Khampase ya YBB ya Mafikeng ke phalo ya dinotshe






Khampase ya YBB ya Mafikeng ke phalo ya dinotshe
MAFIKENG - Khampase ya YBB ya Mafikeng fela maloba e ne e tshwaretse pontsho ya maiphediso le khonferense ya dithabathaba e e neng e biditswe Population and Development in Africa: Research and Policy Dialogue for Africa.

Barutwana ba setlhopha sa 12 go tswa mo dikolong tse dikgolo di le 41 go tswa mo tikologong ya Mafikeng, Ditsobotla le Setla-Kgobi ba ne ba tsene ponstho e ya maiphediso e e neng e tshwerwe ka mo tlase ga folaga ya CEIA(Career Exhibition and Information Association ka mo Senteramong ya Pontsho ya SABC.  Go ne go dirisane ditheo tse di fetang 20, mme mo go tsone go ne go na le diyunibesiti le mafapha a a farologaneng a mmuso.

Khonferense ya dithabathaba e e neng e biditswe Population and Development in Africa: Research and Policy Dialogue for Africa e ne e tshwaretswe kwa Tusk Mmabatho. Dithomeletso di ne di amogetswe go tswa bokgakala jwa bokone jwa Aferika le borwa jwa Amerika.

Ka kgwedi ya Mopitlwe Porokerama ya Thuto ya Boitekanelo jwa Diphologolo ba tlabo ba tshwerwe diseminara tse pedi tse di tlabong di rutiwa ke Moporof. William J. Silvia go tswa kwa Yunibesiting ya Kentucky kwa Lexington, USA. Moporof. Silvia o setse a kwadile diathikele le dibuka tse dintsi ka mo dithutong tsa boitekanelo jwa diphologolo.  O tla ruta seminara ya Breeding Problems in Dairy Cattle le e nngwe gape ya Agriculture in Kentucky.




