THEBOLO E E FAPHEGILENG YA BOITSHWARELO JWA PORESITENTE TEBANG LEMOLATO/MELATO E GO TWENG E DIRILWE GO FITLHELELA MAIKAELELO A SEPOLOTIKI
DINTLHA TSA SEBELE Sefane: ... Maina ka botlalo (jaaka a kwadilwe mo lekwalokaong (ID) la gago):
Aterese ya poso: ... Aterese ya bonno: ... 
Dintlha tsa kgolegelo, fa go lebane: Nomore ya kgolegelo: ... Letlha la ntlhantlha le ka lona o tshwanelang go fiwa parole: ... Letlha la tlwaelo la kgololo: ... Dikhoso tsa Tsosoloso-maitsholo tse di tseneletsweng ka nako ya kgolego:
DINTLHA TSA MOLATO/MELATO E E KOPELWANG BOITSHWARELO
MOLATO (LEINA LA MOLATO, SEKAO, POLAO) (Kwala molato mongwe le mongwe ka sengwe each offence separately) LETLHA LA MOLATO LEFELO LE MOLATO O DIRILWENG KWA GO LONE LETLHA LA PONOMOLATO KGOTLA NOMORE YA KGETSI KATLHOLO
DINTLHA KA MOLATO/MELATO LE MABAKA A GO DIRA KOPO
Fa dintlha tse di latelang:
Molato kgotsa melato e dirilwe jang dintlha tsa gore go dirafetse eng ka nako ya fa molato/melato e dirwa:
Ke eng go dirilwe molao kgotsa melato e:
A go na le motho yo o gobetseng kgotsa yo o bolailweng kgotsa a go na le mongwe yo o neng a senyegelwa ke dithoto ka ntlha ya molato le bogolo ba kgobalo epe le kgotsa tshenyo, gape fana ka dintlha tsa kgolagano tsa batswasetlhabelo, fa di le teng:
(a) A o ne wa sologelwa ka sebele ka tsela epe ka ntlha ya go dira molao/melato?
Fa go le jalo, tlhalosa mofuta le bogolo jwa mesola / melemo eo.
Ke maikaelelo afe a sepolotiki, fa a le teng, a o neng o batla go a fitlhelela ka go dira molato/melato e?
A mokgatlho, setheo, lekgotla kgotsa lekoko la kgololesego la gago le amogetse mesola mengwe ka ntlha ya go dirwa ga melato e?
(a) A molato kgotsa melato e dirilwe go setswe morago taolo ya, kgotsa ka thebolelo ya, kgotsa ka tetla kgotsa tebang le pholisi (molaotsamaiso) ya lekgotla, lekoko kgotsa lekgotla la sepolotiki, setheo, mokgatlho kgotsa lekoko la kgololesego, le gone fa go le jalo, fana ka leina la lekoko la sepolotiki, lekgotla, setheo, mokgatlho wa kgololesego:
b Fa go le jalo, o ka bolela dintlha tsa taolo eo kgotsa thebolo kgotsa pholisi le letlha la yona le leina/maina, diaterese, dinomore tsa megala kgotsa dintlha tse dingwe tsa kgolagano tsa motho kgotsa batho ba ba fileng thebolo kgotsa taolo ya go nna jalo:
(a) A o ne o le motlhankedi / motshwaramaemo/tokololo/morotloetsi wa lekoko lepe la sepolotiki/setheo/lekgotla/lekgotla la kgololesego ka nako e go neng go dirwa molato kgotsa melato e? fa go le jalo, o ne o dira o le mo maemong afe?
Nomore ya botokololo, fa e le teng: ... 
Letlha le o nnileng tokololo ya lekgotla/setheo/mokgatlho kgotsa lekoko la kgololesego:
Bolela mabaka gore go tla siamela setšhaba jang gore Poresitente a go itshwarele.
Fa go le jalo , fa dintlha tsa nomore ya referense ya TRC:
Fa e le gore ga jaana o diragatsa katlholo, boela gore a o kile wa kopa parole mo lobakeng lo lo fetileng:
Fa kopo ya gago ya go bewa mo paroleng e gannwe, fa mabaka a gore ke eng kopo ya gago e gannwe:
Fa o gololwa ka parole, ke melawana efe e e laolang go fiwa parole? (Tsweetswee mametlelela khopi ya mabaka a gago a parole)
Ditokomane tse di latelang di tshwanetse go mametlelediwa mo foromong ya kopo:
Kgatiso ya mmatota ya menwana ya gago.
Khopi e e rurifaditsweng ya tsebe ya ntlha ya lekwalokaong (ID) la gago.
Mametlelelo A e e tladitsweng ke lekgotla/setheo/mokgatlho/lekoko la kgololesego, fa e le gore le etleetsa kopo ya gago.
Mokwalo ope o o leng teng tebang le kagoseswa ya botho (rehabilitation).
Karolo e e tshwanetse go tladiwa le gore ditlhakaina di kwalwe mo tsebeng nngwe le nngwe fa pele ga, le gone ke Justice of the Peace kgotsa Mokomisinara wa Ikano
Nna ... Maina ka botlalo le sefane ke bolela gore tshedimosetso e e fa godimo e boammaaruri e bile e nepagetse.
Go sainilwe jaana kwa ... ka letsatsi la ... la kgwedi ya
 ... ka ngwaga wa ... 
Tshaeno (Mmoledi)
A o tlhaloganya diteng tsa polelo e?
Karabo: ... 
A o na le kganetso epe kgatlhanong le go dira maikano a a filweng?
Karabo: ... 
A o tsaya maikano a a beilweng a tlama segakolodi sa gago?
Karabo: ... 
A. Ke rurifatsa gore ke boditswe dipotso tse di umakiliweng fa godimo le gore dikarabo tsa tsona jaaka di kwadilwe fa godimo di kwadilwe ke le teng.
 ... Tshaeno a Mmoledi
B. Ke rurifatsa gore mmoledi o dumetse gore o itse e bile o tlhaloganya diteng tsa polelo eno, e a ikanneng ka yona fa pele ga me, e bile tshaneo ya Mmoledi e ne ya bewa mo go yone fa pele ga me.
Maina a ntlha ka botlalo le Sefane ... (Ditlhakakgolo)
Maemo ... Maemo mo Repaboliki ya Afoprika Borwa Aterese ya kwa Tirong ... (Go tshwanetse ga fiwa aterese ya mmila) Letlha ... Lefelo ... KGOTSA
A o tlhomamisa ka bomasisi diteng tsa polelo e? Karabo ... 
A. Ke rurifatsa gore ke boditswe dipotso tse di umakiliweng fa godimo le gore dikarabo tsa tsona jaaka di kwadilwe fa godimo di kwadilwe ke le teng.
 ... Tshaeno ya Mmoledi
B. Ke rurifatsa gore mmoledi o dumetse gore o itse e bile o tlhaloganya diteng tsa polelo eno, e e tlhomamisitsweng fa pele ga me, e bile tshaneo ya Mmoledi e ne ya bewa mo go yone fa pele ga me.
Maina a ntlha ka botlalo le Sefane ... (Ditlhakakgolo) Maemo ... Maemo mo Repaboliki ya Afoprika Borwa
Aterese ya kwa Tirong ... 
Go tshwanetse ga fiwa aterese ya mmila
Letlha ... Lefelo ... 
