Babatlisisi ba Vaaldriehoek ba dirisana mmogo mo porojekeng ya dirutwa tse dintsi






Babatlisisi ba Vaaldriehoek ba dirisana mmogo mo porojekeng ya dirutwa tse dintsi

VANDERBIJLPARK.  Babatlisisi ba khampase ya Vaaldriehoek ya YBB malatsi a a gaufi ba dirisana mmogo ka mo porojekeng ya dirutwa tse dintsi e e tlileng go lebelela boleng jwa metsi ka mo nokeng ya Vaal -  letlotlo lengwe le legolo la Aferika Borwa
Noka ya Vaal le tikologo e e gaufi ya Barrage ngwaga e e fetileng e ne e le mo dikganyeng ka go ne go sule ditlhapi tse dintsi.  Tlhaloso e ne e le gore gongwe go diragetse ka lebaka la kgotlhelo ya mantle le morwalelo ka mo dinokeng tse di tshelang mo go ya Vaal.

Ditiragalo tse di ne di eteletswe pele ke patlisiso ya Lefapha la Metsi le Dikgwa gammogo le badiredimmuso ba mo lekgotlheng la tikologo ba Sedibeng.  Ka Ngwanatsele 2005 go lemogilwe gore ke tse dingwe fela tsa dipompo tsa mantle tse di 50 tse di mo tikologong ya Vaaldriehoek tse di dirang sentle.
Kemo e e dirile gore palo e kgolo ya mantle a tshelwa ka mo teng ga noka.

Tswetso e nnile gore go diriwe tshitshinyo ya gore go agiwe thulaganyo ya manle e e ntshwa ya madi a kana ka dimileone di le R400. Porojeke e e akangwang ga se fela go tokafatsa tikologo ya noka ya Vaal mme ke go tsholetsa botlhokwa jwa tikologo ya noka go bojanala le boitapoloso.

Baenjenere ba Lefapha la Metsi le Dikgwa le ba Randwater, ba ba tsamaisang porojeke e ba kopile babatlisisi ba metsi ba khampase ya Vaaldriehoek go dirisana mmogo ka mo patlisisong ya ekonomiboago ya tikologo ya noka ya Vaal le Barrage.
Gammogo le repoto ya tshimologo e e tla tlisiwang mo mafelong a ngwaga e, kakanyo gape ke gore babatlisisi ba tla dirisana mmogo dilemo di le 4 ka ditiro tsa go tlhokomela le go dira dipatlisiso tse dingwe ka mo nokeng ya Vaal le Barrage.  Patlisiso e ya tirisanommogo ya dirutwa tse dintsi e tla simolola ka kgwedi ya Mopitlwe 2007.

Barutegi ba Randwater, le Lefapha la Metsi le Dikgwa, ba tlhokomelo ya tlholego, badiredimmuso ba mmasapala, babatlisisi ba bodirelo le ditokololo dingwe tsa di-NGO ba tla tsaya karolo mo porojekeng e.  Le ditokololo tsa merafe ba tla kopiwa go dirisana mmogo mo patlisisong.


Mathwiti a ditlhapi tse di neng tsa swa morago ga kgotlhelo tse di neng tsa dira gore go diriwe patlisiso e ya boleng jwa metsi a noka ya Vaal.


Noka ya Vaal ga se fela e nngwe ya matlotlo a magolo a tlholego mme ke tshika ya bophelo jwa kgwebo ya bojanala ka mo Vaaldriehoek.



