Senteramo ya Dikhonferense ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e fenya kabelo ya maemo.






Senteramo ya Dikhonferense ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e fenya kabelo ya maemo.

VANDERBIJLPARK  Senteramo ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e kgethilwe go nna e e mo gare ga tsa maemo a a kwa godimo a tse di mo tikologong ya Sedibeng.  Katlholo e e dirilwe ke Professional Management Review (PMR) Leaders and Achievers Awards.

Seneteramo e e amogetsweng ke YBB ngwaga e e fetileng e amogetse kabelo ya go bonwa e le ya maemo a PMR Diamond Arrow. Dikabelo di dirilwe morago ga thuno ya dikgwebo e e dirilweng ke setlhopha sa dikgwebo gammogo le batsayakarolo ba ba farologaneng ba mmuso wa selegae le ba dithulaganyo tsa porofense.

Senteramo ya dikhonferense e e neng e itsiwe pele e le Emfuleni Conference Centre, e rekilwe morago ga dikakanyo ka 2006 morago ga tiro ya go tendara e e nnileng katlego. Lefelo le dikago, badiri ba ruri, thoto yotlhe le letlotlo le dikhonteraka tsa jaanong di ne tsa amogelwa semmuso ka 3 Ferikgong 2006.

Go ya ka Mor. Bertie Visser, Mokaedimogolo wa tsa Madi le Dibebofatsi kwa khampaseng ya Vaal Triangle, senteramo ga se fela kgwebo e e bontshang khumo mme ke letlotlo le legolo la morafe otlhe. 

Dibebofatsi ka kwa senteramong ya dikhonferense e balela diholo tse tharo tse dikgolo tsa dibangkwete, diholo tse pedi tsa go dirisetswa sengwe le sengwe, dikamore tsa khonferense di le 10,  Kamore e le nngwe ya dikhonferense ya dikhudutamaga, resturanta le bara ya dijo tsa diatla, tshingwana ya mekete, khefi ya metshameko, dikamore tsa madulo a batho ba ba tsenang khonferense ba le 46, kamore ya sefitlholo le mabala a sekwahe a mane.

Diyuniti tse tharo tsa khampase ya Vaal Triangle tse e leng, Potchefstroom Business School, Skills Development Unit gammogo le Postgraduate Engineering Programme di setse di hudugetse kwa senteramong ya khonferense.

Badirimmogo le mebele ya baithuti ba ba batlang go dirisa dibebofatsi ba ka ikopantsha le Mariska Kritzinger kwa (016) 933 4771.




Setlhopha sa badirimmogo ba ba nang le boikarabelo jwa Senteramo ya Khonferense ya YBB go tloga mo molemeng ke Annalie Huxman, Motsamaisi wa Madi, Mariska Kritzinger, Motsamaisi wa Papatso, Bertie Visser,  Mokaedimogolo wa tsa Madi le Dibebofatsi, Pieter Streicher, Motsamaisi wa Tsamaiso le Jeanette Koekemoer, Motsamaisi wa ka gale.



Dibebofatsi dingwe kwa Senteramong ya Dikhonferense ya YBB kwa Vanderbiljpark.

