Akatemi ya Kerikete e bona katlego ya dithabathaba






Akatemi ya Kerikete e bona katlego ya dithabathaba

VANDERBIJLPARK  Akatemi ya Kerikete ya VaalPukke kwa khampaseng ya Vaal Triangle ya YBB e itlotla ka batshameki ba bararo ba ba tshamekang ka mo tikologong ya dithabathaba.

Morago ga go ja nala ka katlego gantsi go ya go Engelane ka setlha sa 2005/2006 batshameki ba mo akatemi ga ba a amogela maitemogelo fela mme ba dumeletse dutemelano tse di farologaneng tsa tirisanommogo ka mo metshamekong ya dithabathaba.  Batshameki ba bararo ba akatemi, Wikus Botha, Francois Haasbroek le Leon Bender, ba amogetse dikopo tsa go tla go tshamekela ka mo setlheng sa kerikete sa dikelapa tsa kwa Engelane mme ba tla emisa folaga ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima ka kwa moseja.

Wikus Botha o tla tshamekela Scotland setlha sa bobedi jaanong mme Francois Haasbroek o tla tshamekela kelapa ya Liverpool mo lliking ya peremiri.  Se ke morago ga go na le setlha se se katlego sa ntlha ngwagola kwa Scotland. Motshameki wa boraro, Leon Bender, o tla tloga mo Aferika-Borwa ka 8 Aporele go ikopantsha le kelapa ya Swindon go tshameka setlha sa ntlha sa gagwe e le motshameki wa dithabathaba.

Go ya ka Mor. Malan Morkel, motlhankedi wa metshameko kwa khampaseng ya Vaal Triangle mme gape mokatisomogolo wa Akatemi go bitsa ga batshameki ba Akatemi go tshamekela dithabathaba ke se ba ikaeletseng sona go ka bopa batshameki ba maemo mme se se botsha gape gore Akatemi ke e e tshwanetsweng go elwa tlhoko ka mo gae le ka mo moseja.




Go tloga ka mo molemeng go na le Wikus Botha, Francois Haasbroek le Leon Bender.


