Tsamaiso ya Thuo ya motho ya tlhaloganyo ya YBB e maatlafaditswe






Tsamaiso ya Thuo ya motho ya tlhaloganyo ya YBB e maatlafaditswe

Feme ya molao ya DM Kisch, fela malobanyana e file YBB palo ya madi e e kgolo ya go ka maatlafatsa tsamaiso e e itumedisang le kgwebofatso ya thuo ya motho le ya setheo ya tlhaloganyo mme go baletswe le mainakgwebo, dipopontshwa le dipatente.
Mokaedi wa DM Kisch, Mor Derek Momberg, o abetse theke go Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa YBB ka moletlo kwa ofising e kgolo ya bone kwa Sandton.

Kabelo e ya madi e tla dirisiwa ke badirimmogo ba mo Ofising ya Molao ya Setheo ya YBB go tsamaya dikhonferense tsa mo gae le ka kwa moseja tsa Thuo ya Motho ya Tlhaloganyo kapa go etela balekane ba bone gore ba ithute mo go bone le go ka itsalantsha le bone ka ga kgang e.

Go ya ka Ngaka Eloff, e nngwe ya mabaka a togamaano a magolo a YBB ke go tokafatsa patlisiso le popontshwa le go ka nna setheo se se nang le tekatekanyo ya go ruta le go batlisisa.

Ngaka Eloff a re YBB, ka e le e nngwe ya diyunibesiti tse dintshwa tsa mofuta o montshwa wa segompieno, e dirile popontshwa karolo e kgolo mme e ka bidiwa yunibesiti ya patlisiso ya 'boutique e e lebeletseng mefuta le mafelo a a farologaneng. Ka go dira jalo YBB e ka nna nna mampodi ka mo gae le ka mo lefatsheng ka mefuteng e mengwe ya patlisiso e e diriwang ke bone fela.

YBB jaanong jaana e na le dipatente di le 41 tse di dirang ka mo mafatsheng a a farologaneng jaaka kwa Brazil, Russia, India, China, Hong Kong le Australia.  Kwa USA, le le leng lefelo le go le thata go kwadisa dipatente le popo e e ntshwa, YBB jaanong jaana e itlotla ka dipatente tse thataro.

Ka 2006 YBB e amogetse madi a kana ka R1,4 mileone go tswa go dituelo tsa go tswa dipatenteng.


Go tswa mo molemeng ke Mokaedi wa DM Kisch, Mor Derek Momberg, Ngaka Ngoato Takalo, Motlatsaporinsipala wa YBB le Ngaka Theuns Eloff, Motlatsakhansele wa NWU.

