Sefitlholo sa ntlha sa motlatsakhansele se fana ka phisego






Sefitlholo sa ntlha sa motlatsakhansele se fana ka phisego

"Go bopa dikaelo tsa tiro ya botshweretshi ka mo YBB ke boikaelelo bongwe jo bogolo ka gore se se ka nna sediriso sa go ka itekantsha le balekane le go itekantsha botshweretshi " ga bua Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa YBB ka mo khampaseng ya Potchefstroom ka nako ya kopano le go ja sefitlholo gammogo le badirimmogo ba bantshwa ba palonyana fela maloba.

O ne a amogela ba bantshwa ka mo YBB mme a ba tlhalosetsa mokgwa wa tsamaiso wa kgwebo e e nngwe ka dikhampase tse tharo mme ka ofisi ya Setheo e e direlang dikhampase tse tharo. Mo khampaseng e nngwe le e nngwe go na le moreketoro yo e leng motsamaisi wa khampase le ditiro tsa teng yo o boikarabelo go tlhokomela tiro le tsamaiso ya khampase e e rileng e le kgwebo ka boyone.

Go ya ka Ngaka Eloff YBB e ka bonwa e le setheo sa popontshwa ka gore e bona lotseno le legolo la yone go tswa mo ditirong tsa popontshwa le ka dikgwebo jaaka go nna mong wa karathe, senteramo ya dikhonferense ka kwa khampaseng ya Vaaldriehoek le dibebofatsi jaaka Astra Villas le Cachetpark ka mo khampaseng ya Potchefstroom.
E nngwe ya maikaelelo a togamaano a YBB ke gore mo teng ga dilemo di le tlhano tse di tlang, go nna yunibesiti ya tekatekano magareng a thuto, go ruta le go batlisisa.  Yunibesiti e ikaeletsa go nna ya e e bidiwang ya boutigue ka gore e batla go tsholetsa bokgoni jwa yone go dira patlisiso ka gale, mme thata ka mo mafelong a mangwe go ka nna mampodi ka mo mafelong ao.

Go tlhomela borutegi ke e nngwe gape ya maikaelelo a YBB.  Ngaka Eloff o tlhalositse gore le mo go na le dikarolo tse pedi gape e bong kgwebofatso ya kitso le go isa kitso kwa merafeng go e thusa.  YBB e isa kitso ya teng kwa merafeng go ka e thusa go gola le go tlhabolola merafe.

Yunibesiti ke e nngwenyana fela ya diyunibesiti mo Aferika Borwa e e bofang badirimmogo ba akatemi ka ditumelano tsa tiro go ka thusa go netefatsa maikaelelo a YBB a go nna setheo se se maatla se se golelang pele mme mo bofelong e nne le yunibesiti e e etelang pele ka mo Aferika.



Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa YBB fela maloba o jele sefitlholo monate le badirimmogo ba palonyana ka mo khampaseng ya Potchefstroom.  Go tswa mo molemeng go na le Ngaka Alvin Peterson wa Sekolo sa Mmino, ngaka Stefan Kruger wa Sekolo sa  Kgwebofatso-ntshwa, Papatso le Tsamaiso ya Bojanala, moh. Phumzile Mmope, Mokaedi Tiragatso:Mabaka a Korporatifi le Tirisanommogo, ngaka Theuns Eloff le moporof. Annette Combrink, Moreketoro wa khampase ya Potchefstroom.



