

Pholisi ya merero ya puo ya setheo

Matseno

Yunibesithi ya Bokone-Bophirima e amogetse Pholisi e ya Setheo ya Puo ka 16 Mopitlwe 2007 ka gonne e le Yunibesithi e e baakanyetsang dilo kwa pele mo Aforika. E kgweediwa ke go nyorelwa kitso le go nna le boitshomololedi, go nna le mekgwatlwaelo e e tshwanang e le nosi e e theetsweng mo dingwaong tse di tshegetsang Yunibesithi.

 Bokao jwa diteng

Ka nako ya kopano ya yona e e neng e tshwerwe ka Mopitlo 2005, Senate sa Setheo se laetse go tlhomiwa ga Setlhopha se se rweleng boikarabelo jwa Merero ya Puo ya Senate, ka baemedi go tswa mo makaleng a farologaneng a ditiro tsa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima, (NWU).  Setlhopha se se rweleng boikarabelo se abetswe dithata tsa go tlhama leano la merero ya puo ya setheo go tsamaelana le Leano la Bosetshaba la Merero ya puo ya Thuto ya Maemo a a kwa Godimo mmogo le Molaotheo wa NWU, go rerisana le ditlhopha tse di nang le kgatlhego le go isa sekwalwa seo go amogelwa ke Senate, go ya ka mabaka a Karolwana ya bo 27 (2) ya Molao wa Thuto ya Maemo a a kwa Godimo.

Go thusa go kgontsha tiro e, ya go tshikhinya pholisi ya merero ya puo ya setheo, e e (i) utlwisisegang le go ka dirisiwa ka mekgwa e e farologaneng le go diragadiwa, (ii) e e tla baakanyang go se lekalekane ga dipuo mo nakong e e fetileng, (iii) e e dumelelang go diragadiwa ga ditemeteme mme gape le (iv) go rotloetsa go fitlhelelwa, go tshwaraganngwa le maikutlo a go nna beng ba yona, ga jaana e bewa mo tafoleng. 

Tlhalosa ya mareo

Kwa ntle ga fa bokao jwa diteng bo tlhalosa ka mokgwa mongwe, mareo a a latelang a tlhalosiwa jaaka a totobaditswe:

Tiriso ya ditemeteme tse di diragadiwang e tlhalosa gore go itlhophela puo e e rileng go ya ka maemo a a rileng jaaka a tlhalosiwa ka bokao jwa diteng bo a dirisiwang ka ona, le gore mabaka a a farologaneng a a tshwanang le maikaelelo a tlhaeletsano le magato a bokgoni jwa puo ya banni le seabe ba sweetsang go itlhophela khoutu ya puo kgotsa dikhoutu tsa puo. 	 	

Se se tlhalosa gore ga se dipuo tsotlhe tsa semmuso tse di tlhokang go dirisiwa mo mabakeng a ditlhaeletsano mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima (NWU) fela legale go tshwanetse ga supiwa go elatlhoko maikutlo a dipuo tsa kgaolo tse di dirisiwang mo diporofenseng tse ditsha tsa setheo di tlhomilweng mo go tsona.

Ditemeteme di tlhalosa go dirisiwa ga dipuo di feta e le nngwe, mmogo le bokgoni jwa go dirisa dipuo di feta e le nngwe.  

Togamaano ya puo ya NWU

NWU e bona maitlamo jwa yona mo go intšhwafatseng mo bonneteng jwa go nna setheo sa dipuontsi jaaka karolo ya maiteko a yona a go ikakanya sešwa, go ipaya mo maemong a mašwa le go itshekatsheka go ya ka go kgona ga yona mo pakeng e ntšhwa e. Maitlamo a yona mo go diriseng ka tota bopuontsi mo magatong a a farologaneng e tshwanetswe go bonwa jaaka kabelo mo tlhabololong ya seloago, setso le ikonomi ya setšhaba sa MaAforika Borwa. Maitlamo a, a tshwanetse gape go abelana ka tsela e e ka lekanyediwang mo “tlhabololong ya setšhaba se se ithutang se se ka tsenyang botshelo, sa kaela le go kokoanya maatla a go aga boitlhamedi le matlhale a MaAforika Borwa gore ba tle ba kgone go fitlhelela dikgwetlho tsa kagosešwa le tlhabololo”.

