Porokeramo ya go ruta barutabana e bonwa e le e nngwe ya tse di gaisang ka mo lefatsheng






Porokeramo ya go ruta barutabana e bonwa e le e nngwe ya tse di gaisang ka mo lefatsheng

POTCEHFSTROOM  Baatlhodi ba kwa moseja ba atlhotse porokerama ya ka mo Sekolong sa Katiso e e Tswelelang ya Barutabana ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima mo khampaseng ya Potchefstroom mme ba e bona e le bolhokwa go na le tse dikhoso tse dintsi tsa mo diyunibesiting tsa mo lefatsheng fa e bapisiwa le tsone..

Baporof. Frank Banks le Peter Knight go tswa kwa The Open University kwa UK, e nngwe ya diyunibesiti tse dikgolo tsa katiso ya baithuti ba ba kgakala mo lefatsheng ba atlhotse mme ba rile gore porokerama e ga e na balekane ka mo Aferika-Borwa.

Sekolo se se se bidiwang The School for Continued Training of Teachers (SCTT) jaanong jaana se direla baithuti ba barutabana ba palogare ya 18 000 mo Aferika-Borwa le kwa Namibia. Maikaelelo a porokerama ke go tsaya barutabana ba ba sa katisiwang le ba ba se nang katiso e e lekaneng go fitlha kwa dithutong tsa go ka fitlha kwa maemong a dithuto tsa dingwaga tse tharo morago ga materiki.

Mokaedi wa SCTT, Moporof Manie Spamer, a re ba latela sekao sa go ruta se se bukegileng.  Go na le nako ya go ithuta e e palo e nnye le ya palo e ntsi ya go ithuta e e beilweng mme barutabana ba ka ikwadisa fela jaaka ba rata mme ka nako e ba e ratang.

Tiro e kgolo e e diriwa ke disenteramo tse 36 tsa go ithuta mo Aferika-Borwa  ka bophara mme le batlhatlheledi ba ba 26 ba ruri le badirimmogo ba 195 ba tsamaiso.  SCTT e na le badirimmogo ba babedi gape ba e leng Open Learning Group ya kwa Gauteng le Institute for Open Learning kwa Namibia. Ditheo tse pedi tse ba tlisa kemo nokeng ya tsamaiso ya porokerama.

Ka gale, re ne re sa itse ruri gore porokerama e lekana le diporokerama tse dingwe tsa dithabathaba mme ke ka lebaka le re kopileng baporofesara ba babedi ba kwa UK gore ba tle go re direla katlholo, ga bua moporof Spamer.

Ka mo kakaretsong ya katlholo baporofesara ba babedi ba ba rile gore kgato ya go ba biletsa katlholo e ne e le kgato e e bontshang bogolo gore SCTT e bitse bone go tla go atlhola ka ba le ditokololo tsa yunibesiti e e kgolo ya mo lefatsheng ya go katisa baithuti ba ba kgakala. Bogolo bo bo tlisitse khumo e kgolo jaanong, re kgatlhegile thata.  Mo bofelong kakaretso ya katlholo ya rone ke go re diporokerama tsa mo YBB di feta dikaelo tsa mo Aferika-Borwa  kgakala mme di feta le tse dintsi tsa diyunibesiti tsa mo lefatsheng ka bophara, ga bua baatlhodi ba go tswa kwa moseja.

Ngwaga e e fetileng SCTT e saenile khonteraka le Lefapha la Thuto la porofense ya Bokone Bophirima go katisa barutabana ba ba 30 000.  Re na le tumelano e e tshwanang le kwa go la Mpumalanga, ga bua Moporof Spamer.



Go tswa mo olemeng go na le Moporof. Manie Spamer, Mokaedi wa SCTT, Moporof. Annette Combrink, moreketoro wa khampase ya Potchefstroom ya YBB, Moporof. Maritte Lowes, Motlatsa-reketoro wa  Vice-Rector wa khampase ya Potchefstroom, Peter Knight, Mokaedi wa Setheo sa Thekenoloji ya Thuto kwa Open Learning University kwa UK, le Frank Banks, Mokaedi wa Senteramo ya Patlisiso le Tlhabololo ka mo katisong ya Barutabana, le ene go tswa kwa The Open University.



