Assets (Maize)										Setswana



Dithoto le disuga – a ke tsa gago kampo o a di kolota



Instructions: 

Folio strap: Tlaleletsoboleng

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Jaaka mogwebi le montshadikuno, o tlhoka go nna le kanego e e tlhapileng ya dithoto le melato ya gago. O na le eng sa gago, le gona o kolota eng?



Temothuo ke kgwebo mme temodijalo e dirisa madi a a boitshegang.

Gantsi montshadikuno o tshwanela go adima bontlhanngwe kgotsa bogotlhe jwa ditsenngwateng.

Ditheo tsa kadimo di tlhoka go nna le seemo se se feletseng sa kgwebo ya montshadikuno – di tlhoka go itse ka diteng tsa dithoto tsotlhe ka nepo (di lekanyeditswe boleng ka tshwanelo), mmogo le melato yotlhe. Go le gontsi bantshadikuno ba ngomaela go ka ntsha tshedimosetso e, fela ditheo tsa matlole di na le tshwanelo ya go fitlhelela direkoto tsa matlole tsotlhe (jaaka go totobadiwa ke Molao wa Tseisomolato), mme fa o sa bolele boammaruri jotlhe, di tlaa bona diteng tsotlhe tsa molato mme jaanong o tlaa bo o latlhegetswe ke boleng jwa gago gammogo le kgonego ya kadimo.

Fa o tshwanela go nna montshadikuno yo o tswelelang, o tshwanetse o kgone go duela dikadimo tsotlhe tsa gago – baya dilo tsotlhe mo pepeneneng mme o letle ba ba nang le bokgoni jwa matlole go go thusa.



Bukakwadiso ya Dithoto le Melato



DITHOTO

 
 

 
Lefatshe 
 

 

 

 
 
 

 
Diterekere le didiriso
 

 

 

 

 

 
Loruo
 

 

 

 

 

 
Bakoloti ba gajaana
 

 

 

 

 

 
PALOGOTLHE YA DITHOTO


 

 

 


MELATO 

 
 

 
Melato ya pakatelele
 
 
 

 

 
 
 

 
Melato ya pakabogareng
 
 
 

 

 
 
 

 
Kgwebo ya temothuo
 

 

 

 

 

 
Tshupatlotlo ya Banka
 

 

 

 

 

 
PALOGOTLHE YA MELATO


 

 

 


 

