Khampase ya Mafikeng e ja mokete wa beke ya laeborare






Khampase ya Mafikeng e ja mokete wa beke ya laeborare

MAFIKENG  Khampase ya Mafikeng ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e jele mokete wa beke ya laeborare fela maloba.  Laeborare e ne ya tsaya matsapa a magolo go ruta baithuti le badirimmogo dirisa le go na le bokgoni jwa go batla ka didiriso tse dintshwa tsa Federated Search Database le TDNet, tse e leng didiriso tsa go batla tse di itlhaotseng gore badirisi ba tsone go batla thata data e ba e tlhokang.  E batlisa monate ka gore e kgona go fitlhela tshedimosetso e e farologaneng e e amanang le tlhogo e e batliwang ka mo mafelong a a farologaneng jaaka dijenale le metswedi e mengwe ka go e batlisa gangwe fela ka patlo e le nngwe fela. TDNet e bonwa e le sediriso se se tokofatsang bophelo jwa mo akatemi jwa patlisiso le go tsaya dikgato gagolo.

Ka nako ya beke ya laeborare go ne go fiwa boitshwarelo jwa botlhe ba ba molato kgatlhanong le laeborare.  Mongwe le mongwe wa ditokololo tsa laeborare ba ba neng ba tshwere dibuka kwa ntle ga molao le ka nako e e setseng e fetile ba ne ba fiwa nako ya boitshwarelo mme ba fiwa nako a go di busa kwa ntle ga go ba duedisa dikotlo.  Boitshwarelo bo ne jwa fela ka 23 Mopitlwe 2007 ka 16:30.

