Motlatsakhansele wa YBB o tlotla babatlisisi ba HESS






Motlatsakhansele wa YBB o tlotla babatlisisi ba HESS

POTCHEFSTROOM  Ka kopano ya go ja sefitlholo Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) o ne a tlotla setlhopha sa babatlisisi ba HESS(High-Energy Stereoscopic System) ba ba neng ba le karolo ya babatlisisi ba dithabathaba ba ba fentseng kabelo ya Saense ya Descartes e e tlotlegang fela maloba.

Setlhopha sa HESS, se ne se bopilwe ke palogare ya babatlisisi ba ba 100 go tswa kwa mafatsheng a a farologaneng, ba ne ba biditswe maina mo karolong ya saense ya ka porojeke e e neng e bidiwa: A new glimpse at the highest-energy Universe.

Karolo ya setlhopha ya mo gae e e neng e ja sefitlholo e ne e le Moporof. Okkie de Jager, moeteledipele wa setlhopa, Moporof. Christo Raubenheimer, Ngaka Ingo Bsching, le barena Mathew Holleran le Christo Venter. Moporof. Annette Combrink Moreketoro wa khampase ya Potchefstroom le Moporof. Kobus Pienaar, Diini wa Fakalthi ya Bosaense jwa Tlholego ba ne ba le mo kopanong le bone.

Re kgatlhegile thata ka babatlisisi ba, ga bua Ngaka Theuns Eloff. Go ya ka ene Aferika Borwa e mo nakong ya hisitori ya mo ditheong tse di nang le katlego, tse di ikaeletseng bokgoni jwa go itlhaola, di tlhokegang.

E nngwe ya maikaelelo a togamaano a YBB ke go nna Yunibesiti e e nang le tekatekanyo ya go ruta le go batlisisa mo dilemong di le tlhano tse di tlang. Ka patlisiso jaanong jaana YBB e bonwa gongwe e le ya boratharo mo diyunibesiting tsa mo Aferika Borwa, mme se ke bokgoni bo bo kgatlisang ka gore ga re yunibesiti e e nang le fakalthi ya bongaka, ga bua Ngaka Theuns Eloff.

Moporof. Kobus Pienaar gape le ene a ne a tlotla setlhopha sa babatlisisi ka go gatela botlhokwa jwa go bopa ditirisanommogo tsa dithabathaba le dithulaganyo jaaka go dirisana le ditlhopha tsa patlisiso jaaka HESS.

Ka mo kopanong khopi ya setifikeiti se se ka mo kgatlheng se se amogetsweng ke setlhopha se ne sa fiwa Ngaka Theuns Eloff le Moporof. Annette Combrink. Motshegare wa letsatsi leo babatlisisi ba ne ba fofela kwa Krakow kwa Poland go ya go tsena kopano ya setlhopha sa HESS. Kopano e e latelang ya HESS e tla tshwarelwa kwa Fora ka Mopitlwe wa 2008 mme ka Phatwe 2008 ka mo Aferika Borwa kapa kwa Namibia.

HESS e bopilwe ka go na le ditelesekopo tsa marang a gamma tse nne kwa Namibia tse mo dilemong tse di fetileng tsa lemosa metlholo ka ga marang a gamma go tswa mo loaping.

Khomihene ya Yoropa e tlhophile diporojeke tse tharo tsa patlisiso ba ba tlileng go kgaoganya madi a kabelo a a kana ka di-Euro tse di meleone. Ka mo EU kabelo ya Descartes e bidiwa gantsi e le Kabelo ya Nobel Prize ya ditlhopha tsa patlisiso tsa dithabathaba tsa saense.



Moporof. Annette Combrink, Moreketoro wa Khampase ya Potchefstroom, Moporof. Okkie de Jager, moeteledipele wa setlhopa sa babatlisisi, le Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa YBB.

