﻿Motlhetlheledi wa dipuo o katisiwa ka kwa moseja






Motlhetlheledi wa dipuo o katisiwa ka kwa moseja

VANDERBIJLPARK - Moh. Fanny Lacroix, motlhatlheledi wa Sefora le Sejeremane ka mo Sekolong sa Dipuo kwa khampaseng ya Vaaldriehoek ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima, ke gone a boang kwa Stuttgart, Jeremane, kwa a tswang go katisiwa go dirisa porokerama ya go fetola.
 
Khampase e ke morekisi wa SDL Trados wa semmuso mo Aferika-Borwa.  Porokerama e dirisiwa go fetola makwalo ka nepagalo le ka lebelo.  Go ya ka moh. Lacroix, tokololo ya setlhopha sa barekisi ba SDLkwa Sekolong sa dipuo, porokerama e e simolola e nna e e dirisiwang ke bafetoledi botlhe ba lefatshe.

Moh Lacroix dikgwedi tse pedi tse di fetileng, o ne a tsene dikopano ka ga porokerama le ditlhabololo tse dintshwa tsa teng.  Gape o tsene dikatiso tsa go ka katisa badirisi ba porokerama e.

Sekolo sa Dipuo go tloga ka 2005 se nnile merekisi o le mongwe wa SDL Trados mo Aferika-Borwa.  Porokerama e le katiso ya tiriso ya teng e setse e filwe diyunibesiti le ditheo le bafetoledi ba e leng tiro ya bone.

Go ka amogela tshedimosetso e e tseneletseng o ka ikopantsha le Willem Botha kwa (016) 910 3468, kapa o ka romela eposo kwa trados@nwu.ac.za (Link: mailto:trados@nwu.ac.za)



- Moh. Fanny Lacroix, motlhatlheledi wa Sefora le Sejeremane ka mo Sekolong sa Dipuo kwa khampaseng ya Vaaldriehoek ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima, yo e leng gone a boang kwa Stuttgart, Jeremane, kwa a tswang go katisiwa go dirisa porokerama ya go fetola.

