Khampase ya Vaal Triangle ya YBB e tshwara kopano ya SRC ya ntlha ya kgale








Khampase ya Vaal Triangle ya YBB e tshwara kopano ya SRC ya ntlha ya kgale

VANDERBIJLPARK.  Khampase ya Vaal Triangle ya YBB e ne e tshwere kopano ya ntlha ya SRC(Students Representative Council) ya ntlha mo dilemong di le 30.  Baithuti ba kgale ba ba neng ba tswa bokgakala jwa kwa Kanada, Fora le kwa Boritane ba ne ba tletse kopano.

Khampase e fetogile thata go tloga ka kgetho ya SRC ya ntlha ka 1979 e rile baithuti ba ruri ba ne ba le palo ya 24. Gompieno baithuti ba khampase ba setse ba feta palo ya 3000.  E ne e le ka nako e, go boela morago ka dingwaga di le 30, mo khampase e ya noka e ne ya bidiwa Khampase ya Vaal Triangle.

Maikaelelo a kopano ya baithuti ba kgale e ne e se fela go bontsha baithuti tlhabololo ya khampase mme e ne e le go simolola Kokoano ya Baithuti ba Kgale ba VaalPukke e e bidiwang VaalPukke Alumni Chapter. Thulaganyo ya baithuti ba kgale e setse e le kana ka maina a le 2000 ka mo khampaseng ya Vaal Triangle.
VaalPukke Alumni Chapter e bopilwe ke Khansele ya Yunibesiti mme e wela ka mo tlase ga boikarabelo jwa Khansele.

Ka go tsenela kopano ya baithuti ba kgale, baeteledipele ba baithuti ba ne ba na le tshono ya go ka bona tsamaiso ya khampase ka bo-bone mme ba ikutlwela le setso se se ntshwa sa mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima.  Lenane le ne le na le leeto ka mo khampaseng, go tsamaya mo metsing ka sekepe le go buisana ka tapoloso ka mo thoko ga noka ya Vaal. Tlhogo ya kopano e ne e le: Where do your roots lie? mme ga bonwa ka bonako gore mowa wa moithuti o o bophelo o phelela ruri mme ga go reye gore o na le dingwaga tse kae.




Ba kgale le ba segompieno.  Modulasetulo wa ntlha wa SRC wa Khampase ya Vaal Triangle Mor Koos Pretorius (1979), o tlotla ka ga tsa kgale gammogo le modulasetulo wa jaanong jaana Mor Wilberforce Runeli.




Ba boetse phaposiborutelong.  Baithuti ba dingwaga di le 30 tse di fetileng ba kopane gape sa ntlha mo kopanong ya ntlha ya SRC ya kgale ka mo khampaseng ya Vaal Triangle.




Baeteledipele ba baithuti ba ba itlhaotseng.  Kopano ya ntlha ya baithuti ba kgale le ba SRC ya kopantsha ba dingwagasome di le tharo tse di fetileng kwa Khampaseng ya Vaal Triangle.

