Khampase ya Mafikeng ya YBB e tlile go tlhomela e nngwe gape ya dipopontshwa tsa Yunibesiti






Khampase ya Mafikeng ya YBB e tlile go tlhomela e nngwe gape ya dipopontshwa tsa Yunibesiti

MAFIKENG - Sir Dave Richards, Modulasetulo wa Kgwele ya Maoto ya English Premier Soccer League, o tla nna moeti wa tlotlo ka tlhomelo ya semmuso ya Setheo sa Kgwele ya Maoto ka mo khampaseng ya Mafikeng ka 11 Moranang 2007.
Ka nako ya tlhomelo,  polaka ya borase e tla bulwa Sir Richards le Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa YBB mme go latelwe ke motshameko magareng a setlhopha sa Setheo sa Kgwele ya Maoto kgatlhanong le setlhopha sa U/19 ya Mamelodi Sundowns.
Setheo, ka moemelamolato-mogolo wa English Premier Soccer League jaanong jaana e na le baithuti ba ba 40 ba ba kwadisitsweng. Setheo se ruta dikhoso tsotlhe tse di leng teng kwa khamapseng gammogo le diploma ya Bosaense jwa Metshameko ka molebo o mogolo ka mo kgweleng ya maoto. Gape go baakanyeditswe dikhoso tsa katiso le dikampa tsa katiso ya bakatisi ba dikolo, dikelapa le diporofense le ba sethaba.
Ka Setheo se, Yunibesiti e ikaeletse go dirisa Kgwele ya Maoto go godisa thuto le tlhabololo ya merafe le go abela bogolo mo Kgaisanong ya Lefatshe ka 2010.
Motsamaisi wa Setheo sa Kgwele ya Maoto ke Mor. Mark Olckers mme mokatisi ke Mor. Jan Malombo Lechaba, ba ba tshameketseng Kaizer Chiefs le Mamelodi Sundowns ka dilemo tsa 1980 le tsa tshimologo ya 1990.

Tlhomelo e tla tshwarelwa kwa Senteramong ya Chris Hani mme go ka na le mafoko a kamogelo go tswa go Moporof. Dan Kgwadi Moreketoro wa Khampase ya Mafikeng.




Go tswa mo molemeng ke Mor. Jan Malombo Lechaba, Mokatisi wa Setheo sa Kgwele ya Maoto, Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa YBB le Moporof. Dan Kgwadi, Moreketoro wa Khampase ya Mafikeng, Mor Mark Olckers, Motsamaisi wa Setheo sa Kgwele ya Maoto, le Mor.Lester Mpolokeng, Motsamaisi mo ofising ya Moreketoro wa Khampase.