NWU e amogela bonnete jwa setšhaba sa bopuontsi le tikologo ya yunibesithi ya bopuontsi. Mo pheletsong molebo wa tsamaiso ya puo ya Setheo o na le phatlha ya ditogamaano tse di farologaneng gammogo le dimmotlolo tsa teng gore bopuontsi bo diragatswe mo bokaong jo bo tlhalositsweng thata jwa bopuontsi.  


Molebo wa puo wa mo NWU ka bophara o kaya (i) gore bonnete jwa dipuo mo khampaseng tse di farologaneng bo tswelele go elwa tlhoko, (ii) go bontshiwa bosisi mo ditlhokegong tsa go itlhophela puo le mo ditsholofelong tsa batho le ditlhopha ka nosi tse di nang le kgatlhego mo setheong, (iii) gore pholisi ya puo le lenaneo la yona di lepalepanngwe le dikopo tsa tikologokgolo e setheo se dirang mo go yona, (iv) gore dipuo tsa kgaolo tse di dirisiwang mo dikhampaseng tsa NWU e bong (SeAfrikaanse, Setswana, Sesotho le Seesimane di tsewa jaaka letlotlo la bosetšhaba, le gore go dirwe kabelo e e ka lekanngwang mo go diriseng dipuo tse jaaka dipuo tsa thuto e kgolwane.

Seesimane, Setswana, Sesotho le SeAfrikaanse di dirisiwa jaaka dipuo tse di dirang go ya ka selekanyetso sa ditheo sa bopuontsi jo bo dirang e bile setheo se, se tsaya seo jaaka karolo ya sona ya tiro ya go nna le seabe mo tseleng e e rulaganeng e bile e ka lekanyediwa mo go tsweletseng dipuo tse jaaka dipuo tsa thuto e kgolwane.

Go ya ka mabaka a pholisi ya puo ya setheo, thulagano e e tswelelang ya ditherisano e a latelwa mo ditheong tsa pholisi ya puo le dipolelo tsa teng di diragadiwang mo mabakeng a a dirisegang go ya ka lenaneo la puo la setheo. Leanothulaganyo le la puo le diragadiwang le go tsamaisiwa ka mokgwa o o farologaneng  mo magatong a a farologaneng mo setheong.

Pholisi ya puo ya setheo le leanothulaganyo a tshwaragantswe ka bobedi mo Leanothulaganyong la Setheo la NWU, e bile a fetolwa ka tshwanelo mo kgaotsong tsa ngwaga tse tharo. Jaaka go rebotse ba PanSALB, phetolo tse di theetswe mo tshekatshekong ya maemo le mo thulaganyong e e lepalepantsweng e tlhamaletse ya kwa ntle le ya ka fa gare mo setheong.

Bokaedi jwa Setheo jwa Puo ke mokgatlho wa setheo o o gokaganyang, o o letlang NWU go tsamaisa botsamasi jwa puo ka tsela e e nang le dikgato, e rulagane e bile e ka tsweletsega.  

Pholisi ya puo ya setheo

Go ruta -go ithuta le ditlhatlhobo

Maitlhomo a pholisi ya puo

Kakanyo ya pholisi ya puo ya go ruta ya NWU ke go oketsa phitlhelelo le katlego mo dithutong. Theo e, e tlhomamisa tsela e yunibesithi e diragatsang bopuontdsi jo bo ka dirang mo maemong a go ruta le go ithuta gore e tle e kgone go tlamelana ka kutlwalo e e utlwisisegang tota ya theo ya tshwaragano le go farologana.

Pholisi ya puo e go rutiwang ka yona ya NWU e tsweletse go elatlhoko maemo a setshaba le ka fa se itlhophelang puo ka teng go ya ka khamphase e e rileng go tsamaelana le maemo a ditshwanelo tsa puo ya batho botlhe ba ba amegang a tlotliwang ka teng.

