Khampase ya kwa Vaaldriehoek e tlotla babatlisisi le ba ba itlhaotseng






Khampase ya kwa Vaaldriehoek e tlotla babatlisisi le ba ba itlhaotseng

VANDERBIJLPARK.  Fela maloba ka mokete o montle kwa khampaseng ya Vaaldriehoek go ne go abelwa tlotlo go babatlisisi le badirimmogo ba ba ileng ba itlhaola 2006.
Kabelo e kgethegileng e ile ya fiwa moporof. Hans van Deventer (mampodi wa babatlisisi ba 2006) le ngaka Linda Theron(mampodi wa batlhatlheledi, KSIR, 2006) le moh. Daleen Gerber(mampodi wa batlhatlheledi, VERKA, 2005).

Tirokgolo ya moakatemi go ya ka moporof. Tinie Theron, Diini wa Fakalthi ya Vaaldriehoek, ke go ruta le go ithuta ka boleng mme se se tshwanetse go tshegediwa ke patlisiso e tswelelang.

Patlisiso e e gatisiwa ka mo dimakasining tse di kwadisitsweng mme se se botlhokwa mo baithuting le mo batlhatlheleding ba badirimmogo.  Diathikele tse di kwadilweng ka mo Khampaseng ya Vaaldriehoek di ile tsa oketsega ka diporosente di le 50% ka palo go tloga ka 2004.  Palo ya diathikele di ile tsa fitlha palo ya 32,96 ya diathikele ka 2006 fa go lekantshiwa le 12.5 ka 2003; 17.16 ka 2004 le 32.5 ka 2005. Se se dirang gore se e nne tiro ya botsweretshi gape ke gore diathikele tse di 33 ka 2006 di ntshitswe ke badirimmogo ba ba 19 fela.

Badirimmogo ba Fakalthi ya Vaaldriehoek ba ile ba itlhaola le ka Kabelo ya Setheo ya go Itlhaola ka go Ruta(KSIR) mme Ngaka Linda Theron (Sekolo sa Bosaense jwa Thuto) o nnile mampodi wa batlhatlheledi ka mo khampaseng.

Badirimmogo ba ile ba tlhotlhelediwa go tsenelela kgaisano ya KSIR le go tlhabolosa bokgoni jwa bone jwa go ruta le go arabela ditlhokego tsotlhe tsa mokgwa wa go ruta wa OBE.  Batlhatlheledi ba ba ikwadiseditseng KSIR ba ile ba oketsega le bone ka palogare ya 50% le teng go tloga tlhomelo ya KSIR ka 2003. Ka 2006 go ne go ikwadisitse ba ba 6 go atlholwa ka mo KSIR.

Badirimmogo ba akatemi ba tshwanetse go tlhotlhelediwa ke tiro ya botsweretshi le bomampodi jwa bone go thusa gore Fakalthi e gole ka maatla mme e nne e e balelwang ka mo akateming ga bua moporof. Theron.




Go tloga mo molemeng ke moh. Daleen Gerber(mampodi wa batlhatlheledi, VERKA, 2005), moporof. Tinie Theron, Diini wa Fakalthi ya Vaaldriehoek le Ngaka Linda Theron(mampodi wa batlhatlheledi, KSIR, 2006). Moporof. Hans van Deventer, mmatlisisi wa mampodi wa 2006 a ne a seyo.

