Bapatlisisi ba YBB ba mo kgasanong ya go fenya kabelo ya Descartes Patlisiso e e tlotlegang






Bapatlisisi ba YBB ba mo kgasanong ya go fenya kabelo ya Descartes Patlisiso e e tlotlegang

POTCHEFSTROOM  Setlhopha sa babatlisisi ba mo khampaseng ya Potchefstroom ba YBB, ba ba emelang Aferika Borwa ka mo setlhopeng sa High-Energy Stereoscopic System (HESS), ke bone fela ba mo Aferika Borwa ba ba nang le tshono ya go ka amogela kabelo ya patlisiso e e tlotlegang ya European Union Descartes Prize ya 2006.

Setlhopha se bopilwe ke babatlisisi go tswa kwa Jeremane, Fora, Repabopliki ya Czeche,U K, Polanta, Irelanta, Armenia le Aferika Borwa, ba ne ba biditswe maina ka mo setlhopeng sa patlisiso ya theo ya bosaense jwa porojeke ya HESS ya leina la A new glimpse at the highest-energy Universe.

HESS e na le ditelesekopo tse nne tsa lerang la gamma kwa Namibia tse mo ngwageng e e fetileng di dirileng dithibololo ka ga marang a gamma go tswa mo lefaufaung.

Go ya ka Moporof. Okkie de Jager wa YBB ene le setlhopha sa badirimmogo ba tlotlegile segolo go tsaya karolo mo setlhopheng se se maemo se.  Mme itse fela gore e ne e le tiro e kgolo e e thata go tlhomamisa gore boleng jwa HESS e tshegeditswe ga bua Moporof. De Jager gape.

O tlhalosa gore ka bone ba kgonne go tsamaya mo dikgatong tsa ba bagolo jaaka Galileo Galilei, ba kgonne go thibolola popego e e ntshwa ya ka mo dithutong tsa botelele jwa marang diweifi tsa mefutafuta.  "Se se raya gore re butse fensetere e e ntshwa ya lefaufau.

Setlhopha sa Potchefstroom ba dirisana mmogo gape ka lebelela lefaufau kwa Namibia, le go rarabolola le go itemogela data e e amegelwang le go gatisa diathikele ka ga dithibololo tse dintshwa tse di bonwang.

Kabelo ya Descartes mo go ba bantsi e bidiwa ke ba ba kwa European Union (EU) e le Nobel Prize ya ditlhopha tsa dithaba-thaba ba saense.

Bafenyi ba dikarolo di le tlhano ba ka bidiwa kwa Brussels ka 7 Mopitlwe mme ba ka kgaoganya madi a kabelo a di-EURO tse di melione.



Setlhopha sa babatlisisi ba khampase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima ba ba leng karolo ya setlhopha sa ditshabatshaba baba biditsweng go ka fenya kabelo ya Descartes.  Go tswa mo molemeng ke barena  Mathew Holleran, Christo Venter, Ngaka Ingo Bsching, Baporof. Christo Raubenheimer le Okkie de Jager. Yo a tsentsweng ke: Isak Davids.

