YBB e itsisa ka ga kaedi ya ntlha ya dimelametsing






YBB e itsisa ka ga kaedi ya ntlha ya dimelametsing

POTCHEFSTROOM.  Khampase ya Potchefstroom ya YBB e itlotla ka e nngwe gape ya tsa ntlha morago ga kitsiso ya go fetsa kaedi ya ntlha e e tseneletseng ya dimelametsing e e kwadilweng ke ditokololo tsa serutwa sa Thutadimela.

Buka e e bidiwang, Easy Identification of the Most Common Freshwater Algae  a guide for the identification of microscopic algae in South African freshwaters,ke kakanyo e e simolotsweng ke ngaka Sanet Janse van Vuuren le ngaka Jonathan Taylor. Ke buka e e nang le tiriso e e seng thata e e ka thusang go itemogelela dimelametsing tsa gale tsa metsi a mawa.

Palo e kana ka mefuta e e 78 ya dimelametsing gammogo le ditshwantsho tsa mmala le ditlhaloso tse di tseneletseng di tsentswe ka mo bukeng e.

Ngaka Van Vuuren, motlhetlheledi wa Thutadimela yo o ithutang thata dimelametsing o tlhalosa gore kakanyo ya go bopa buka e simolotse ka 1988 jaaka ene a ne a itemogela tikologo e e makatsang ya dimelametsing.

Go ya ka ene o lemogile ngwaga e e fetileng gore baithuti ba pele ga didikerii le ba morago ga didikerii ba ba tshwanetseng go bitsa dimelametsing maina ka mo diporojekeng le ka mo tirong ya therisano ba tlhoka kaedi fa ba dutse ka mo pele le mo thoko ga maekorosekopo.

Ngaka Taylor, yo o mo dithutong tsa gagwe tsa morago ga PhD mme yo o leng motlhomamisi wa kgobokanyo ya diatomo ka mo khampaseng ya Potchefstroom, o dumetse go thusa ka kaedi e ka gore diatomo ke e nngwe ya ditlhopha tsa dimelametsing.

Se se makatsang gape ka mo tirong e ya dikgakgamatso ke gore maphelo a rona rotlhe a amiwa ke dimelametsing ka gore bontsi jwa diphedi tse ga di kgone go bonwa le ka matlho.
Ga se batho ba bantsi ba ba itsing gore dimelametsi di fa okosijene mo metsing le gore di botlhokwa go tlisa okosijene fela jaaka ditlhare le bojang.

Kaedi e e tla na le mosola o mogolo gape mo bathong ba ba batlisisang metsi mme e ka na le mosola le mo bathong fela ba ba batlang go ikitsisa ka ga tikologo e e makatsang ya dimelametsing.




Bo-ngaka Sanet J van Vuuren le Jonathan Taylor, bakwadi ba kaedi ya dimelametsing.



Baitsedimelametsing ba mo khampaseng ya Potchefstroom ba YBB ke gone fela ba itsisang go gatisa buka ya ntlha e e tseneletseng ya dimelametsing ya mo Aferika-Borwa.



