YBB e ne e le mong-gae wa Sakai Programmer's Cafe






YBB e ne e le mong-gae wa Sakai Programmer's Cafe


POTCHEFSTROOM - Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba e ne e le mong-gae wa ntlha wa Sakai Programmers Cafe ka mo Aferika-Borwa.  Sakai ke thulaganyo ya khomputara e e bulegileng go tsamaisa dithuto le dikhoso ka mo tikologong ya dithuto tsa mo diyunibesiting kapa thulaganyo ya eLearning jaaka e itsiwa ka gale mo Aferika-Borwa.
Tlhomelo ya Sakai ka mo YBB e bidiwa eFundi. Re tseile kgato ya go tlolela kwa go eFundi nako e kana ka ngwaga le go gogela morago thulaganyo e re neng re ipopetse yona ya Varsite LMS ka mafelo a 2008.
Re ne re tlotlegile ruri go na le baagi ba Sakai ba bararo ba bagolo ka mo ga rona ga bua Mor. Boeta Pretorius, Motsamaisi wa Setheo: Karolo ya Tiro le Patlisiso ya IT. Ba babedi ba baagi ba e leng barena Antranig Basman le Aaron Zeckoski ba tswa kwa Cambridge University kwa United Kingdom mme wa boraro ke mor. Tony Atkins, go tswa kwa Scotland.
Mor Pretorius o dumela gore se se ka thusa Yunibesiti go tlisa tiro ya kemo nokeng e e tokafetseng ka mo morafeng wa baithuti o o golang ka bonako wa eLearning wa mo YBB mme ba ka bona katlego go fudugisa dikhoso di le 350 le baithuti ba teng go tswa mo Varsite go ya kwa eFundi ka mo teng ga dikgwedi tse 18 tse di tlang.
Beke e ne e le ya khumo go ba ba 22 ba ba neng ba tsene kopano go tswa go diyunibesiti le dikholethe tse nne le batsayakarolo ba babedi ba kgwebo.  Ba ne ba dira thata malatsi a matlhano a a tletseng me ba tswa ba lapile thata mme ba itumetse ka ba ithutile thata, ga bua Mor. Pretorius.
Fela dikgwedi tse di fetileng barena Tony Atkins le Aaron Zeckoski ba ne ba direla kwa Virginia Tech kwa USA, kwa moithuti a ileng a tlhakana tlhogo mme a thunya palo ya baithuti ba bangwe.  Se se ile sa diragala ka nako e ba neng ba le mo YBB





Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba e ne e le mong-gae wa ntlha wa Sakai Programmers Cafe ka mo Aferika-Borwa.  Sakai ke thulaganyo ya khomputara e e bulegileng go tsamaisa dithuto le dikhoso ka mo tikologong ya dithuto tsa mo diyunibesiting kapa thulaganyo ya eLearning jaaka e itsiwa ka gale mo Aferika-Borwa.

