Andr Mellet wa YBB ke moekonomi wa Ngwaga wa Absa/Beeld






Andr Mellet wa YBB ke moekonomi wa Ngwaga wa Absa/Beeld

VANDERBIJLPARK - Mor Andr Mellet, motlhatlheledi wa ekonomi wa kwa khampaseng ya Vaaldriehoek ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima o supilwe fela maloba e le Moekonomi wa Ngwaga ka go amogela kabelo e e tlotlegang ya go fenya kgaisano ya Moekonomi wa Absa/Beeld wa Ngwaga.
Di prestige benoeming is op Dinsdag, 8 Mei 2007, tydens ? glansgeleentheid in Kyalami gemaak toe mnr Mellet koning gekraai het met sy voorspellings oor die ekonomie.
Se se dirang gore se e nne tiro ya botsweretshi go feta ke gore ke ene moakatemi wa ntlha wa go fenya kgaisano e le gore, ene, go ya ka baatlhodi, o fentse kgasano ka palo e kgolo ya maduo magareng a ene le moekonomi yo o boneng lefelo la bobedi.
Go ya ka diponagalo tsa kgaisano mor. Mellet o ne a nepile dikarabo tse tlhano mo go tse lesome tse di ka fetogang mo dikakanyong tsa palo ya ditsalo tse ba neng ba tshwanetse go di bonela pele mme tsa gagwe tsa nna tse di nepagetseng go feta. Ene o setse a dirisane mmog le kgaisano go tloga ka 2003 mme monongwaga o fenste baekonomi ba ba 30 ba ba tlhophilweng ka diatla.
Kwa ntle ga go bona sekgele sa go nna Moekonomi wa mampodi wa 2006 mor. Mellet o bone gape bone kabelo ya sekgele sa R100 000.
Mor. Mellet ke molokolodi wa dithelete yo o tlotliwang mme o setse a kwadile diathikele tse di rileng kwa Financial Planners Institute (FPI).
Ka a le moakatemi o setse a bontshitse dikhoso tse di mmalwa tsa disetifikeiti mme ene ke sebui se se itsiweng ka ga mabaka a ekonomi. Dikgatlhego tsa gagwe ke ekonomi ya monetari le ekonomi ya makro le mabaka a melao.  O bone dikerii ya gagwe ka ekonomi ya monetari.
Mor Mellet o bona sekgele se a se amogesteng e le tlotlo e kgolo thata mme ke kapeso e kgolo mo bophelong jwa tiro jwa gagwe. O setse a na le dilemo di le lesome nngwe a direla ka mo khampaseng ya kwa Vaaldriehoek.




Mor. Andr Mellet o ntshitse sehuba ka sekgele se a se amogetseng ka a bonwe a le Moekonomi wa Ngwaga.