Mabaka a a latelang a kgaoganya melelwane ya pholisi ya puo e go rutiwang ka yona mme e bile a tserwe tsia mo maemong a a utlwisisegang le go ka dirisiwa ka mekgwa e e farologaneng le go akaretsa maano a puo e go rutiwang ka yona:

go atolosiwa ga puo le ditlhokego tsa puo mo dikhamphaseng tse di farologaneng,

mefuta e e farologaneng mo manaaneng a go ruta

mebaraka e e kgethegileng le e e farologaneng e e direlwang ke mekgwa ya go aba ditirelo le/kgotsa mananeo a go ruta,

le

bokgoni jwa mafaratlhatlha a dikhamphase tse di farologaneng.

Metlhala ya pholisi ya puo

Sengesemane le SeAfrikaanse ke dipuo tsa motheo tse di dirisiwang go ruta mo NWU mme ka dikgato tsa dipatlisiso tse di tsweletseng go sweditswe gore ke tshwaelo efe e e ka dirwang go tlhabolola dipuo tsa Bantsho tsa kgaolo go nna dipuo tse go rutiwang ka tsona mo thutong ya maemo a a kwa godimo.

Ditshwantsho tsa puo tse di farologaneng tsa go ruta di dirisiwa kwa dikhamphaseng tse di farologaneng go kgontsha go tsholetsa le go rotloetsa go fitlhelela thuto ya maemo a a kwa godimo, mo gare ga tse dingwe, go ruta ka puo e le nngwe, go ruta ka dipuo tse di lepalepaneng le go ruta ka dipuo di le pedi, mmogo le ditirelo tsa go ranola mo phaposiborutelong.  Go atolosiwa ga tirelo e mo mananeong a le mmalwa a go ruta go diragadiwa go ya ka maemo le mekgwa e e dumallanweng.

Bokaedi jwa Puo, ka tirisano le botsamaisi jwa dikhamphase tse di farologaneng, bo dira e le lefelo la go tlisa le go golola dipegelo le botsereganyi fa go nyenyefadiwa ditshwanelo tsa puo.

Go sala go le mo magetleng a boikarabelo jwa botsamaisi jwa dikhamphase tse di farologaneng go tswelela go fetolela maitlhomo a pholisi ya puo e go rutiwang ka yona go nna selekanyetsi le maano a a kgonegang a puo mo khamphaseng, le go tlhokomela ditherisano le go a diragatsa.

Pholisi ya dipatlisiso tsa puo

Maitlhomo a pholisi ya puo

NWU e aba dikuno tsa dipatlisiso tsa maemo a boleng jo bo kwa godimo tse di buisiwang le go dirisiwa boditshabatshaba; ka go rialo babatlisisi ba rotloediwa go phasalatsa dipholo tsa dipatlisiso tsa bona ka puo e e ka fitlhelelwang ke semphato sa baithuti botlhe.

Go itlhophela puo e di phasaladiwang ka yona go mo magetleng a mmatlisisi, fa merero e mengwe e e tshwanang le maikaelelo a pegelo ya diphatlisiso, ba ba tla e buisang, mmogo le bokgoni jwa puo jwa bao ba solofetsweng go e buisa go etswetlhoko fa go tla mo puong e e itlhophetsweng. 

NWU e sala e amega mo dipatlisisong le go bona ditharabololo tse di mosola mo ditshwaelong tsa bosetshaba mabapi le go fetola ditemeteme go nna borutegi jwa ditlhalefi[1].

Metlhala ya pholisi ya puo

Puo e e itlhophelwang dipholo tsa dipatlisiso e sala mo magetleng a mmatlisisi ka nosi mme tshweetso e tsewa le go diragadiwa ka ditherisano le mokaedi wa lefapha le le tshwanetseng le le le ikaeletsweng.

Bokaedi jwa Puo bo nna bo amega mo dikgatong tsa dipatlisiso mo go se se eletsegang le go kgonega ga ditemeteme tsa borutegi jwa ditlhalefi e bile go tswelelwa go golola pegelo ya dipholo tsa dipatlisiso tse, go Botsamaisi jwa Setheo e le karolo ya lenaane la ditumellano tsa mokgwa wa go dira.

Pholisi ya Puo: botshelo jwa baithuti jo bo rulagantsweng ka botlalo

Maitlhomo a pholisi ya puo

Pharologano ya puo ya baithuti kwa dikhamphaseng tse di farologaneng tsa NWU e tsewa e le boswa jwa setheo mme e tshwaela mo go tlhomeng maemo a a akaretsang le go dumelela botlhe mo maemong a botshelo jwa baithuti.

