne e le o bantshakuno ba rakaneng le dikgwetlho tse dintsi, tse ba ithutileng go le gontsi mo go tsona. Go tswa mo thobong e ke ditono di le 3,688 tse di robilweng jaaka furu. 
