Babatlisisi ba YBB ba a itlhaola






Babatlisisi ba YBB ba a itlhaola

Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba e ne e tlotla baakatemi ba ba 16 ba ba amogetseng dikatlholo tsa maemo go tswa go National Research Foundation (NRF). Gape babatlisisi ba ba kwadileng diathikele tse dintsi go feta le bone ba ne ba tlotliwa.  Moporof. BJ van der Walt wa Sekolo sa Filosofi ka mo Tikologong ya Patlisiso ya Tlhabololo e e Tswelelang ya Loago wa mo khampaseng ya Potchefstroom ya YBB o ne a le mofenyi wa Yunibesiti ka bophara.

Mmatlisisi a le mongwe wa kwa khampaseng ya Mafikeng le ba ba robongwe go tswa mo khampaseng ya Potchefstroom ba ne ba atlhotswe maemo gape. Babatlisisi ba babedi ba kwa khampaseng ya Vaal Triangle le a le mongwe go tswa kwa khampaseng ya Mafikeng le ba bararo go tswa kwa khampaseng ya Potchefstroom ba ne ba atlholwa maemo sa ntlha.

Go ya ka Moporof. Amanda Lourens, Mokaedi wa Setheo: Patlisiso le Popontshwa, a re go amogela katlholo ya maemo a NRF ke tiro e e tlotliwang ka gore ke babatlisisi ba ba 10% ba mo diyunibesiting tsa Aferika-Borwa fela ba ba amogelang katlego ka kamogelo ya katlholo ya maemo.

Bakopi ba katlholo ya maemo ba tsenelela katlholo ya balekane ba dithabathaba bo-maitsegotlhe ba dirutwa ba kopiwang gore ba fane ka dikakanyo tsa bone tsa boitsegotlhe ka ga boleng jwa bakopi le ditiro tsa bone tsa go kwala le go batlisisa mo dilemong tse di supang pele ga katlholo le gore maemo a bone ka mo tikologong ya patlisiso e bonwa e le ya moitsegotlhe ka mo gae le ka mo dithabathabeng.  Dikakanyo tse tsa baatlhodi di atlholwa gape ke dipenele tsa NRF go bonwa gore ba ka fitlhela katlholo ya maemo afe ka gore go na le maemo a a farologaneng.

Go ya ka Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa YBB, e nngwe ya maikaelelo a togamaano ke go tsholetsa patlisiso le popontshwa le go dira gore Yunibesiti e nne setheo sa tekatekanyo magereng a go ruta le go batlisisa ka 2010.  Mo dingwageng tse di nne tse di fetileng patlisiso ya Yunibesiti e ile ya oketsa gabedi mme go gola go ya pele go akangwa mo dinakong tse di tlang.

Pele ga Seetebosigo wa ngwaga e, YBB e ikaela go ipeela ditekanyetso tse di ka dirisiwang gore e kgone go itekanyetsa tse di latelang mo go tsone jaaka go ruta le go ithuta, patlisiso, tiriso ya boitsegotlhe le popontshwa.

Moporof. Frikkie van Niekerk, Mokaedi Khudutamaga:Patlisiso le Popontshwa, o rile le ene gore didikerii tsa MA le PhD di ntsifetse thata dingwaga tse tlhano tse di fetileng.  Maikaelelo a Yunibesiti gape ke go oketsa baithuti ba morago ga PhD ka mo badirimmogong ba akatemi ka diporosente di le 10.

Go agela bokgoni godimo le gone go botlhokwa thata mme YBB e lebeletse go tlhotlheletsa babatlisisi ba baswa gore ba bope babatlisisi ba dingwaga tse di seng kwa godimo thata mme patlisiso e se diriwe thata fela ke ba ba dilemo tse dintsi.



Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) fela maloba e ne e tlotla baakatemi ba ba 16 ba ba amogetseng dikatlholo tsa maemo go tswa go National Research Foundation (NRF).  Ka mo morago go na le Moporof. Michael McPherson, Dini: Fakalthi ya Bolemirui, Saense le Thekenoloji, Khampase ya Mafikeng, Moporof. Dan Kgwadi, Moreketoro: Khampase ya Mafikeng le Moporof. Frikkie van Niekerk, Mokaedi Khudutamaga:Patlisiso le Popontshwa.   Ka mo pele go tswa mo molemeng: Moporof. Amanda Lourens, Mokaedi wa Setheo: Patlisiso le Popontshwa, Moporof. Sevid Mashego, Motlatsamoreketoro Akatemi: Khampase ya Mafikeng, Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima.




Babatlisisi ba YBB ba ba kwadileng diathikele tse dintsi go feta tse di nang le makwaloitshupo le bone ba ne ba tlotliwa.Ka mo morago go na le Moporof. Hans van Deventer, Khampase ya Vaal Triangle, Moporof. Piet Prinsloo, Moreketoro wa Khampase ya Vaal Triangle, le Moporof. Tinie Theron, Dini: Fakalthi ya kwa Vaal Triangle. Ka mo pele go tswa molemeng go na le:  Moporof. Pieter de Klerk, Khampase ya Vaal Triangle, Moporof. Amanda Lourens, Mokaedi wa Setheo: Patlisiso le Popontshwa , Moporof Frikkie van Niekerk, Mokaedi Khudutamaga:Patlisiso le Popontshwa,  Moporof. Johann Tempelhoff, Khampase ya Vaal Triangle, Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima.




Ka mo moketeng wa dijo tsa mantsiboa go ne go na le baakatemi ba nang le makwaloitshupo wa NRF mme bone ke, go tswa mo morago mo molemeng: Stefan Ferreira, Khampase ya Potchefstroom, Moporof Frikkie van Niekerk, Mokaedi Khudutamaga:Patlisiso le Popontshwa, le Moporof. Maritte Lowes, Motlatsa moreketoro Akatemi, Khampase ya Potchefstroom.  Mo pele go tswa mo molemeng Moporof. Amanda Lourens, Mokaedi wa Setheo: Patlisiso le Popontshwa, Moporof. Wilma Viviers, Khampase ya Potchefstroom, Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima, Moporof Linda Jansen van Rensburg,  Khampase ya Potchefstroom, le Moporof. Annette Combrink, Moreketoro wa Khampase ya Potchefstroom.

