Khansele ya Yunibesiti e dumetse diporojeke tsa diranta di le dimelione di le R62 tsa go aga.






Khansele ya Yunibesiti e dumetse diporojeke tsa diranta di le dimelione di le R62 tsa go aga.

Khansele ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e dumetse diporojeke di le 43 tsa diranta di le dimelione di le R62 tsa go aga mo 2007 mme tse dingwe di santse di emetse fela dithele tse di tswang kwa ntle.

Lebaka le legolo la diporojeke tse di kgolo tsa go aga le go baakanya ke go tlosa tshalelo kwa morago ya dibebofatsi ka kwa khampaseng ya Mafikeng mme le kwa khampaseng ya kwa Vaaldriehoek.  Diporojeke tsa go baakanya ngwaga le ngwaga di diriwa ka mo teng ga leano la Yunibesiti le le tswelelang le legolo la dingwaga di le lesome la go tshegetsa le go baakanya.

Diporojeke tse tsa go aga di amana le maikaelelo a togamaano a Yunibesiti jaaka a tlhalositswe ka mo Leanong la Setheo.  E nngwe ya maikaelelo a a togamaano ke go baakanya Yunibesiti go nna ya tekatekanyo magareng a go ruta le go ithuta le patlisiso.

Mo diporojekeng tse di simololwang jaanong jaana ke kgato ya boraro mo kagong ya Boitekanelo jwa Diphologolo mo khampaseng ya Mafikeng.  Mo go lebeletswe laboratoriamo ya dikhomputara, phaposiborutelo le diofisi tsa badirimmogo.

Diporojeke tse dingwe mo khampaseng ya Mafikeng ke marobala a baithuti, laboratoriamo ya dikhomputara, marulelo le kago ya go tsamaisa ba ba tsenang ka maoto kwa hekeng ya khampase gammogo le legora le le dikologang mme le tswalela khampase.

Ka mo khampaseng ya Potchefstroom go tokafatsa dikago, dikamore le dilaboratoriamo kwa difakalthi tse di farologaneng.  Gape go akangwa marulelo a Bogogelo jwa Amfi mme borobalo ba Heide bo a ntshwafatswa mme gape go lebelelwa go tsenya motlakase wa tshoganyetso mo khampaseng.

Ka kwa khampaseng ya Vaaldriehoek go lebelelwa kgato ya go akanya diphaposiborutelo tse dingwe le go tsenya motlakase wa tshoganyetso le kgato ya ntlha ya go aga diofisi tsa SRC.

Bontsi jwa badirimmogo ba ofisi ya Setheo ba ba dirang ba phatlhaletse mo khampaseng ya Potchefstroom, ba tlile go hudugisiwa kwa kagong ya Enan ka mafelo a ngwaga ka dikgala.

Jaaka go akangwa, go tlisa batho ba ba dirisanang letsatsi le letsatsi mo kagong e le nngwe go tla tokofatsa khumo ya ditiro tsa bone mme se se tla tlisa le pharologano magareng a ditiro le ditirelo tsa khampase le tsa setheo.

Go baakanyetsa kago ya Enan go nna diofisi tsa Setheo e nnile leano ka gore ditshenyegelo tsa teng ga di dintsi jaaka fa go kabo go agilwe kago e e ntshwa.
Mosola o mongwe gape wa leano le ke gore fa go huduga go feditswe go ka bulela khampase mafelo a a ntseng a seyo.  Badirimmogo ba kago ya Enan ba tlile go hudugisiwa kwa dikagong tse dingwe ka mo lefelong la tikologo ya bone mo khampaseng.




Bontsi jwa badirimmogo ba ofisi ya Setheo ba tlile go hudugisetswa kwa kagong ya Enan ka mafelo a ngwaga ka dikgala.

