Motlhatlheledi wa Mafikeng o kgona Antarctica






Motlhatlheledi wa Mafikeng o kgona Antarctica

MAFIKENG - Mor David Hedding, moihtutalefatshe wa Lefapha la Thutolefatshe le Bosaense jwa Tikologo kwa khampaseng ya Mafikeng ya YBB o boile kwa Antarctica fela maloba, kwa a neng a ile go batlisisa bosa mafatshe a mafatshekgapetla le dithulaganyo tsa teng kwa Antarctica.

Mor Hedding o ne a le karolo ya setlhaopha sa batho ba ba neng ba eteletswe pele ke Moporof. Ian Meiklejohn wa Yunibesiti ya Pretoria. Molebo o mogolo wa leeto le e ne e le go batlisisa mafatshe a mafatshekgapetla ka mo mafelong a kgapetla e seng teng gore ba kgone go na le lenaneo la popego e e bonwang kwa di-nunutaks kapa mafelo a a se nang kgapetla kwa kampeng ya Aferika Borwa ka mo Western Dronning Maud Land kwa Antarctica.

Setlhopha se ile sa tsenya gape lefelo le le lekantshang thempereitha ya mmu mmo ba tlileng go kgona go lebelela thempereitha go fitlha boteng jwa dimetara tse pedi.  Gape ba kgonne go kgobokantsha dikao tsa mafika tse ba tla di batlisisang go bona popego ya one mme thata gape go ka lebelela popego ya mafika ka bosa le khemikale ka go tlwaetse gore di diragetse kwa Antarctica ka thempereitha ya teng e le kwa tlase thata-thata.

Mor Hedding gape o tlhomile teko ya nako e telele e e lekantshang boima jwa mafika bo bo fokotsegang,  e e tla thusang go tlhatlhoba tatlhego ya boima jwa mafika mme a nna mannyane go fitlhela mafika a nna mmu.

Mor Hedding o tsamaile ka sekepe sa SA Agulhas ka 7 Ngwanatsele 2006 mme o boile ka 15 Tlhakole 2007 go tswa kwa Antarctica.

Ba ba neng ba etetse le Mor Hedding kwa Antarctica e ne e le badirimmogo ba babedi ba go tswa mo khampaseng ya Potchefstroom ya YBB ba e leng Ngaka Helena Krger go tswa mo Uniting ya Popego ya Lefaufau le Mor Leon du Plessis wa Sekolo sa Bosaense jwa Tlholego, Thuto ya Dipalo le Thekenoloji.

Dikgwetlho dingwe tse di neng di ba lebetse e ne e le go fenya serame le go kgona bophelo jwa dibeke tse nne mo sekepeng.  Go ya ka Mor Hedding, melao ya go dirisa metsi ka lebaka la peipi e e senyegileng e ne e tlisa mathata a mangwe gape.  Mme la go ne go le thata setlhopha se ne se na le nako ya go tshameka le go itapolosa ka go tshamekela mo semathaneng ka diboroto.

A re a ka rata go boela koo gape mafelo a ngwaga go jela selemo se sengwe gape koo.



Mor David Hedding, moihtutalefatshe wa Lefapha la Thutolefatshe le Bosaense jwa Tikologo kwa khampaseng ya Mafikeng ya YBB o boile kwa Antarctica fela maloba, kwa a neng a ile go batlisisa bosa mafatshe a mafatshekgapetla le dithulaganyo tsa teng kwa Antarctica.



Mr David Hedding, o lebelela bontle jo bo gakgamatsang jwa kwa Antarctica.

