Activities (Maize)								Setswana



Ditiro tsa bolemirui – o leka go dirang?



Instructions: 

Folio strap: Tsamaiso 

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Go ka bo go na le mabaka a mantsi a gore go reng o batla go dirisa lefatshe le o nang le lona. Keletso ya gago ya go dira temothuo e ka tswa e akaretsa keletso ya go:



Go ntshetsa balapa la gaeno dijo;

Go dira lotseno; le

Go dirisa lefatshe la temothuo le le leng gona.



Temothuo ke go ntsha dijo le tlhale (fibre). Gore o kgone go dira temothuo ka katlego le kitso, go tlhaloganya go go siameng ga dimela, diphologolo, metšhine le tsamaiso di tlaa tlhokega.



Dimela

Dikarolo tse di farologaneng tsa semela di ka dirisediwa maikaelelo a bogwebi – medi (jaaka mo digweteng), matlhare (jaaka mo khabetšheng) leungo (jaaka diperekisi), kgotsa peo (jaaka mo mmiding). Dimela di ka dirisiwa ka tlhamalalo ke batho le diphologolo, kgotsa dikuno di ka fetolwa go nna mo sebopegong se sengwe. Go na le mefuta e e farologaneng ya dijalo tsa dimela e e dirisediwang bogwebi: 

Dijalothoro, sekao mmidi, sonobolomo, mabele, matonkomane le dinawa tsa soya;

Merogo, sekao ditapole, ditamati, digwete, dieiye le dibeteruti;

Maungo, sekao monamune, namune, ratsuru le nnareki;

Maungothapo: diapole, ditšheri, diperekisi le diapolekosi;

Mafulo, sekao: Aregrostis, Moseka, Losereng le Seradella;

Ditlhatlego, sekao tee le kofi;

Tlhale, sekao leloba le folekese; le 

Motsoko. 



Kwa tshimologong fela dimela di tlhoka mmu, metsi, mogote, lesedi le dikotla go kgona go gola. Mo kgatong ya kgolo, dimela di na le medi, dikutu le matlhare. Se se dira jaaka bodirelo go thusa semela go dira dipeo tsa sona (go ikoketsa).



Diphologolo

Mefuta e e farologaneng ya diphologolo tsa polase di ruiwa jaaka motswedi wa:

Mašwi (dipodi tsa mašwi kgotsa dikgomo tsa magangwa);

Nama (dikgomo, dinku le dipodi tsa nama, dikoko tsa nama);

Tlhale (dinku tsa boboa le Maseiboko);

Matlalo le dikobo (dinku tsa Karakulu);

Mae (dikoko tsa mae); le

Kgogo (dipitse, ditonki le dipholo). 



Boammaaruri diphologolo di dira jaaka feketori e nnye, go fetola se di se jang (se gantsi se ntshiwang mo polaseng) go nna se di se ruetsweng (nama, mašwi, boboa, jj.) jaaka motheo, bontsi jwa tiro ya bolemirui ya tota bo tshwanetse jwa bo bo totisitswe ntshodikuno ya dijo tsa diphologolo (sekao montshadikuno yo o dirang ka dikgomo tsa nama o ka tsewa jaaka montshadikuno wa bojang, gonne kwa ntle ga bojang, ga a ka ke a ntsha nama epe go rekisa).



Go ya ka dintlha tse di jaaka mofuta wa polase, tlelaemete, thato ya montshadikuno, mmaraka wa selegae, j.j, montshadikuno o tshwanetse go tsaya tshwetso gore o tshwanetse go rua diphologolo dife . Ditlhopho di akaretsa:

Dikgomo – mašwi, nama kgotsa mesolamebedi;

Dinku – nama boboa kgotsa mesolamebedi;

Dipodi – mašwi, boboa kgotsa nama;

Dikoko – mae kgotsa nama; le

Dipitse le ditonki – bogolosegolo go goga. 



Tirisometšhine

Go dira tiro yotlhe ya polase ka mabogo go ka nna bonya le tlhotlhwagodimo. Tirego ya tirisometšhine e totisitswe segolo go oketsa bokgoni – go dira dilo ka bonako le botoka.



Motswedi wa maatla a kgogo e ka nna dipholo, dipitse, ditonki kgotsa diterekere. Tsona di ka dirisediwa go goga didiriso go lema mmu, go jala dijalo, go laola mofero, go roba dijalo kgotsa go rora (dipalangwa). Tlhopho ya segogi e tlaa ikaega ka metswedithuso ya montshadikuno gammogo le bogolo le mofuta wa lefatshe le montshadikuno a batlang go le bereka.



