Phaka ya Saense e e mofuta o le mongwe fela mo Aferika Borwa






Phaka ya Saense e e mofuta o le mongwe fela mo Aferika Borwa

POTCHEFSTROOM  Popo ya Phaka ya Saense e e mofuta o le mongwe fela e tlile go nna karolo ya momorantamo ya tirisanommogo e e tlileng go bopiwa magareng a Yunibesiti ya Bokone-Bophirima(YBB) le Mmasapala wa Tikologo ya Borwa.

Thomelo ya go tswa kwa Mmasapala wa Tikologo ya Borwa e ne e etetsa YBB maloba ka maikaelelo a go bopa tirisanommogo e e atumetsaneng go feta.
Ka nako ya leeto popo ya Phaka ya Saense ya Bokone-Bophirima ka mo khampaseng ya Potchefstroom ya YBB ka tlhotlhwa ya gaufi le dimeleone die le R30 e ne e e buisanwa.  Tshitshinyo ya Phaka ya Saense ke ditalamorago tsa Togamaano ya Tlhabololo le Kgolo ya Mmasapala wa Tikologo ya Borwa.

Morago ga go ntshetswa tiro ke Mmasapala wa Tikologo ya Borwa, YBB e ile ya sekaseka bokgoni jwa go ka bopa phaka mme ga bonagala gore go ka nna botlhokwa thata.
Go ya ka Ngaka Rudi van der Walt, Mokaedi:Popontshwa ya YBB, Phaka ya Saense ke lefelo ka kgobokanyo ya dikao tsa dipopontshwa tsa thekenoloji e e kwa godimo tsa ditiro tse re di dirang ka mo lefelong le lentle le le bopilweng sentle.
Ponelopele ke gore Phaka ya Saense e tla nna lefelo la dipopontshwa tsa mo porofenseng mme se se fetise kitso e e tseneleseng le thekenoloji ya popontshwa kwa dikgwebong tse dinnye le kwa diintasetering tsa kgale mme mo bofelong go nne le kgolo le popo ya ditiro.
Go nna gaufi le yunibesiti e e ikemetseng ya popontshwa jaaka NWU e tla tswela mosola tirisanommogo magareng a ditheo tse pedi.  E nngwe ya dituelo tsa tumelano e ke gore dibebofatsi tse di lekanang, patlisiso le thekenoloji di tsa ntshiwa ke YBB mme Phaka ya Saense e tla tlhabolosa dithekenoloji tsa mo tikologong mme le ka bopa tikologo ya baithuti ba didikerii le badirimmogo ba akatemi go tsweletsa dithuto tsa bone mo Porofenseng.
Gape mo godimo ga Phaka ya Saense le mabaka a mangwe a tirisanommogo a tla buisanwa mo momorantamong wa tirisanommogo e e tla diriwang magareng a YBB le Mmasapala wa Tikologo ya Borwa.

Go ya ka Ngaka Monty Mongake wa Mmasapala wa Tikologo ya Borwa tirisanommogo e e gaufi magareng a YBB le Mmasapala wa Tikologo ya Borwa e tla tlisa khumo ya tswelelopele ya bokgoni jwa thekeniki mme mo bofelong go ne le tirelo ya tiro e e tokafetseng mo dimmasapala tse di mo Tikologong Khansele ya Borwa.

Moporof. Annette Combrink, Moreketoro wa Khampase ya Potchefstroom ya YBB o tlile ka tshitshinyo ya gore YBB e thuse dimmasapala mo Tikologong ya Borwa go dira patlisiso ya maemo le tlhatlhobo ya bokgoni mo go tsone le go lemoga ditlhokego tsa tsone tse di ka arabiwang ke YBB le gore go lebelelwe diporokerama le dikhoso tse di rutiwang ke YBB. Mabaka a mangwe a a tshwanetseng go lebelelwa ke tlhabololo ya boeteledipele le bokgoni jwa go tsamaisa mme gape le kemo nokeng ya baithuti ba Tikologo ya Borwa ka madi.


Thomeletso ya go tswa kwa Mmasapala wa Tikologo ya Borwa le ditokololo tsa batsamaisi ba YBB ba ne ba tshwere dipuisano maloba.  Kwa morago go tswa mo molemeng ke Ngaka Monty Mongake, Mmasapala wa Tikologo ya Borwa,  Ngaka Rudi van der Walt, YBB Mokaedi:Popontshwa, NWU Director: Innovation, Moatefokate Abbey Dlavane, Mmasapala wa Tikologo ya Borwa, le Moporof Frikkie van Niekerk, YBB  NWU Mokaedi Khudutamaga: Patlisiso le Popontshwa. Mo pele: Moh. Dorothy August, Mokwaledi: YBB Khampase ya Potchefstroom, Mor Victor Nicodemus, Mmasapala wa Tikologo ya Borwa, le Mor Victor Mothobi, NWU Mokaedi: Metswedithuso ya Batho.






Kakanyo ya motaki e e bontshang gore Phaka ya Saense e ka lebega jang.

