Access (Maize)										Setswana 



Go fitlhelela lefatshe le thuolefatshe



Instructions: 

Folio strap: Thuolefatshe 

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Temothuo yotlhe fela e ama tiriso ya lefatshe. Mo Aforikaborwa re na le dithulaganyo tse di farologaneng di le mmalwa tsa thuolefatshe. Thulaganyo e nngwe le e nngwe e na le dithata le makoa a yona. Ga go maswe go le kalo go nna le thulaganyo e e kgethegileng e le nngwe, fela go botlhokwa go itse le go tlhaloganya thulaganyo e a dirang mo go yona.



Sengwe sa dilo tsa botlhokwa thata go nna le sona ke mmepe wa polase, ka gore fa ke teng fa o simololang go logela maano a gago teng. Fa o sa kgone go fitlhelela mmepe (jaaka e le tlwaelo mo mangweng a mafatshe a morafe) gona o tlhoka go bona mongwe go go direla GPS ya masimo a gago, e e tlaa bontshang ka nepagalo fa masimo a gago a leng teng, gammogo le bogolo jwa tota jwa masimo a gago. Gakologelwa gore go botlhokwa go itse bogolo jwa masimo a gago gonne dipalelo tsotlhe tsa tekanyetso ya gago di thaelwa mo palong ya diheketara tse di amegang.



Nngwe ya dintlhakgolo tsa thulaganyo ya thuolefatshe ke go adima madi, gantsi motho o tlhoka go neela ka tshireletso. Fa o se na kanobong ya lefatshe, gona ga o kgone go dirisa lefatshe leo jaaka sesireletsamolato (collateral). Se se ka bonwa e le poelomorago, fela gakologelwa fa o bonta thoto ya gago le go kwadisa bonto mo leineng la setheo sa matlole, o bona kadimo, fela le fa e ka nna ka ntlha ya lebaka lefe fela, fa o ka palelwa ke go duela kadimo e – ba tlaa rekisa thoto ya gago go boelwa ke madi a bona a a setseng kwa morago. Se ke thulaganyo e e utlwalang mo ikonoming ya mmaraka e e gololosegileng mo thulaganyong ya bokapitalise (e e dirang mo lefatsheng lotlhe). Fela wena jaaka montshadikuno yo o tlhabologang o tshwanetse go ithuta go nna montshadikuno kwa ntle ga go baya sengwe le sengwe sa gago mo kotsing. Le ke lengwe la mabaka a ke dumelang gore o tshwanetse go simolola kwa tlase kwa ntle ga dikadimo tse di bokete – gore fa sengwe se ka fosega, o se ke wa latlhegelwa ke sengwe le sengwe. Mo thulaganyong ya lefatshe la morafe, koo lefatshe le laolwang ke dikgosi, o ka simolola mo tshimong ya gago e o e abetsweng ke kgosi mme fa o tswelela o atlega, o ka thapa masimo a baagisani ba ba sa a diriseng. Gakologelwa ga se mongwe le mongwe yo o leng montshadikuno. Re na le dikao di le dintsi tsa bantshadikuno ba bogwebi ba ba atlegileng ba ba dirang mo lefatsheng la morafe mme ba se beng le ba heketara e le nngwe fela.



Thuolefatshe 



Kanobong 
 

 

 
Tetla ya go dirisa lefatshe la morafe
 

 

 
Tumelanokhiro ya semolao
 

 

 
Thulaganyo ya PLAS ya Merero ya Lefatshe
 

 

 
Lefatshe la botlhe (la ga Mmasepala)
 

 

 


Dikgaolo dingwe di tshwanelwa sentle ke mefuta mengwe ya temothuo. Pula, matlha a ntlha le a bofelo a serame se se solofetsweng, le boteng jwa mmu, di laola se. Go botlhokwa gape go itse gore a masimo ke a nosetso kgotsa nnyaya – gakologelwa gore temo ya nosetso e batla tsamaiso e e gagametseng thata, fela gape e mathata mannye ka gore o ka nosetsa dijalo fa go tlhokega. Mo mefuteng mengwe ya temothuo, go fitlhelela motlakase go botlhokwa thata. Boleng jwa kagelelo bo a boitshega – fa o ka se ke wa kgona go thibelela loruo kwa ntle ga masimo a gago, o ka se ke wa lema dijalo ka katlego.



Tshedimosetsokakaretso ka masimo a gago



Sedika
 

 

 
Toropo e e gaufi
 

 

 
Palogotlhe ya bogolo jwa polase (diheketara)
 

 

 
Leina la polase 
 

 

 
Eskom (nomore ya ntlhafelo)
 

 

 
Bogolo jwa teransefoma
 

 

 
Nosetso (diheketara)
 

 

 
Kgonophudiso ya sedika ya phulo / diheketara
 

 

 
Pula ka ngwaga (mm)
 

 

 
Bonnye le makisimamo ya dithemphereitšha
 

 

 
Letlha la ntlha la go wa ga serame
 

 

 
Letlha la bofelo la go fela ga serame
 

 

 
Kageletso – (tlhalosa gore a masimo le dikampa di ageletswe le maemo a kagelelo)
 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 


Dinwane (detail) tsa lefatshe 

Mmepe wa polase – netefatsa gore o na le mmepe wa polase le go ithuta gore Bokone, Borwa, Botlhaba le Bophirima, di ntlha efe.

