NWU Soccer Institute Launched






NWU Soccer Institute Launched

MAFIKENG  Setheo se sentshwa sa Kgwele ya maoto e ne e tlhometswe fela maloba kwa Khampaseng ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima ke Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa YBB le Sir Dave Richards, Modulasetulo wa Kgwele ya Maoto ya English Premier Soccer League le Motlhokomedi wa Setheo sa Kgwele ya Maoto sa Aferika Borwa.

Tlhomelo ya Setheo sa Kgwele ya Maoto se ne se amogetswe ke merafe ya Mafikeng ka boitumelo mmuso wa porofense.  MEC ya Tlhabololo ya Loago, Moh. Ms Nikiwe Manqo o ne a tlotla Yunibesiti le ba English Premier League ka kabelo ya bone go tlhabolosa porofense.

Go tloga ka Tlhakole wa 2007 Setheo se na sa bulela mabati a sone go amogela baithuti ba ba 40.  Baithuti ba ba tseiwang ka mo diporofenseng tse robedi mo go tse robongwe tsa Aferika Borwa ba ne ba tshwanetswe go arabela dikaelo le dikeriteria tsa tlwaelo mme ba ne ba tshwanetse go bontsha le bokgoni jo bogolo jwa kgwele ya maoto.  Ba tla tsenelela porokerama e e tseneletseng ya tlhabololo ya metshameko mme ba kwadiseditswe le dikerii, dipoloma kapa thuto e e rileng ya yunibesiti.  Setheo se se tshwana le ditheo tse dingwe tsa mo dikhampaseng tse dingwe tse Yunibesiti e setseng e di tsamaisa tsa metshameko e mengwe.

Ditshenyegelo tsa Setheo tsa ntlha di ile tsa diriwa ke madi a Yunibesiti mme tsa Lefapha la Thuto le English Premier League ka go feta mo South African Football Foundation (SAFF). Premier League e ntshitse kabelo ya 300,000 (e ka nna diranta di le R4,2m) go thusa go ema baithuti nokeng ka dithuto, madulo, dibuka le dijo.

Setheo se ile sa amogela thuso gape go tswa dikarolong tse di farologaneng tsa tsa mo Aferika Borwa le ka kwa moseja jaaka go tswa go FIFA, SAFA le Bihopo Desmond Tutu.

Mafoko a ga Ngaka Theuns Eloff ka nako ya tlhomelo a re: Setheo se tla agela mo godimo ga bokgoni jwa YBB le maitemogelo a yone a go tlhabolosa metshameko ka maemo a a kwa godimo.  Re ikaeletse go dirisa setheo se go godisa thuto e e tswelelang le tlhabololo ya merafe le go bopa senteramo ya bokgoni ya Aferika e e tla thusang go tlhabolosa kgwele ya maoto mo Aferika Borwa mme thata le mo borweng jwa Aferika.

"Ruri re amogela thuso ya SAFF le ya Premier Soccer League e e re thusitseng gore re kwadise baithuti ba ntlha ka 2007.

Jaaka re le mo tselang ya Kgaisano ya Lefatshe ya 2010, matlho otlhe a lefatshe a lebeletse SA le kgwele ya maoto ka mo SA.  Setheo sa Kgwele ya Maoto sa YBB e tla nna segopotso se se salang sa ruri sa kgaisano e kgolo e. Se na le bokgoni jwa go ka fetola maphelo a batsha ba bantsi ba Aferika Borwa ka go dirisa kgwele ya maoto mme se tla baya fatshe boleng jo bonsthwa mo dikarolong tse dintsi tsa kgwele ya maoto.  SAFF le Premier League ba itumeletse tirisanommogo le go nna batsayakarolo ba ntlha ka mo tlhomelong ya setheo se, ga bua Sir Dave Richards.