Tsamaiso

Tsamaiso e ka tlhalosiwa jaaka kgokaganyo ya dintlha tsotlhe tse di mosola tsa metswedithuso e e gona (lefatshe, dimela, diphologolo, tirisometšhine le matlole) e le gore go tle go fitlhelelwe maikaelelo a ntshodikuno ya dijo, go tlhola lotseno le tiriso ya lefatshe le le gona.



Fa tiro ya bolemirui e tshwanela go atlega, metswedithuso yotlhe e e farologaneng e tshwanetse go dirisiwa ka botlalo – yona e akaretsa madi, batho, lefatshe, dimela diphologolo metšhine le mebaraka.



Tsamaisomatlole le tsholodirekoto ke karolo e e botlhokwa thata ya tsamaiso ya polase, mme se se tshwanelwa go dirwa gangwe le gape le gona ka kelotlhoko e kgolo. Fa o sa dire poelo mo bolemiruing gona go raya gore o bo o na le lotseno lwa sebopego sengwe go etleetsa bolemirui jwa gago.



Tsweetswee a ko o tsee nako go sekaseka dipotso tse di fa tlase – ipotse potso nngwe le nngwe mme o akanye ka bikanyego ka karabo. Fa o sa netefatse sentle ka se tota o batlang go se fitlhelela, kgonagalo ya go retelelwa e kwa godimo thata – fa o sa itse kwa o yang teng, gona o na le kgonagalo ya go sa gorogeng teng.



Dintlha tse di ka akanngwang

Dintlha tse di latelang di tshwanetse go akanngwa pele go swediwa ka gore ke dijalo dife tse di yang go jalwa, ke diphologolo dife tse di ka ruiwang, kgotsa go dirwe kopanyo efe ya tsoopedi.



Ditsholofelo tsa montshadikuno

Go reng o dira temothuo?

A polase e tlaa bo e le yona fela motswedi wa lotseno?

Ke batho ba le kae ba ba tshwanetseng go tshela ka polase?

A o tla dira tiro yotlhe ka bowena?

A ntshodikuno e tlaa dirisediwa go itshedisa kgotsa e tlaa rekisiwa?

A o na le lorato lwa tlhago lwa kgwebo nngwe?

O ka solofela poelo e e kanakang mo bolemiruing jwa gago?

A o tlhoka katiso nngwe gore o tokafatse kitso le bokgoni jwa gago mabapi le bolemirui?



Thuolefatshe 

Goreng thuolefatshe e e sireletsegileng e le botlhokwa?

A o na le tiriso ya lefatshe ya semolao?

O ka bona lefatshe jang?

A ke lefatshe la gago ka sebele?

A o tokololo ya setlhopha se e leng beng ba lefatshe?

Fa o le tokololo ya setlhopha, setlhopha se kwadisitse jaaka setheo sefe sa semolao?

A lo na le molaotheo/kano ya terasete kgotsa sengwe se se jalo se se laolang kamano magareng ga ditokololo tsa setlhopha?

A go na le ditokololo dingwe tsa setlhopha tse di sa tlholeng di na le seabe mo bolemiruing?

Go ya go diragalang fa ditokololo tse di sa direng sepe tseo tsa setlhopha di boela mo polaseng?

A o na le tetla go nna mo lefatsheng la morafe?

A o na le tumelanokhiro ya semolao?

O hirile paka ya boleele jo bokae?



Bogolo jwa lefatshe

O dirisa diheketara di le kae tsa lefatshe?

Ke diheketara di le kae tsa phulo ya tlhago?

Ke diheketara di le kae tsa phulo e e jetsweng?

Ke diheketara di le kae tsa masimo?

Ke diheketara tse kae tsa nosetso?

Kgonophudiso yotlhe ya polase ke bokae?



Phitlhelelo ya lefatshe 

A lefatshe le fitlhelelwa bonolo ka tsela?

Fa o ntsha dikuno tse di bokete (dithoro kgotsa mothamo o mogolo wa merogo) a dillori di ka kgona go di rora?

A lefatshe le gaufi le motsesetoropo foo bogodu e ka nnang bothata?

A lefatshe le sireleditswe ka dikgora tse di siameng?



Mefuta ya mmu

O na le mefuta efe ya mmu?

Diteng tsa mmopa tsa mmu wa gago ke eng/di kana kang?

Boteng ke bokae?

Mothulama wa mmu o ntse jang?



Go na ga pula

O solofela pula ya ngwaga ya bokae?

O solofela go bona pula leng?

Ke dikgwedi dife tse ka gale e leng dikgwedi tsa komelelo?



Themphereitšha

A kgaolo ya gago e amogela serame mariga?

O solofela leng serame sa ntlha sa ngwaga?

O ka solofela leng serame sa bofelo sa ngwaga?



Phitlhelelo ya tirisometšhine

A o na le diterekere le didiriso tse e leng tsa gago?

