﻿Yunibesiti ya ntlha go thapa baeteledipele ba ba kwa godimo






Yunibesiti ya Bokone-Bophirima gompieno e nnile yunibesiti ya ntlha e e kopantshitsweng go thapa baeteledipele ba ba kwa godimo ka kopano ya Khansele mo Potchefstroom. Dithapo tse di sala morago thapo ya Ngaka Theuns Eloff go nna motlatsa-khansele mo tshimologong ya ngwaga.

Khomiti e e neng e bopilwe ke Ngaka Lydia Sebego(Modulasetulo wa Khomiti e le motlatsamodulasetulo wa Khansele), Ngaka Leon Wessels(Tokololo ya Khansele), Mmueledi ZolekaSicwebu(Tokololo ya Khansele) le Ngaka Theuns Eloff (Motlatsa-Khansele) ba ne ba filwe maatla ke Khansele go tsamaisa tiro ya go thapa batsamaisi ba mme go tla ka maina mo Khanseleng.

Khomiti e ya Khansele e ne e ela tlhoko mabaka a a latelang gore ba kgone go tlisetsa Khansele maina.  Mabaka a a akaretsa a a latelang:

Keriteria e e dirisitsweng ke go amogela motho yo o siameng go feta mo tirong e nngwe le e nngwe ka go lebelela bokgoni, maitemogelo, tekatekanyo ya bong, diphetogo le tswelelopele.  Senete le dikhomiti tsa dikhampase le IF ba ilwe ba bodiwa dikgakololo tsa bone ka ga tshiamo ya batho jaaka Khomiti ya Khansele e ba file maina. 

Khansele e e ile ya vouta ka bontsi ba divouto tsa ditokololo tse di neng di le teng gore batho ba ba latelang ba thapiwa go simolola ka 1 Lwetse 2004:

Motlatsaporisipala: Ngaka Ngoato Takalo

Moreketoro wa Khampase ya Potchefstroom: Moporof. Annette Combrink;
Moreketoro wa Khampase ya Vaal Driehoek: Moporof. Piet Prinsloo;
Mokwaledi wa Setheo: Moporof. Chris van der Walt;
Mokaedi wa Setheo: Ditshelete le Dibebofatsi: Moporof. Johan Rost;
Mokaedi wa Setheo: Metswedithuso ya batho, Mabaka a baithuti le Boakanyetsi: Moporof. Frikkie van Niekerk le
Motsamaisi wa Setheo: Neeletsanyo ya Korporasi: Me. Shamiela Letsoalo.

Phatlhatiro ya Moreketoro ya khampase ya Mafikeng ga e a tladiwa jaaka go akantswe ke Khansele mme  tiro e ka diriwa papatso go ya kwa ntle.

Motlatsa-khansele Ngaka Theuns Eloff o buile gore tswetso e ya tlhopho ya batsamaisi ba ba kwa godimo ke tshimologo ya diphetogo tse di tswelelang ka mo Yunibesiting ya Bokone-Bophirima: Mo go ba ba thapilweng go na le ba bararo ba ba tswang mo ditlhopheng tse di kopiwang ke mmuso mme Khansele  e akantshe thata thulaganyo ya go salana morago mo nakong e e tlang" Ka mo ntlheng e nngwe setlhopha se sa batho ke ba ba nang le bokgoni bo bogolo ka maitemogela a magolo ka mo thutogodimong le ka mo tiregong e ya kopano ya diyunibesiti go fitlhela jaanong.  Ka kgato e ya Khansele maatla le tswelelopele ya tirego ya kopano, e e fetang tsotlhe ka mo Aferika-Borwa, e amogetse maatla go feta,  ga bua Eloff.

Mor. Litha Nyhonyha, Modulasetulo wa Khansele le ene o buile boitumelo jwa gagwe ka bosiamisi le ponagalo e tirego e mme o rile gore Yunibesiti e kgonne go thapa batsamaisi ba ba kwa godimo ka katlego gore ba kgone go tsweledisa tshiamo le kagiso ya badirimmogo le baithuti mme go se nne le dipelaelo mme mewa ya botlhe e tokafadiwe.

