YBB e amogela basari ya DALRO






YBB e amogela basari ya DALRO


POTCHEFSTROOM  Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba e amogetse basari go tswa go DALRO(Dramatic, Artistic and Literary Rights Organisation) e e kana ka R25 000 ka kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke Tirelo ya Setheo ya Molao ya YBB.

Mor Gerard Robinson, Mokaedi Khudutamaga wa DALRO, o ne a fana ka theke go Moporof. Annette Combrink Moreketoro wa khampase ya Potchefstroom ya YBB go tweletsa dithuto tsa thuo ya motho ya tlhaloganyo mo Yunibesiting.

Moporof. Annette Combrink o rile: Jaaka Yunibesiti e direla mo itasetering ya tshedimosetso e dumela boikarabelo jwa yona go sireletsa thuo ya motho ya tlhaloganyo le go tshegetsa tirisanommogo le dilekane tse di tshwanang le DALRO.

DALRO e ikaelela go tshegetsa le go tsamaisa le go sireletsa bakwadi le bagatisi tshwanelo ya go ka gatisa dibuka le dimakasini tse di gatisiwang le tse di leng teng ka mo Borwa jwa Aferika le mo Inthanete. Go gatisa gape le go dira dikhopi ka mo dikerafong jaaka ka dikhopi tsa difotosetata, difakese le go gatisa go tswa ka mo inthaneteng.




Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba e amogetse basari go tswa go DALRO. Go tswa ka mo molemeng ke Moporof. Chris van der Walt, Mokwaledi wa Setheo wa YBB, Mor. Frans Kruger, Mokaedi wa Setheo: Tirelo ya Semolao, Mor Gerard Robinson, Mokaedi wa Tsamaiso: DALRO, Moporof Francois Venter, Diini: Fakalthi ya molao, khampase ya Potchefstroom, le Mor Herman Blignaut, mmueledi wa go tswa Spoor & Fischer.

