Tona ya Thuto e bula semmuso dikago tse dintshwa tsa akatemi






Tona ya Thuto e bula semmuso dikago tse dintshwa tsa akatemi

VANDERBIJLPARK  Tona ya Thuto, Moh. Naledi Pandor a ne a le teng malobanyana go tla go bula semmuso palo ya dikago tse dintshwa tsa akatemi kwa Khampaseng ya Vaal Triangle ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima.

Tiragalo e ya hisitori ke, jaaka seane se bua fa se re ke theri ka mo godimo go fetsa kuku ka e ne e le go fetsa porojeke ya dimeleone di le R30 tsa go aga kwa khampaseng eo. Go godisa khampase e e ne e le tiro e kgolo e e neng e tshwanetswe go diragala ka lebaka la kopano ya diyunibesiti e e dirilweng ke Lefapha la Thuto e e simolotsweng ka 2003. Tiro e ya kopano ya diyunibesiti e ne ya fokotsa palo tsone go tswa go 36 go ya go 22 mme go ya ka Tona , tiro e ga ya fetola fela lebala la thutogodimo mo Aferika-Borwa mme e fetotse gape gore re balelwe le mo dithabathabeng.

Go ya ka Tona diyunibesiti tsa mo Aferika-Borwa  ga di na botlhokwa fela ka mo ga rona mme di na le bone gape ka mo kontinenteng ya Aferika ka bophara mme gape mafatshe otlhe a SADEC (South African Development Community) a ka bona mosola ka kitso le popontshwa ya mo Aferika-Borwa.

Tiro ya kopano ya diyunibesiti e ne ya tlela khampase ya Vaal Triangle ka kgwetlho e kgolo ka gore go ne go tshwanetswe go baakanyetsa dithulaganyetso tsa go tsenyeletsa le go fudugisetsa badirimmogo le baithuti ba kwa Vista le Sebokeng ka mo Khampaseng ya Vaal Triangle ya yunibesiti ya pele ya Yunibesiti ya Potchefstroom ya Thuto-Godimo Sekeresete.

Ka dikago le dithulaganyetso tsa Khampase ya Sebokeng di ne di se karolo ya kopano ya diyunibesiti jaaka kwa dikopanong tse dingwe, Lefapha la Thuto le ile la duela ditshenyegelo tsa go aga dikago tse dintshwa le go tokofatsa dithulaganyetso tsa mo khampaseng.

Ka puo ya Tona ka nako ya pulo ya semmuso o ne a boka Yunibesiti ya Bokone-Bophirima ka tswelelopele e e dirilweng ka kopano mme a re gape gore ruri Setheo se setse se tseile dikgato go ka netefatsa toro ya go ka nna Setheo se se fetogileng ruri.



Tona ya Thuto, Moh. Naledi Pandor
The Minister of Education, Me Naledi Pandor o bula polaka semmuso.






Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa YBB, Moh. Naledi Pandor, Tona ya Thuto le Moporof. Piet Prinsloo, Moreketoro wa Khampase ya Vaal Triangle.

