Khampse ya Vaal Triangle e lebelela Molao wa Thuto






Khampse ya Vaal Triangle e lebelela Molao wa Thuto

VANDERBIJLPARK.  Molao wa Thuto o ne o le tlhogo ya dipuisano ka leeto la moakatemi wa tlotlo go tswa kwa Amerika, Moporof. Charles Russo, ka mo khampaseng ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB) Motlhatlheledi yo wa moeng o tswa kwa Yunibesiting ya Dayton kwa Ohio mme o tshwere dikerii ya tlotlo ya bongaka ya mo YBB.

Molao wa Thuto o le serutwa o ile wa gola ka boleng ka mo khampaseng ya Vaal Triangle mme se amogelwa ke dithabathaba go fitlhela kwa dithutong tsa PhD. Go ya ka Ngaka Elda de Waal, motlhatlheledimogolo ka mo Sekolong sa Bosaense jwa Thuto botlhokwa jwa Molao wa Thuto e tshwanetswe go bonwa botlhokwa go feta. Dithulaganyo le dipholisi tse di laolang thulaganyo ya thuto di botlhokwa thata.  Procedures and policies regulating the educational system are of the utmost importance, bogolo-segolo ka mo lebaleng la thulaganyo ya thuto ka mo Aferika-Borwa ga bua Ngaka De Waal.

Mosola wa leeto la ga Moporof. Russo ka kwa Khampaseng ya Vaal Triangle le ne le le go kaela baithuti ba PhD tsela ka mo Sekolong sa Bosaense jwa Thuto.

Ka ene a le Modulasetulo wa Joseph Panzer ka mo Thutong ka mo Sekolong sa Thuto le Maithutelo a a Amanang mo Yunibesiting ya Dayton mme a le motlatsa-moporofesara ka mo Sekolong sa Molao, Moporofesara Russo o bonwa ka mo dithabathabeng e le moitsegotlhe le senatla ka mo Molaong wa Thuto. Go fitlha jaanong Moporofesara Russo o kwadile diathikele tse di fetang 150 ka mo dijenaleng tse di atlholwang ke balekane mme o kwadile kapa o thusitse go kwala kapa o nnile motseleganyi wa dibuka tse di fetang 20. Ka a le karolo ya Ofisi ya Ombudsman ka mabaka a ditshwanelo tsa batho le kgololesego ya bodumedi, Moporof. Russo o setse a tsamaile maeto a mantsi go ya kwa Sarajevo, Bosnia le Herzegovina.



Ba ba neng ba etile le Moporof. Russo ka leeto ka mo nokeng ya Vaal go tswa mo molemeng ke Moh.Elize Kng, moithuti wa PhD, Ngaka Elda de Waal, motlhatlheledimogolo ka mo Sekolong sa Bosaense jwa Thuto, Khampase ya Vaal Triangle, Moporof. Charles Russo le mogatsa Debbie, gammogo le moh.Erika Serfontein, moithuti wa PhD.

