Baakatemi ba kwa Tereki ba etela mo YBB






Baakatemi ba kwa Tereki ba etela mo YBB

MAFIKENG  Baitsegotlhe ba babedi ba Dipalo ba go tswa kwa Tereki ba ne ba jele nala go tla mo International Institute for Symmetry Analysis and Mathematical Modelling (IISAMM) kwa khampaseng ya Mafikeng ya YBB.

Yo mongwe wa baeng e ne e le moporof. Gazanfer Unal, moporofesara ka mo Lefapheng la Dibanka le Dithelete  le kwa Lefapheng la Dipalo wa kwa yunibesiting ya Yeditepe kwa Istanbul kwa Tereki mme gape e le motseleganyi wa jenale ya Communications in Nonlinear Science and Numerical Simulation, e e gatisiwang ke Elsevier.

Moporof Unal o ne a ruta wekshopo ya baithuti morago ga dikerii le badirimmogo.  Tlhogo ya yone e ne e le: Stochastic ordinary differential equations: exact linearization

Pampiri e nngwe e e neng e bopilwe gammogo le Moporof. Masood Khalique, Mokaedi wa IISAMM, e e bidiwang Linearization of one-dimensional non-autonomous jump-diffusion stochastic differential equations e ne ya fetswa mme ya romelwa kwa jenaleng ya Journal of Nonlinear Mathematical Physics.

Moporof. Mehmet Pakdemirli wa Lefapha la Boenjenere jwa Mekhenikale wa kwa yunibesiting ya kwa Celal Bayar ya kwa Tereki le ene o ne a etetse mo IISAMM. Ene o rutile diseminara tse pedi ka ditlhogo tsa: Comparison of approximate symmetry methods le The link between root finding algorithms and perturbation theory go baithuti morago ga dikerii le badirimmogo. O dirile patlisiso gammogo le Moporof. Khalique, e e feletseng go nna pampiri ya patlisiso ya leina la: Symmetries of boundary-layer equations of the modified second-grade fluid, mme ya romelwa go ka gatisiwa kwa Acta Mechanica.

Leeto la baporofesara Unal le Pakdemirli le ne le le botlhokwa thata go tlhabolosa IISAMM le go godisa diporokerama tsa patlisiso tsa badirimmogo le baithuti ba morago ga didikerii mo lefapheng la Bosaense jwa Dipalo, ga bua Moporof. Khalique.

Maikaelelo a IISAMM ke go tlhabolosa le go godisa tlhaloganyo ya molokololo wa semetri le dikao tsa dipalo ka go tshwaragantsha patlisiso le dithuto tsa mo yunibesiting ka ditlhokego le mathata tsa intaseteri le go katisa baithuti go tsenelela mafelo a.





Go tswa mo molemeng ke moh.Pauline Ntsime, Modirimmogo wa mo IISAMM, Moporof. Gazanfer Unal go tswa Tereki, le Moporof. Masood Khalique, Mokaedi wa IISAMM.




 Moporof. Mehmet Pakdemirli go tswa Tereki (kwa morago wa bonne go tswa molemeng) gammogo le badirimmogo le baithuti ba IISAMM (International Institute for Symmetry Analysis and Mathematical Modelling kwa Khampaseng ya Mafikeng ya YBB.