Motlhala wa pholisi ya puo

Pholisi ya puo ya botshelo jo bo rulagantsweng ka botlalo jwa baithuti e dira ditshiamelo ka tsela e e latelang: mo maemong a botshelo jwa go dirisa ditemeteme, pholisi ya puo e dira tshiamelo ya go sireletsa ditshwanelo tsa puo ya baithuti mme gape e tlhokomela gore ditlhaeletsano le bathati le baithuti mmogo mo dikhamphaseng tse di farologaneng di tsaya tsia sebopego sa ditlhopha tsa puo ya baithuti le puo e batho ba ba amegang ba e itlhophelang.

Pholisi ya puo: go tokafadiwa ga bokgoni jwa puo le go ithuta puo

Maitlhomo a pholisi ya puo

NWU e tshwaela, mo dikgatong tse di farologaneng tsa go dira ga yona, ka mokgwa o o rulagantsweng le o o lekanyediwang mo go tokafatseng maemo a bokgoni jwa thutego le ditemeteme tsa badiredi le baithuti, ka go rialo e ba kgontsha go dira ka manontlhotlho go tsamaelana le diteng tse di farologaneng.

Metlhala ya pholisi ya puo

Go dirilwe ditshiamelo tsa go ruta dikhoso/dimodule tse di latelang tse go ka ikwadisetswang tsona, mo teng kgotsa kwa ntle ga lenaane-thuto:

	(i) dikhoso tsa go ithuta puo tse di rulaganyeditsweng ruri,

	(ii) go tokafatsa bokgoni jwa Sengesemane ga mabaka a botshelo, mmogo le a go ithuta 

Go dirilwe ditshiamelo kwa dikhamphaseng tsotlhe tsa NWU go elatlhoko le go tokafatsa bokgoni jwa go ithutela puo.

Botsamaisi jwa puo kwa diphaposiborutelong bo diragadiwa ka mokgwa wa setshwantsho sa botsamaisi jwa puo go elatlhoko maemo a boleng jo bo kwa godimo jwa go dirisa puo ya borutegi ga badiredi le baithuti ka tsela e e gaisang ka fa go kgonagalang ka teng.

Pholisi ya puo: Puo ya botsamaisi, ya mekgwa ya go dira le ya thefosano ya dikwalwa

Maitlhomo a pholisi ya puo

Bonnete jwa pharologano tsa puo mo dikgatong tse di farologaneng tsa go dira tsa setheo mmogo le go supa go elatlhoko maikutlo mo go itlhopheleng puo ga ditlhopha tse di nang le kgatlhego ka fa teng le kwa ntle ga setheo go laetswe ke maikano a dipuo tse di dirisiwang mo mererong ya tiro le dipuo tsa botsamaisi mo NWU, mmogo le maikano a go itlhophela puo ya ditlhaeletsano tsa ka fa teng le kwa ntle ga setheo.

2.	Maikano a go itlhophela puo ya ditlhaeletsano tsa ka fa teng le tsa kwa ntle ka mokgwa o o tsweletseng go dirwa go tsewa tsia mabaka a a latelang: maemo/diteng tsa ditlhaeletsano, maikaelelo a ditlhaeletsano, ditlhokego tsa puo le magato a bokgoni jwa puo ya ba ba tlhaeletsanang.

Motlhala wa pholisi ya puo

Go diragadiwa ga tiriso ya ditemeteme mo mabakeng a tiro le a botsamaisi go diragala ka mokgwa o o rulagantsweng le o o nang le maikaelelo a maungo.  Ka mokgwa wa ditherisano, go loga maano go a rotloediwa mme go tlhomilwe didirisiwa ka mokgwa o o tsweletseng go kgontsha go diragadiwa ga ditemeteme ka botlalo mo lefelong la tiro la NWU ka fa go kgonagalang ka teng, go etswetlhoko ditshwanelo tsa puo tsa batho ba ba nang le kgatlhego.



Sekwalwa se se rulagantswe ke Setlhopha sa Badiredi ba Senate sa Puo sa Setheo, Moranang 2006.  Finally edited in February 2007.



Original details:  HSCAVDM  h:\2. governance and management\2p  policy\beleide\t-language policy.doc
2007-11-01