A o ka hira terekere le sediriso fa o se na tsa gago?

A didiriso tse o batlang go di hira di tlaa bo di le gona fa o di tlhoka, kgotsa o tlaa bo o fodile mo moleng fa setlha sona se tswelela?

Go hira didiriso go tlaa go ja bokae?



Phitlhelelo ya mebaraka

A o na le mmaraka wa kuno eo o ikaelelang go e ntsha?

Bareki ba kuno e o ikaelelang go e ntsha ke bomang?

A o na le tshwaragano le bareki?

Tllhotlhwa ya gajaana ya kuno e o ikaelelang go e ntsha ke bokae?

O tlaa gorosa jang kuno ya gago kwa mmarakeng?

A o tlhaloganya diemoboleng tsa kuno e o ikaelelang go e ntsha?

A o na le maitemogelo mangwe ka dikonteraka tsa thekiso?



Phitlhelelo ya nosetso

A o kgona go fitlhelela metsi a nosetso?

A o ikwadisitse le boto ya metsi ya selegae go kgona go dirisa metsi?

O ka dirisa metsi a a kana kang?

O kwadiseditswe go nosa lefatshe le le kana kang?

Fa e le gore o dirisa metsi a sediba, a sediba sa gago se kwadisitswe?

Mothama wa metsi a sediba ke bokae?

Ditlhokego tsa metsi tsa dijalo tse o batlang go di ntsha ke bokae?



Metswedithuso ya matlole

O rulaganya go jala eng?

A o itse gore ditshenyegelo ka tlhamalalo ka heketara e tlaa nna bokae (disele, peo, monontsha, dibolayatlhatshana, dibolayasenyi, inšorense ya dijalo)?

A o itse gore ditshenyegelo tse e seng tsa tlhamalalo tsa gago ka ngwaga ke bokae (motlakase, morokotso, dituelo, le ditefo, dipaakanyo le tlamelo?

A o na le bokanakang jwa madi jo bo tlhokegang?

A o dirile kopo ya madi?

O ya go duela kelo ya morokotso ka bokae mo kadimong?

Madi a tlaa nna teng leng?

Ka thobo e e magareng, a o tlaa kgona go dira poelo mo dijalong?

O tlaa kgona go tshela jang go fitlhelela dijalo di rojwa?



Dipalamo 

A o na le sepalamo do isa ditsenngwateng kwa polaseng?

A o na le sepalamo go isa dikuno kwa mmarakeng go tswa polaseng?

Ditshenyegelo tsa sepalamo ke bokae?

A o akareditse ditshenyegelo tse mo thulaganyong ya gago?



Phitlhelelo ya ditsenngwateng

A o itse ditsenngwateng tse o di tlhokang go ntsha sejalo?

O ka reka kae ditsenngwateng?

O tlaa tsamaisa jang ditsenngwateng tse?

 Tlhotlhwa ya ditsenngwateng tse, fa e tshwantshanngwa le batlamedi ba bangwe, ke  

           bokae?

A o itse dilekanyo tse o tlaa di tlhokang tsa setsenngwateng sengwe le sengwe?

A o dirile thulaganyo ka kelotlhoko?



Bogaufi le legae

O nna bokgakala jo bokae le polase e o e dirisang?

O tlaa kgona go ya ga kae kwa polaseng?

A go tlaa bo go na le mongwe yo o tlhokometseng mo polaseng ka dinako tsotlhe?

Go tlaa ja bokae go ya le go boa kwa polaseng?



Bogona jwa polokelo ya dithoro

Fa dithoro di setse di robilwe, o ya go di boloka kae?

Ditshenyegelo tsa polokelo ke bokae?

Dithoo di ka bolokwa ka ditengbongola tse di kana kang?

O tlaa omisetsa kae dithoro go fitlhelela ditengbongola tse di nepagetseng?

A o rulaganya go rekisa dijalo ka bonako kgotsa a o rulaganya go di boloka le go emela tlhotlhwa e e botoka?



Phitlhelelo ya ditirelo tsa tshegetso

A o fitlhelela kemonokeng go tswa balemising ba selegae ba Lefapha la Temothuo?

Ke batho bafe gape ba ba ka go emang nokeng?

A o na le tshwaragano le balemirui ba bagwebi ba selegae ba ba ka bong ba rata go go ema nokeng le go go thusa?



Mekgwatiriso ya bolemirui ya selegae ya kakaretso

Bantshadikuno ba bagwebi ba selegae ba dirisa mefuta efe ya bolemirui?

A o na le tshwaragano le bantshadikuno ba selegae koo lo ka buisanang ka dintlha tse di matsapa?



Dikgonagalo tsa tlaleletsoboleng

A go na le kgonagalo ya gore o ka tlaleletsa boleng jwa sejalo se o se ntshang?