Go botlhokwa go bona gore tshimo le kampa e nngwe le e nngwe e na le nomore. (Se se tlaa dirisiwa moragonyana fale mo tseosekaommung le thulaganyong ya tiriso ya lefatshe).

Tlhola bogolo jwa tshimo le kampa e nngwe le e nngwe (se gape se botlhokwa mo thulaganyong ya tirisolefatshe le go dira tekanyetso). Fa tshedimosetso e e se yo mo mmepeng, o tlaa tshwanelwa ke go e rulaganyetsa.

Gantsi mebepe ya mafatshe a morafe ga e teng. Fa e le gore o dira mo lefatsheng la morafe, mmepe wa GPS o a tlhokega o o nayang dintlha tsotlhe tsa tshimo e e kgethegileng eo.



Lefatshe la temo



Leina la Polase 
 
Nomore ya Polase 
 
Bogolo 
 
Mofuta wa mmu
 
Botengmmu
 
Maemo (seemo sa gajaana le dijalo mo masimong) 
 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 


Tlhokomela:

Go na le mekgwa e e farologaneng ya go tlhomamisa bogolo jwa masimo – o ka a dikologa o bala dikgato tsa gago, o ka dirisa leotwana le le metang kgotsa wa dirisa mokgwa wa leotwana la terekere; fela mokgwa o o nepagetseng thata ke go dirisa GPS.

Mofuta wa mmu o amana le bommopa, boserokwa kgotsa bomotlhaba jwa mmu. 

Botengmmu ke go leka dillaga dife kana dife tse di ka thibelang kgolo ya medi – se se ka tlhomamisiwa ka go dirisa boro ya mmu kgotsa go epa mosima wa porofaele ya mmu.

Go tlhokega go tlhomamisa maemo a gajaana a tshimo, mme se se tlaa tlhotlheletsa gore masimo a ka dirisiwa mo bogautshwaneng.

Go tlaa aga ka gale go na le lefatshe lengwe le le seng mosola – lona le akaretsa ditsela, dipane gammogo le lefatshe le ntlo e agilweng mo go lona.



Tseosekaommu (lefatshe la temo)

Go botlhokwa thata gore dikao tsa mmu di tsewe dingwaga dingwe le dingwe tse pedi. Nontsho ke nngwe ya ditshenyegelo tse dikgolo thata mo ntshodikunong ya dijalo mme go tshwanetse go tlhokomelwe thata gore go dirisiwa monontsha o o nepagetseng mo tshimong e nngwe le e nngwe.



Montshadikuno o ka tshwanela go duelela tseosekaommu. Ano ke madi a a tlaa bong a dirisitswe sentle thata.

O tshwanetse o dirise mokgwa o o nepagetseng go tsaya dikao tsa mmu.

O tshwanetse go tsaya dikao tsa mmugodimo le mmutlase ka bobedi.

Sekao sengwe le sengwe se tshwanetse se tshwaiwe sentle ka leina le aterese ya montshadikuno, leina la polase gammogo le nomore ya tshimo. (Se se ka nna le ditlamorago tse di masisi fa se sa dirwe sentle).

Dikao di tshwanetse di romelwe go dira tshekatsheko – ditheo tse di latelang di na le dilaboratori:

ARC (Glen, Cedara, Dohne, Mmu, Metsi le Tlelaemete kwa Pretoria, Small Grain Centre kwa Bethlehem); le

Omnia (le ditlamo tse dingwe tsa menontsha). 

Gakologelwa go kopa gore go tlhatlhobiwe le diteng tsa mmopa.

Kopa le katlanegiso ya monontsha ka yona nako eo. O tshwanetse go tlamela ka tshedimosetso e e latelang:

Dijalo tse di yang go jalwa mo tshimong; le 

Kabelelotheo ya dijalo.



Diphulo tsa naga tsa tlhago le tse di jetsweng



Leina la Polase 
 
Nomore ya Kampa 
 
Bogolo
 
Mofuta wa naga 
 
Kgono ya phudiso 
 
Maemo (a gajaana a naga) 
 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 




Nosetso le ditshwanelo tsa metsi



Nosetso (diheketara)
 

 

 
Mofuta wa nosetso
 
Solid set
 

 

 
Melanosetso (Draglines)
 

 

 
Phaefoto
 

 

 
E mengwe 
 

 
Motswedi wa metsi
 

 

 
Mothamo wa sediba 
 

 

 
Kwadisitswe le Boto ya metsi
 

 

 
O ka dirisa metsi a a kana kang?
 

 

 
Makgethwana a a duelwang mo tshimong
 

 

 


